pego ya ba na le seabe 2017 - debswana-sp.cloudapp.netdebswana-sp.cloudapp.net/media/reports/pego ya...

78
Pego ya ba na le seabe 2017 Go etelela pele le go dira ka manontlhotlho

Upload: others

Post on 26-Sep-2019

1 views

Category:

Documents


0 download

TRANSCRIPT

Pego ya ba na le seabe 2017

Go etelela pele le go dira ka manontlhotlho

MEGALA:Dipotso ka pego e di ka lebaganngwa le Mrs Boikhutso Malela ko [email protected] kgotsa leletsa mogala wa +267 364 4303.

DITENG

PEGO KA MODULASETILO WA KHUDUTHAMAGA YA DEBSWANA 6

PEGO YA MOOKAMEDI WA DEBSWANA (MANAGING DIRECTOR) 8

KA PEGO YE 10

KOMPONE YA RONA 10

TATELANO YA TIRO YA GO EPA TEEMANE 12

TSAMAISO MO KOMPONENG YA RONA 14

DIPALO TSA NGWAGA WA 2017 4

PABALELO YA DITSATLHOLEGO 17

TATELANO YA TIRO YA GO EPA TEEMANE 23

PABALELO YA DITSATLHOLEGO 27

BABEREKI BA RONA 33

GO IKOPANYA LE BA NA LE SEABE 39

SETSHABA SE SE MO TIKOLOGONG YA MEEPO 45

TIKOLOGO YA RONA YA TLHOLEGO 63

MAFOKO A A KHUTSWAFADITSWENG

70

GRI CONTEXT INDEX 71

1

DIKANO TSA RONA TSE RE DI TSHEGETSANG

NNA LE LERATO LE MAATLAMETLO

Re tla rata thata le go itumedisiwa ke se re ntshang, se re se

rekisang, dikgwetlho tse re lebaganang le tsone le ditshono tse re dirang gore di nne

teng.

Dintlefatso Gabana

EMPLOYEE ASSISTANCE PROGRAM COORDINATOR

“Ke makgetho a le mmalwa ke kopiwa go etelela

pele kgotsa go tsamaisa bokopano ko Debswana

Corporate Center; ga nke ke gana thomo, lerato la se ke se dirang ga le ka ke la ntetla go dira jalo.

Fa rotlhe re ne re ka nna le lerato leo le le tukang, maatla a a tseneletseng

le mowa wa go sa ineela, bontsi jwa ditoro tsa

rona di ne di ka fetoga boammaaruri.”

Ramasu Keolebogile

MIANTENANCE ARTISAN FITTER

“Letsatsi le letsatsi pele fa ke dira tiro epe fela, ke nna fa fatshe le ba tsaya karolo ba bangwe a bo re buisana ka tiro e re tshwanetseng

go e dira gore re fitlhelele mowa wa tirisano mmogo, mme mo go dira gore re tshwaragane, re nne le

dikeletso le maikaeletso a a tshwanang, mme segolo bogolo se se botlhokwa e le go netefatsa gore tiro e a dirwa, ka pabalesego le

katlego.”

Kelapile Maruping

STOCK TAKER

“Tsetlana e ke e ratang thata ke ya go “aga

tshepho” ka gore tsetlana e e ntsentse mowa

wa boikarabelo le go ntlhotloetsa go batla maduo a a botoka ka

dinako tsotlhe fa ke dira tiro ya me. Sekai, ke motho yo o thusang batho, ka jalo maikaelelo a me ke go ba itumedisa, mme ke tshela

tsetlana ka go fa batho thuso e ba e tlhokang ka

nako le ka manontlhotlho a a tlhokegang.”

Shirto Faith

TEACHER - GRADE 1

“Dumelang basimane le basetsana’…a ke mafoko a ke neng ka a bua moso le moso mo dingwageng tse supa tse di fetileng,

ke a raya bana ba sekole ba ke neng ke ba ruta ko

sekoleng sa Acacia School. Bana ba ke bokamoso jwa rona, mme ba tshwanetse go tlhokomelwa gore ba kgone go atlega, ka gore boammaruri ke gore ke

bone baeledipele ba rona ba ka moso.”

Itumeleng Pitsonyane

TEACHER - GRADE 1

“Jaaka morutabana yo o matlhagatlhaga, e bile a rata go ntsha maduo a

mantle, ke tshela tsetlana ya “aga bokamoso.” Ke supile se ka go

“itlhotloetsa go dira go feta selekanyetso” le go bereka

ke sa ipone tsapa le mo malatsing a mafelo-beke le ka malatsi a boikhutso go

thusa bana ba ke ba rutang go fitlhelela bokgoni jwa

bone.”

IKOPOANYENG LE DIRISANE MMOGO

Fa re kopanetse tiro re le maikutlo mangwe, rona ka

methale ya rona le ka dikitso tsa rona tse di farologanyeng re tla felela re le motswedi

wa thata e e iseng ke e bonwe.

AGA TSHEPO

Re tla reetsa ka tsebe tsoo pedi, morago

ga moo re diragatse ka thokgamo gore

tirisanyo mmogo ya rona e tswelele pele.

A RE SUPE GORE RE A KGATHALA

Re kgathalela batho ba re amang matshelo a bone

ebile re kgathalela go agisana ga bone. Re kgathalela tikologo e re e tlhakanetseng le bone ga mmogo

le bomorafe jwa bone. Re tla seka-seka

ditiro tsa rona ka nako tsotlhe gore maduo a tsone mo

matshelong a batho mo lefatsheng a

nitame, a itshwarelele, re ipele ka one.

BOPA BOKAMOSO

Re kgathalela batho ba re amang matshelo

a bone. Re tla a diragatsa tiro ya rona ka mekgwa e mesha.

Re tla ipha ditema tse di bokete. Re tla tsaya

dikgato tse di thata re itse sentle gore re ka nna ra relela. Re tla gatelela thata mo

go diragatseng tiro ka natla le botswerere, mme le rona re tla a leboga badiragatsi ba tiro ka botlalo jo bo

ba tshwanetseng.

2

GO DIRA SE SE SIAMENG KA DINAKO TSOTLHE

MELAWANA YA BOITSHWARO LE BOITSHOLO JO BONTLE JWA GO DIRA KGWEBO

MELAWANA YA BOITSHWARO Kompone ya Debswana e itlamile go nna le boiteledipele jo bo nang le seriti, e le tsetlana ya botlhokwa. Ka ngwaga wa 2017, melawana ya boitshwaro jwa mo tirong e ne ya sekasekiwa e bo e fiwa babereki le boradikompone ba ba dirisanyang le kompone. Tiro e e ne e akaretsa go ruta babereki le boradikonteraka sesha ka melawana e. Se se ne sa salwa morago ke gore babereki ba ba mo maemong a a ko godimo, le ba ba berekang ditiro tsa theko-le thekiso mo Komponeng ba tlamege go bua a papametse gore ba gweba ba gweba jang le Kompone ya Debswana. Melawana e ya boitshwaro mo tirong e dirilwe ka tsela e e leng gore e akaretsa dielo tsotlhe tsa De beers le Anglo American Business tse e leng gore di ka diragadiwa mo Debswana. Melawana e mengwe e e botlhokwa e tshwana le Molawana wa Dimpho, wa Itloso Bodutu le Botsalano, wa Kgotlhang ya Kikeletso le wa Go reka dithoto, e ne ya sekasekwa mme babereki le bo radikonteraka ba ne ba e begelwa gape.

Thuthuntso e ne ya dirwa ka bophara mo komponeng mo ngwageng wa 2017 mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro (6) mme e ne ya akaretsa babereki ba maemo otlhe ka go farologana ga one. Thuto e e ne ya atlolosiwa ka go baya ditshwantsho fa batho ba ka di bonang teng motlhofo le mo maranyaneng a babereki ba kwalelang melaetsa ya tiro mo go one (Intranet). Melawana e e ne ya tsenngwa gape mo maranyaneng a internent (website) a Debswana gore batho ba ba ko ntle le bone ba kgone go e ipalela.

Dintlha tsa botlhokwa tse di mo melawaneng o ke tse di latelang: • Botsogo, ipabalelo le tikologo• Go tsaya babereki le ba ba dirisanang le Kompone ka

tsa kgwebo sentle• Botsalano le setshaba/batho• Go tsaya karolo mo sepolotiking ga babereki• Pipamolomo• Dimpho, tsa itloso bodutu le tlhokomelo ya batho• Kgotlhang fa gare ga motho le dikeletso tsa gagwe• Go dira le barekisi ba dithoto tse di tlhokwang ke kom-

pone, ba tsaya karolo mo komponeng le Goromente• Go gweba ka madi mo go seng ka fa molaong (money

laundering)• Go sireletsa diteemane le dithoto tsa kompone• Go bua le babegadikgang• Mogala o o dirisiwang go bega maitsholo a mantle

MOGALA WA GO BEGA MAITSHOLO A A SENG MANTLEMogala wa Debswana o o dirisiwang go loma tsebe o tsa-maisiwa ke ba Deloitte Tip-offs Anonymous mme o ntse e le mo tirisong go simolola ka ngwaga wa 2007. Metlhale ee farologaneng ya go loma tsebe ke go dirisa mogala (ethics hotline), go kwala lekwalo mo go tsa maranyane (email) kgotsa go tsena ko diofising o begaka namana. Mo ding-wageng tse di fetileng, kompone ya Debswana e lemogile gore batho ba rata go begaka namana go na le go dirisa mogala, mme se sesupa tshepho mo tsamaisong e. Megala e go begiwang ko go yone

Megala e go begiwang ko go yone Wa Office: 0800600644 | Orange: 1144 | mascom: 71119721 | Email:[email protected]

3

2017 KA DIPALO

SESUPO

2016Palo e e supang gore dikgobalo di diragala

kgapetsakgapetsa go le kae (Total Recordable Injury Frequency Rate

(TRIFR))

Palo yotlhe ya babereki ba Debswana

Selekanyo sa diteemane tse di

epilweng (000)

Palo go tswa mo lekgolong ya babereki ba

Debswana ba bomme

Bolwetse jwa HIV/AIDS le palo

ya dintsho

Netefatso ya go tshwarelela sebaka se se

leejana

Ditone tse di tlhatswitsweng

(000)

0.3%

21%

18,581

5,421

20,501

0.22

2017

0.17

21%

0.3%

22,854

22,660

5,439

Meepo yotlhe e ne ya tshegetsa seelo sa ISO 14000:2004 le OHSAS

18001:2007 ka ngwaga wa 2017. Maduo otlhe ka tshoboko ya nna

3. 91, go feta seelo sa 3.5.

Meepo yotlhe e ne ya tshegetsa seelo sa ISO 14000:2004 le OHSAS 18001:2007 mo ngwageng wa 2016. Ka gotlhe ba gorogile ko maduong

a 3.32, go feta seelo sa 3.

2015

0.8%

21%

20,523

5,432

20,368

0.38

Meepo yotlhe e ne ya tshegetsa seelo sa yone sa

ISO 14000:2004 le OHSAS 18001:2007 ka ngwaga wa

2015.

4

SESUPO

2016Palo e e supang gore dikgobalo di diragala

kgapetsakgapetsa go le kae (Total Recordable Injury Frequency Rate

(TRIFR))

Palo yotlhe ya babereki ba Debswana

Selekanyo sa diteemane tse di

epilweng (000)

Palo go tswa mo lekgolong ya babereki ba

Debswana ba bomme

Bolwetse jwa HIV/AIDS le palo

ya dintsho

Netefatso ya go tshwarelela sebaka se se

leejana

Ditone tse di tlhatswitsweng

(000)

0.3%

21%

18,581

5,421

20,501

0.22

2017

0.17

21%

0.3%

22,854

22,660

5,439

Meepo yotlhe e ne ya tshegetsa seelo sa ISO 14000:2004 le OHSAS

18001:2007 ka ngwaga wa 2017. Maduo otlhe ka tshoboko ya nna

3. 91, go feta seelo sa 3.5.

Meepo yotlhe e ne ya tshegetsa seelo sa ISO 14000:2004 le OHSAS 18001:2007 mo ngwageng wa 2016. Ka gotlhe ba gorogile ko maduong

a 3.32, go feta seelo sa 3.

2015

0.8%

21%

20,523

5,432

20,368

0.38

Meepo yotlhe e ne ya tshegetsa seelo sa yone sa

ISO 14000:2004 le OHSAS 18001:2007 ka ngwaga wa

2015.

SESUPO

2016Dipalo tsa batho ba ba

dirisitseng dipatela tsa moepo

Tiriso ya metsi (mo ditirong tsa go epa) Water Consumption (Mining Operations)

(sedikadike m3)

Madi a a dirisitsweng mo

thekong; Dikompone tsa

beng gae

Loss of Life Incidents

Madi a a dirisitsweng ke kompone go thusa setshaba (sedikadike

sa dipula)

Tiriso ya kgotetso (mo ditirong tsa

moepo) GWh

Palo ya babereki ba ba ikwadisitseng mo mananeong a

tsa mogare wa HIV 806

17.8

1

29%

18.48%

439.22

2017

10.6

823

0

26%

17.41%

476.48

161,90184,000

2015

845

15.0

0

18%

23.04%

445.35

70,863

Community Members who made use of the Mine Hospital: *2015- Employees and Spouses only | *2016 – Employees and Spouses only | *2017 – Employees, Spouses and Zone of Influence (ZoI) Communities

5

PEGO KA MODULASETILO WA KHUDUTHAMAGA YA DEBSWANARRE CARTER MORUPISI

2017: E nnile ngwaga o mongwe o montle mo komponeng ya Debswana.

Mo boemong jwa khuduthamaga ya Debswana, ke rata go simolola ka go leboga babereki ba Debswana go bo ba dirile ka botswapelo mo ngwageng wa 2017. Ke ka ntlha ya maiteko a bone gore a bo re nnile le ngwaga o o atlegileng mo Komponeng ya rona. Re nnile le maduo a mantle ka re kgonne go ntsha diteemane, mme e bile re dira jalo ka pabalesego.

6

SE SE BOTLHOKWA MO KATLEGONG YA DEBSWANA E NNILE TSAMAISO E E LOLAMENG, MAITSHOLO A A LETLELESEGANG, MADUO A A KA LATEDISIWANG A BO A TLHALOSEGA.

Ditsetlana tse re di tshegetsang, tse re bonang di le tlhwatlhwa kgolo (our values) ke pinagare ya kompone ya Debswana. Ka fa re tshelang ditsetlana tse ka teng, le maitsholo a rona go botlhokwa go menagane; go dira se se molemo ke konokono mo bathong ba rona le mo kgwebong ya rona. Re na le melawana le ditsamaiso tse di nitlameng tse di re thusang go rurifatsa gore boitsholo jo bo siameng mo go tsa kgwebo bo jweleletse gongwe le gongwe mo komponeng. Se ke sone sephiri sa rona sa katlego.

Ka ntlha ya maiteko a, mo ngwageng wa 2017, go nnile le tlhatlogo ya ditlhwatlhwa, bonatla mo tirong bo oketsegile le kepo ya diteemane e tsholetsegile. Jaaka re solofetse gore mo ngwageng wa 2018 diteemane di tla rekwa thata go na le mo ngwageng wa 2017, re tshwanetse ra tswelela ka go diragatsa ditsetlana tsa go ela tlhoko tsa ipabalelo, go fokotsa thata ditshenyegelo tsa madi, le go ntsha diteemane ka bokete jo bo tlaa boelang ba na le seabe ba rona botlhe.

E re ntswa re dira sentle mo go tsa itshireletso, re sa ntse re na le leeto le le leejana go fitlhelela seelo se se eletsegang se re se ipeetseng. Ke na le tshepho e e tletseng ya gore re tla goroga ko seelong seo sa gore go seka ga nna le ope yo o gobalang ka tsela epe (ZERO HARM), le leitlho la Kompone (board) le tla tswelela ka go ema nokeng maikano a a tshireletsego.

Fa re lebela ko pele, tshireletsego ke tshetlana e re e tshegetsang e bile ke konokono mo setlhopheng sa rona (Group of Companies); ke ntlha e go buiwang pele ka yone mo diphuthegong tsa leitlho la kompone (board meeting). Se se gateletse maikemisetso a rona a go netefatsa gore babereki ba rona ba tshegetsa tshetlana e ya go tlhoka dikgobalo (ZERO HARM).

Re bone maduo a 0.17 a dikgobalo tse di kwadisitsweng (Total Recordable Injury Frequency Rate) fa a tshwantshanngwa le 0.22 mo ngwageng wa 2016, a supa gore go na le kgatelopele go fitlhelela maikaelelo a.

Ko bofelong, maduo a rona a ngwaga wa 2017 mo ditirelong tsotlhe tsa Debswana a supa nonofo le bokgoni jwa go semelela mo seemong se se thata ga kompone ya rona. Fa re lebeletse seemo se se sa iketlang se se thata, e bile se sa tlhalosege sa lefatshe le re tshelang mo go lone, le dikgatelelo tsotlhe tsa dikgwebo, ke maiphitlhelo a magolo thata gore Debswana e ne ya tswelela ka go tsabakela, e eteletse pele dikompone tse dingwe.

DIPHETOGO TSA LEITLHO LA KOMPONE: Go nnile le diphetogo di le mmalwa mo leitlhong la Debswana mo tsamaong ya ngwaga. Ke rata go leboga go menagane maloko a le mararo a a tlogelang leitlho la kompone e leng– Arthur Paul Hewett, Athalia Lesiba Molokomme le Kgomotso Abi – ke ba lebogela dingwaga tse dintsi tse ba di tsereng ba direla kompone; ke ba lebogela le seabe sa bone.

Ke ka boitumelo jo bogolo go le itsise ka go tlhophiwa ga ga Mme Malebogo Itumeleng Mpugwa, Burger Greeff, Moses Dinekere Pelaelo, Dr. Obolokile Obakeng le Abraham Keetshabe – botlhe ke baeteledipele ba ba nonofileng ba ba tlang ka maitemogelo a magolo le mashetla mo maemong a bone a boloko jwa khuduthamaga e.

7

PEGO KA MOOKAMEDI WA DEBSWANA RRE BALISI BONYONGO2017 e ne e le ngwaga wa go etelela pele le go itlhaola mo go ba bangwe ka maduo a mantle mo Komponeng ya Debswana, mme e bile ke itumelela go le begela gore e tshegeditse serodumo sa yone sa go dira bontle mo ngwageng wa 2017. Kompone e ne ya tswelela ka go ntshetsa ba na le seabe maduo a a molemo ka go tswelela e ntsha maduo mo ngwageng o re buang ka one wa 2017. Mo ngwageng wa 2017, re ne ra kgona go tlhabolola seelo sa rona sa pabalesego mo moepong. Ka maswabi, re nnile le ba ba golafetseng. Morago ga seo re ne ra gagamatsa maiteko a rona mo go eteleleng pele tsa pabalesego le gone go ruta batho go ipabalela, Se e leng konokono ya se Kompone yotlhe ya De Beers e ikaegileng ka sone, e bile e se tshegetsa.

E re ntswa go na le tiro e ntsi e santseng e tlhokwa go dirwa, ke itumelela tsotlhe tse re di kgonneng mo ngwageng wa 2017. Ditshenyegelo di wetse tlase, go ntsha maduo le bonatla di oketsegile, mme ebile kepo ya rona ya teemane e tsholetsegile. Fa gare ga dikgwetlho tse re neng re di raletse, re kgonne go tshegetsa mokgwa wa rona wa go baya batho le pabalesego pele, re itebagantse le go tlhabolola bofefo jo re dirang ka jone le go thusa ba re tshelang le bone mo setshabeng.

DIKGANG TSA ITSHOLELO, TIKOLOGO LE BATHO BA RE TSHELANG LE BONE DI BOTLHOKWA GO LE KAE MO KGWEBONG YA RONA?

“Karabo e motlhofo fela thata. Akanya ka bomme ba batlhano ba le mo lefelong le go nowang kofi ko go lone mo mmileng wa 5th Avenue ko toropong ya New York, ba buisana ka mosola wa go reka diteemane tsa boammaaruri, tse di itiretsweng le mofuta o mongwe wa diteemane tse dikhibitswana. Fa e le gore mo puisanyong e ya bone, sengwe se ka supega mo segwaneng sa ditshwantsho se se mo shopong golo gongwe fale, se bua ka gore setshaba se se nnang mo lefelong lengwe le meepo ya rona e fitlhelwang ko go yone se shakgetse, e bile ga se itumedisiwe ke ka fa re dirang kgwebo ya rona ka teng, selo seo se ya go ama jang tshwetso ya bone ya go batla go reka diteemane; e ka tswa e le tsa mmatota tse di epiwang kgotsa tse di itiretsweng? Ka jalo, go tsamaisa kgwebo ya rona re dirisanya le setshaba, re etse tlhoko tikologo, ke selo se botlhokwa mo kgwebong ya rona. Ke mmangmang ka gore se amana le sengwe le sengwe se re se dirang,” go bua Rre Balisi Bonyongo

8

MAITLAMO A RONA A TSA PABALESEGOBoeteledipele jwa Kompone bo supile gore Pabalesego le Botsogo jwa mmereki mongwe le mongwe di botlhokwa; ke tsetlana e e logetsweng mo mokgweng o re dirang tiro ya rona ka one, le ka fa re tshelang matshelo a rona ka teng. Mogopolo o o ne wa amogelwa ka ngwaga wa 2017 mme o ne wa tsala tsetlana e nngwe e e reng “baya pabalesego ko pele.” Tsetlana e e tla begwa semmuso ka ngwaga wa 2018.

Kompone ya Debswana e kgathala thata ka botsogo le pabalesego ya babereki ba yone, le boradikonteraka ba e dirisanyang le yone. E supa seo ka Maitlamo a go leka go thibela dikgobalo mo tirong (Zero Harm). Go fitlhelela seelo se, go itumedisa thata go bega gore mo ngwageng wa 2017 dikgobalo tsotlhe tse di gatisitsweng (TRFI) tsa palo ya 0.17 fa di tshwantshanngwa le seelo sa 0.25; ke maduo a mantle thata fa go tshwantshanngwa le a a kileng a gatisiwa mo ditsong tsa kompone e ya Debswana.

E re ntswa dipalo tsa dikgobalo di supa maduo a mantle mabapi le tsa pabalesego, re itlamile go tshegetsa mananeo a bapalesego, go netefatsa gore mongwe le mongwe o re dirang le ene o boela ko lapeng a babalesegile, letsatsi le letsatsi. Mo ngwageng wa 2018, re tla tswelelela ka go supa kelelelo mo go tsa ipabalelo, le go rurifatsa gore re diragatsa sentle molawana o mosha wa tikologo wa ISO 14001:2015 mo mafelong otlhe a re direlang mo go one.

DEBSWANA WA GOMPIENO LE WA KA MOSO Ka dinako tsotlhe re tla batla metlhale e ka yone re tla tlhabololang se re se dirang, go sa kgathalesege gore re direla mo seemong se se sa iketlang, se motho a ka sekeng a itse gore isago e mo tsholetse eng. Go kgona go emelana le dikgwetlho tse re kopanang natso mo nakong ya gompieno, re tshwanetse ra akanyetsa ko pele. Bokgoni jwa go ithulaganya ga kompone ya Debswana, le go baakanyetsa nako e e tlang ke tsone tse re di dirang gore re nne pharologanyo mo go ba re gaisanyang le bone.

Ka ngwaga wa 2017 re ne ra tsholetsa seelo sa diteemane tse re di ntshang ko moepong wa Orapa, re ne gape ra simolola tiro ko moepong wa Damtshaa,

a bo re tsweledisa patlisiso ka lenaneo la rona la Cut 3, le gone go neela ba Letlhakane Tailings Plant (LTP) tiro. Ba LTP ba solofetswe gore ba fitlhelele seelo sa diteemane tse di batliwang ka ngwaga wa 2018, mme e bile se se botlhokwa go thusa moepo wa Letlhakane gore o kgone go tshela dingwaga tse di latelang tse di masome mabedi.

Go netefatsa gore kgwebo ya rona e a tswelela, re ne ra bona go tshwanela gore re atolose mananeo a rona a Cut 8 le Cut 9, ko moepong wa Jwaneng. Ka ngwaga wa 2018, lenaneo la Cut 8 le tla tswelela, mme e bile botlhokwa jwa seo ke gore di tle di godise kepo ya diteemane, a bo di nna tsone tse ditona mo go tsone tsotlhe go fitlha ka ngwaga wa 20130.

GO THUSA SETSHABA SA RONA Kompone ya Debswana e direla mo mafelong a a farologanyeng, mme ka dinako tsotlhe e leka jalo gore ba nne le seabe, go fokotsa dikgwetlho tsa matshelo a batho mo gae le go tlhabolola matshelo a bone. Re dira se ka thulaganyo ya lenaneo la Social Way framework. Lenaneo le ke le re le dirisang go netefatsa gore Debswana e na le thulaganyo e ka yone e fokotsang manokonoko a botshelo, e bo e oketsa letseno le le ka solofelang sechaba molemo.

Ka 2017, mo tlhatlhobong e e dirilweng ka Ngwanatsele ke ba Anglo American Social Way, kompone ya Debswana e ne ya fiwa matshwao a 3.91, mme se se raya gore ba fetile seelo se se beilweng sa 3.0 le 3.5. Se ke kgolo go tswa mo matshwaong a 3.32 a e neng e a bone ka ngwaga wa 2016. Go gola mo go supa maikemisetso a kompone ya Debswana mo godiseng le go tlhabolola matshelo a batho ba ba nnang mo tikologong e go nang le meepo ya yone.

KA FA DEBSWANA E LEBANG GO BEGA KA TENG Ke itumelela go supa kgatiso ya rona ya ntlha ya pego e e isiwang ko go ba na le seabe e e leng gore e sala morago ditsetlana tsa Global Reporting Initiative (GRI) le Sustainability Reporting Standards. Seelo sa GRI se supa gore go bega ka tsa itsholelo, tsa tikologo le tse di amang batho go tshwanetse ga dirwa ka tsela e e ntseng jang.

Re go lebogela go tsaya sebaka go bala pego ya rona.

9

KA PEGO ESe ke pego ya ntlha ya Kompone ya Debswana ya ngwaga le ngwaga, go ya ko ba ba nang le seabe (RTS) e e golagantsweng le motlhale wa mafatshefatshe a go bega (GRI) Sustainability Reporting Standards. Pego e e rulagantswe go setswe morago ditsetlana tsa GRI. Pego e e agetswe mo go ya ngwaga wa 2016; mme e bua ka tiro e e dirilweng go simolola ka Ferikgong a tlhola letsatsi go ema ka Sedimonthole ngwaga wa 2017.

Ka gore Debswana ke kompone e e seng ya puso, ga e gatise dipego tsa yone tsa madi. Pego e e felela fa go reng Kompone e dira jang, le ditiro tse e di dirileng tse di tlhalositsweng ka botlalo ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Kompone ya Rona’. Go ne go sa tlhokege go kwala gape se se neng se kwadilwe mo pegong ya pele. Mafoko a mangwe mo pegong e a ne a tsenngwa mo pegong e e atolositsweng go ya ko go ba Anglo American. Debswana e ikaelela go nna le pego e e lolameng e e amanang le botshelo jwa meepo.

KOMPONE YA RONA Debswana Diamond Company (Pty) Limited ke tshwaragano ya sephatlo mo lekgolong (50/50%) magareng ga Puso ya lefatshe la Botswana le ba De Beers Group of Companies.

Debswana ke Kompone e e di fetang tsotlhe mo lefatsheng ka go ntsha diteemane tsa boleng jo bo ko godimo, le go thapa bodiredi ka dipalo tse di ntsi mo Botswana, ka palo e e fetang dikete tse tlhano (5000) le boradikonteraka ba le dikete tse thataro (6000). Kompone e e ntshitse diteemane tsa bokete jo bo ka tshwarang didikadike tse di masomemabedi le bobedi, le dikete tse supa (22.7 million carats) mme e bone koketsega ya 11% go tswa mo dipalong tsa 20.5 million carats ka ngwaga wa 2016.

Debswana e tsamaisa meepo e le mene (4); ko Jwaneng, Orapa, Letlhakane le Damtshaa. Meepo e meraro ya bofelo e bidiwa ka leina-khutswe OLDM. Diofisi tse ditona tsa kompone di ko Gaborone. Mo godimo ga moo, Debswana e na le kompone ya insurance e e

10

leng ya yone e e bidiwang Sesiro Insurance Company (Pty). Diteemane tsotlhe tse di tswang ko Debswana di rekisediwa ba De beers le ba Okavango Diamond Company.

Debswana e ne ya atla ditsamaiso tsa Towards Sustainable Mining (TSM) ka ngwaga wa 2012. Ditsamaiso tse tsa TSM ke thulaganyo e e dirilweng ke ba mokgatlho wa meepo ya lefatshe la Canada (Mining Association of Canada) go supa gore madirelo a a meepo a itlamile go dira tiro eo ka boikarabelo jo bo lemosegang, e bile e tshephega. Ke ditsetlana le dikai tse di diretsweng go ntsha maduo le go rurifatsa gore diphatsa tse di ka amang tikologo, pabalesego le setshaba di elwa tlhoko, ebile go na le boikarabelo.

Debswana gape e gatelela ditsetlana tsa mafatshefatshe tsa go ntsha maduo a a siameng (International Finance Corporation) malebang

le dikgang tsa tikologo le sepe se se ka amang batho se se diphatsa. E diragatsa ditsetlana tse fa go kgonagalang teng mo lefatsheng la rona. Re ema nokeng megopolo ya ba Equator e e buang ka go beeletsa mo go nang le boikarabelo, ga mmogo le tsamaiso ya Kimberly Process e e itebagantseng le go emisa go anama ga diteemane tsa ntwa, ga mmogo le thulaganyo ya Amerika e e bidiwang Anglo American’s Social Way.

Debswana ke leloko la, e bile e ema nokeng madirelo a a farologaneng le makgotla a a mo lefatsheng a a akaretsang;Business Botswana, Kalahari Conservation Society, International Council on Mining and Metalsle ba Responsible Jewellery Council. Debswana e diragatsa tsetlana ya go ela tlhoko, ka go dira patlisiso go itse gore ditiro dipe fela tse disha kana tse e di tsweledisang di ka ama jang tikologo le batho ka kakaretso.

11

TATELANO YA TIRO YA GO EPA TEEMANE Tiro ya go epa teemane e na le dintlha tse di tsenyang boleng mo go yone teemane, go simolola fela ka kepo ya yone go tsena ko go e rekiseng. Fa teemane e tsamaya mo kgatong nngwe le nngwe, go na le boleng bongwe jo bo tsenang mo go yone.

Go epa le go thuntsha go direlwa go thuba matlapa a le mantsi, le go thusa go a pega mo diterakeng e le ditswammung tsa tlhwatlhwa le mantswe a mangwe a a sa dirisiweng. Majwe a a nang le diteemane mo teng le a mangwe a a tsileng go latlhiwa a pegiwa mo diterakeng tse ditonatona ka digarawe tse ditona (shovels, a bo a isiwa ko a yang go thujwa teng e le lantlha, le ko go latlhelwang matlakala teng, ka tatelano jalo (primary crusher and waste dumps).

Go thuba, go gotlha le go boa go thujwa gape ke thulaganyo e e dirisiwang go kgaoganya leje, go ntsha diteemane mo go lone le go fokotsa botona jwa majwe go a tlisa mo selekanyong se se rileng.

Lefoko le la Comminution le le rayang ‘go thubaka go dira ditokitoki’ le tswa mo puong ya Selatini, mo lefokong commitus, le le rayang go fokotsa. Mo puong ya go epa ditswammung, lefoko comminute le raya go fokotsa lejwe go dira gore e nne majwana a manyennyane.

Diteemane di bokete go na le mantswe a di fitlhelwang mo go one. Fa mantswe a a sena go thujwa go tla mo selekanyong se se rileng, a tlhakanngwa le motswako wa ferrosilicon le metsi; mme go dira jaana ka puo ya seeng go bidiwa Dense Media Separation (DMS); ke gore go kgaonaya mantswe ka bokete jwa one. Diteemane tse di boketejana di a nwela mo motswakong o, mme majwenyana a a motlhotshwana a kokobala fa godimo. Motswakonyana o o nang le diteemane one o ya ko tlase, mme o isiwa ko polanteng go ya go letla. Maje a a kokobalang fa godimo a isiwa ko polanteng e nngwe go ya go thujwa gape.

1. KEPO YA TEEMANE 3. GO LEMOGA DITEEMANE

2. GO THUBA MAJWE GAPE GO A FOKOTSA

BOTONA

12

Diteemane di na le ka fa di ntseng ka teng, mme gore di ntshiwe mo mantsweng go na le metswako mengwe e e dirisiwang go dira jalo. Fa di fetisiwa ka fa tlase ga marang a x-ray, di a galalela. Ga di tshwane metsi mme di matarelwa ke mafura kgotsa kirisi (grease). Fa motswako o o tlhakanngwa o bo o fetisiwa fa lebanteng le le nang le kirisi, diteemane di kgomarela mo kirising e. Fa di bonesiwa ka lesedi la laser, go na le ka fa diteemane di lemosegang ka teng mo go pharologanyo.

Masalela a a setseng a latlhelwa ko thotobolong e go latlhelwang matlakala kgotsa masalela ko go yone (mineral residue dumps).

Go kgaoganya diteemane ka tlhwatlhwa ya tsone, go di phephafatsa, go di paka le go di kala ke tiro e e diragalang ko ofising e e bidiwang gotwe Fully Integrated Sorthouse (FISH), e e leng bontlha bongwe jwa lefelo le le nang le tanka ya metsi. Ko ofising e ya FISH go na le tshireletsego e e ko godimo go babalela diteemane tse, mme e bile go dirisiwa maranyane a laser go farologanya le go tlhaola diteemane tse. Diteemane tse tsa Debswana di boa di kgaoganngwa a bo di fiwa boleng le tlhwatlhwa e e rileng ke ba Diamond Trading Company Botswana (DTCB) ko Gaborone. Di tlhaolwa pele ko Gaborone pele fa di ya go rekisiwa ke ba De Beers le ba Okavango Diamond Company. Morago ga moo, diteemane tse di sa rethefadiwang di felela di isiswa ko di yang go segwa teng a bo di rethefadiwa, di bo di rekisediwa ba ba gwebang ka mekgabo ya diteemane, segolo bogolo dipalamenwana, manyena le tse di rwalwang mo melaleng.

5. GO KGAOGANYA DITEEMANE KA

TLHWATLHWA YA TSONE LE THEKISO

4. GO NTSHA TEEMANE

6. GO LATLHIWA GA MAJE A A SA

DIRISIWENG

13

TSAMAISOKompone ya rona e tsamaisiwa ke khuduthamaga kgotsa leitlho la Kompone le le nang le maloko a le lesome le bobedi (12). Mo ngwageng wa 2017, maloko a le mararo (3) a khuduthamaga a ne a wetsa sebaka sa bone sa go e dire-la, mme ga tlhophiwa maloko a masha a le matlhano (5). Khuduthamaga e ke yone e e rweleng boikarabelo jwa ditiro tsotlhe tsa Kompone, mme e bile e inaakantse le tsotlhe tsa Kompone tse di sa neelwang dikomiti kgotsa bogogi, e bo e lebelela gape tiriso ya ditsompelo go fitlhelela maikaelelo a Kompone.

Leitlho le la kompone, e leng khuduthamaga le kopana gane (4) mo ngwageng, mme e thusiwa go kgona maikarabelo a yone ke maloko a le mane (4) go tswa mo dikomiting tse di farologaneng tsa khuduthamaga.

KOMITI YA TLHATLHOBO Komiti ya tlhatlhobo ke karolo nngwe ya khuduthamaga e e tsenyang leitlho le go laola, mme ko ntle ga mookamedi yo e leng leloko la sennela ruri, komiti e e na le bagolwane ba ba senang maemo a a ko godimo mo komponeng. Komiti e e kopana gararo (3) mo ngwageng go dupa gore dipego tsa madi tse di begelwang ba na le seabe di boammaaruri, go ela tlhoko ditsamaiso tsa mo teng ga kompone, le dipego ka tsa madi; le go dira gore dipuisanyo magareng ga leitlho la kompone, badupi ba ba tswang ko ntle le ba ba mo Komponeng di nne teng.

KOMITI YA DITUELO LE TSA KHIROTiro e tona ya komiti ya dituelo le tsa khiro (Remco) ke go tla ka megopolo mabapi le tsa dikatso, meputso le seelo sa go ntsha maduo a mantle ga bagolwane ba maemo a a ko godimo, le go buisana ka madi a bagolwane ba maemo a a ko godimo. Mo godimo ga moo, tiro ya Remco ke go sekaseka le go ntsha megopolo e e ka lejwalejwang ke leitlho la kompone, tlhatlhologanyo maemo le go duelela dikatso dipe fela le manaeo a a fang monyetla mo tirong.

KOMITI YA TSA BOITSEANAPE Komiti ya tsa boitseanape thatathata e lebeletse magareng ga tse dingwe, dikgang tsa boitseanape le kitso, maneo a kepo le megopolo, tiriso ya madi, le kabo madi a Kompone, mo godimo ga go rurifaletsa khuduthamaga gore sengwe le sengwe se tsamaya sentle, le go fetisetsa ko leitlhong le la Kompone megopolo e ba ka e sekasekang.

KOMITI E E ELANG TLHOKO GORE MOEPO O TSWELELA KA GO DIRA Komiti e, e e rurifatsang gore moepo o tswelela ka go dira ka lebaka le le leejana, e ela tlhoko e bo e kanoka ditsetlana tsotlhe tse di maleba le ditirelo tse di ka thusang gore moepo o tswelele dikgang go thusa botlhe ka tsa, ipabalesego, tikologo le botsogo jwa mo tirong. Komiti e e a kanoka e bo e rurifatsa tswelelo pele, le gone go abelana megopolo le khuduthamaga ya batsamaisi ka dikgang tsa go tswelela sentle ga moepo le mananeo a CSI.

14

GO SALA MORAGO MOLAO Kompone ya Debswana e itlamile go dira kgwebo ya yone e setse molao morago, le go ela tlhoko melawana ya setho fela ka kakaretso. Ka gore Debswana e dumela gore go dira jalo go siame, e dumela gape gore fa e ka palelwa ke go diragatsa se, go ka tloga ga tsala ditumalano tse di sa diragadiweng, go fitlhela Kompone e le ko makgotla-tshekelong ka dilo tse di ka bong di ne tsa tilwa, go duela ditshenyegelo, dituelo tsa go sa sala morago se se tshwanetseng, seriti se se welang tlase le kwelo tlase mo go tsa mebaraka. Tumelo e ya rona e ikaegile magareng ga:melawana ya boitshwaro ya Kompone le mekgwa ya go dira kgwebo, le go ikela tlhoko mo dikgannyeng tsa ditsheko le go sala morago ditsetlana tse Debswana e itlamileng go di tshegetsa (Debswana Compliance Framework).

Mo ngwageng wa 2017 kompone ya Debswana ga e a atlholelwa go sa saleng tsamaiso epe kgotsa melao le melawana morago; e ka tswa e le e e amanang ke tikologo, batho kgotsa itsholelo.

GO LAOLWA GA KGOTLHANG MAGARENG GA MOTHO LE DIKELETSO TSA GAGWEDebswana e itlamile go netefatsa gore kgwebo yotlhe e tsamaisiwa go ya ka ditsetlana tsa tsamaiso ya dikgwebo. Ka mo go tshwanetseng, tsela e Debswana e tsamaisang kgwebo ka teng e tshwanetse go ikaega ka boammaariri le mokgwa o o amogelesegang wa go dira dilo. Dikgotlhang tse di ka nnang teng, tse di akanyediwang tsa se motho a se ratang di na le bokgoni jwa go senya seriti fela jaaka tse di ka diragalang ka boammaariri; jaanong di tshwanetse gore di tilwe ka gotlhe mo go ka kgonagalang. Go tsamaelana le melawana ya tsa pereko mo tirong (Code of Conduct), re ntshitse molawana wa gore dikgang tse tsa “kgotlhang ya motho le dikeletso tsa gagwe” (conflict of interest) di ka rarabololwa jang. Molawana o o supa gore mmereki o ka isa leng, jang, mokwalo wa maikano a gore o o rata eng, le gone o isiwa ke mang; le gore seemo se se ka rarabolola jang. GO TSHEGETSA BOTSAMAISIKomiti e e etseng tlhoko gore botsamaisi bo goga ka tolamo e sekaseka e bo e lebelela tse di latelang: • Go diragatsa Social Way; • Kgaoganyo ya madi a ngwaga le ngwaga a dirisiwang

go thusa Sechaba; • Tshireletsego le Botsogo mo tirong;

• Ditlamorago tsa meepo mo tikologong, mo botsogong jwa setshaba; le

• Go dibela seriti sa kompone le go rerisa ba na le seabe

Go diragatsa, go tsamaisa le go ela tlhoko dithulaganyo tse di netefatsang botshelo jwa meepo bo mo maruding a bagolwane ba thusiwa ke komiti e e bidiwang Debswana Corporate Sustainability Committee (DCSC) e neela tshedimosoka go ntsha maduo, bodiphatsa le tse e ka nnang dipoelo go lebeletswe:

• Botsogo le pabalesego mo tirong

• Tikologo

• Go direla setshaba

Komiti ya DCSC e fa pego ko baokameding ba meepo e mene (Mine Executive Committees )), le Motsamaisi wa tsa boitseanape (Director of Technical Services and Sustainability (Chair).

Orapa No. 2 Plant and the CompletelyAutomated Recovery Plant (CARP)

15

16

PABALELO YA DITSATLHOLEGO

21 Towards sustainable mining (TSM)

21 Assurance of our sustainability performance

21 Material topics

17

KA FA RE ELANG TLHOKO KA TENG GORE GA RE FETSE DITSATLHOLEGO

Go ela tlhoko gore ditsatlholego ga di fele, go ama karolo nngwe le nngwe ya kgwebo ya rona, mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi. Go tlhokomela ditsatlholego ke nngwe ya dipilara tse tlhano tsa ngwaga wa 2018 tse Debswana e tla bong e di sala morago mo go ntsheng maduo.

GO KGAOGANYETSA BA NA LE SEABE

Sekanyo sa go ntsha

diteemane ka bokete

Go dira botoka mo go tsa madi

Go dira sentle ga

ditlhwatlhwa

Bokgoni jwa kompone

Towards Sustainable

Mining (A Ratings)

Dintlha tsa botlhokwa tsa go ela tlhoko gore tshomarelo ya ditsatlholego e nna teng di akaretsa: go fitlhelela seelo sa go dira sentle mo go tsa madi, teseletso ya go dira, tiriso e e seng botlhaswa ya ditsatlholego, seriti le boswa jwa sennela ruri. Maikaelelo a rona ke go tlhabolola le go tshegetsa botsalano jwa rona le ditsetlana tsa botlhokwa tse di amang tiro ya rona ya letsatsi le letsatsi, go ela tlhoko gore teseletso ya rona ya go dira e nna teng:

• Babereki ba rona• Sechaba se se mo Tikologong ya Meepo ya Rona • Tikologo ya rona ya tlholego • Ba re rekang didirisiwa mo go bone• Tse molao o di tlhokang mo go rona

18

19

Dintlha tse di thusang gore kompone ya Debswana e tswelele ka go dira

Ngwao e ama ditshwetso tse re di tsayang ka tikologo, tse di amang leina la rona le lentle le go diragatsa se se tlhokwang

Go ama tikologo go oketsa tlhwatlhwa ya go tswalwa ga meepo go bo go ama botsalano magareng ga kompone le setshaba

Ngwao e ama ditshwetso tse re di tsayang ka tikologo, tse di

amang leina la rona le lentle le go diragatsa se se tlhokwang

Employees are from the community and we use

common resources

CULTUREBUSINESS ETHICS AND INTEGRITY

COMPLIANCE | GOVERNANCE | REPORTING

EMPLOYEESHUMAN RIGHTSOCCUPATIONAL

HEALTH & HYGIENESAFETY

ENVIRONMENTRESOURCES (LAND, WATER, ENERGY, AIR

QUALITY) BIODIVERSITY, WASTE

COMMUNITIESMINE CLOSURE | ENGAGEMENT

Sustainability related risks are integrated in our risk management process. This is reflected in our Risk Universe.

For Debswana to be recognised for its lasting

contribution to the success of Botswana through world

class sustainability performance in the mining

industry

SustainabilityCommitment

Strategic OutcomesFinancial Success | Reputation

Resource Security | License to Operate

SafetyOccupational Health

CommunityMine Closure

Environmental ImpactWasteWaterEnergy

Sustainability, Culture, Values, Attitudes and Behaviours

Governance | Sustainability Team | Standards and Codes | Performance Culture

Internal and External Communication

Strategic sustainability priorities and key topics for the short to medium term include:

• Safety culture and behavioural issues• Occupational illnesses • Fatigue management• Development of renewable energy capacity• Reduce climate change through reduced energy and greenhouse gases emissions• Integrated Closure Plan System – concurrent rehabilitation and reduction of closure liability• Building of the mine closure fund• Contractor management

ASSURANCE

SITE ASSURER QUARTER RESULTTSM

VERIFICATION AUDIT

SHECONTRACTOR

AUDIT

DATAINTEGRITY

ISOOHSAS

TSM YEAR-ENDREVIEW

ISO OHSASINTERNAL

AUDIT

ISO 14001:2015 INTERNAL

AUDIT

All sites PWC Q1102 A ratings vs 81

A threshold and stretch of 86 As.

OLDM Internal Audit

Q1 Moderate

OLDM

Jwaneng MineTuv Sud

Q2Q2

Recertified

Recertified

All sites Internal Audit

Q1 Moderate – all findingshave been closed

All sites Internal Audit

Q4

Q4

3.92

Jwaneng Mine

Shangoni Q3 Closure of findings ongoing

OLDM Internal Audit

OLDM recommended to proceed for certificationunder the new standard

GO EPA MO GO SA BABALELENG TIKOLOGO - TOWARDS SUSTAINABLE MINING (TSM)Go diragatsa ditsetlana tsa TSM go kgontsha kompone ya Debswana go tswelela e ela tlhoko ka fa e dirang ka teng, e bapisa seo le kgotetso le go ntsha mesi, go ela tlhoko majwe a a thubilweng, go etelela batho pele, go tlhokomela ditsatlholego, go araba dilelo le go ela tlhoko tsa pabalesego. Matshwao a go dira a simolola ka C, e e supang gore ga go na thulaganyo epe e e teng, go ya go rogora ko go AAA, e e leng gore e supa “Boeteledipele le go dira ka Manontlhotlho”. Debswana ngwaga le ngwaga e ipeela seelo sa TSM e e tshwaragantsweng le maemo a ntlha fa go tla ko ditsetlaneng tsa kgwebo.

Mo ngwageng wa 2017, Debswana e ne ya fiwa maemo a 107 A, fa e bapisiwa le 102 A le 107 A. Moepo wa Jwaneng o nnile le seabe sa go latlhela 54 A mme OLDM ya tsenya 53 A.

GO NETEFATSA GORE RE TSWELELA KA GO DIRA Ngwaga fa o ntse o tsamaya, ditsetlana di diragadiwa ke dikompone tse di farologaneng go tswa ko ntle le bakanoki ba rona ba ba mo komponeng. Moalo o o fa tlase o supa ditiro tse di diragetseng mo ngwageng wa 2017.

OLDM

Jwaneng MineSSD - DCC

Q4Q4

53 A ratings

54 A ratings

SOCIALPERFORMANCEASSESSMENT

DIKGANG KA DITSWAMMUNG

Fa ngwaga wa 2017 o tsamaela go fela, Debswana e ne ya dira e le lantlha tlhatlhobo ya go ela tlhoko gore a ditswammung di tla nnang teng ka lebaka go ya ka ditsetlana tse di tlhokwang ke GRI. Dikgang tsotlhe tse di tla lemogiwang mo thulaganyong e di tla fa boeteledipele kitso ya gore se se botlhokwa ke eng mo ngwageng wa 2018, le gore mo pegong ya ba na le seabe ya 2018 go ka kwalwa eng. Go ya ko pele Debswana e tla kanoka tsamao e ya ditswammung.

Table 1 : Internal and external assurance activities in 2017

20

ASSURANCE

SITE ASSURER QUARTER RESULTTSM

VERIFICATION AUDIT

SHECONTRACTOR

AUDIT

DATAINTEGRITY

ISOOHSAS

TSM YEAR-ENDREVIEW

ISO OHSASINTERNAL

AUDIT

ISO 14001:2015 INTERNAL

AUDIT

All sites PWC Q1102 A ratings vs 81

A threshold and stretch of 86 As.

OLDM Internal Audit

Q1 Moderate

OLDM

Jwaneng MineTuv Sud

Q2Q2

Recertified

Recertified

All sites Internal Audit

Q1 Moderate – all findingshave been closed

All sites Internal Audit

Q4

Q4

3.92

Jwaneng Mine

Shangoni Q3 Closure of findings ongoing

OLDM Internal Audit

OLDM recommended to proceed for certificationunder the new standard

GO EPA MO GO SA BABALELENG TIKOLOGO - TOWARDS SUSTAINABLE MINING (TSM)Go diragatsa ditsetlana tsa TSM go kgontsha kompone ya Debswana go tswelela e ela tlhoko ka fa e dirang ka teng, e bapisa seo le kgotetso le go ntsha mesi, go ela tlhoko majwe a a thubilweng, go etelela batho pele, go tlhokomela ditsatlholego, go araba dilelo le go ela tlhoko tsa pabalesego. Matshwao a go dira a simolola ka C, e e supang gore ga go na thulaganyo epe e e teng, go ya go rogora ko go AAA, e e leng gore e supa “Boeteledipele le go dira ka Manontlhotlho”. Debswana ngwaga le ngwaga e ipeela seelo sa TSM e e tshwaragantsweng le maemo a ntlha fa go tla ko ditsetlaneng tsa kgwebo.

Mo ngwageng wa 2017, Debswana e ne ya fiwa maemo a 107 A, fa e bapisiwa le 102 A le 107 A. Moepo wa Jwaneng o nnile le seabe sa go latlhela 54 A mme OLDM ya tsenya 53 A.

GO NETEFATSA GORE RE TSWELELA KA GO DIRA Ngwaga fa o ntse o tsamaya, ditsetlana di diragadiwa ke dikompone tse di farologaneng go tswa ko ntle le bakanoki ba rona ba ba mo komponeng. Moalo o o fa tlase o supa ditiro tse di diragetseng mo ngwageng wa 2017.

OLDM

Jwaneng MineSSD - DCC

Q4Q4

53 A ratings

54 A ratings

SOCIALPERFORMANCEASSESSMENT

DIKGANG KA DITSWAMMUNG

Fa ngwaga wa 2017 o tsamaela go fela, Debswana e ne ya dira e le lantlha tlhatlhobo ya go ela tlhoko gore a ditswammung di tla nnang teng ka lebaka go ya ka ditsetlana tse di tlhokwang ke GRI. Dikgang tsotlhe tse di tla lemogiwang mo thulaganyong e di tla fa boeteledipele kitso ya gore se se botlhokwa ke eng mo ngwageng wa 2018, le gore mo pegong ya ba na le seabe ya 2018 go ka kwalwa eng. Go ya ko pele Debswana e tla kanoka tsamao e ya ditswammung.

Table 1 : Internal and external assurance activities in 2017

21

22

24 Operational overview

25 Life of Mine (LoM)

TATELANO YA TIRO YA GO EPA TEEMANE

23

OPERATIONAL OVERVIEW

Table 2: Dipalo tsa Ditiro tsa Debswana (2016 – 2017)

JWANENG

2016 2017 2016 2017 2016 2017

OLDM TOTAL

TOTAL DIAMONDS RECOVERED

(million carats)

TOTAL VOLUME MOVED

(million tonnes)

TOTAL WASTE MINED

(million tonnes)

11.97 11.86

128.05 120.10

109.42 105.13

28.25 30.71

7.30 7.67

156.30 150.82

116.72 112.80

8.53 10.83 20.50 22.69

24

Kepo ya teemane mo ngwageng o o lebeletsweng (2017) e ne ya oketsega ka palo ya lesome le bongwe mo lekgolong (11%) go tswa ko didikadikeng di le masome a mabedi le sephatlo go ya ko go didikadike di le masome a mabedi le bobedi, le dikete di le mak-golo a le lesome le boratato (11% from 20.5 million carats to 22.66 million carats), go ya ka lenaneo la kepo.

Total Tonnes Moved di fokotsegile ka boraro mo lek-golong (3%) go tswa ko go 156.30 million tonnes ka 2016 go ya ko go 150.82 million tones, go ya ka seelo se se neng se beetswe ngwaga.

Moepo wa Letlhakane Mine o emisitse go epa mo ng-wageng wa 2017. Go tswelela o dira go ne ga okediwa ke thulaganyo e ncha e e bidiwang Letlhakane Tail-ings Plant (LTP) e e simolotseng go dira mo kotareng ya boraro (3) ya ngwaga wa 2017; mme tiro e e tla wela mo dikgweding tsa ntlha tse tharo tsa ngwaga wa 2018. Mo dikgweding tse tharo tsa bofelo tsa ngwaga wa 2017, moepo wa Damtshaa o ne wa simolola go ip-aakanyetsa go dira mo ngwageng wa 2018.

Botshelo jwa Moepo (LIFE OF MINE (LoM)

Botshelo jwa moepo bo na le seabe se se tona mo go ntsheng maduo ga one le gore o tswelela o dira ka leb-aka le le kae. Komiti ya Business Planning e ela tlhoko gore e tswelela ka go lebelela gore moepo o ya go tshe-la lebaka le le kae e lebeletse dikgaoganyo tse pedi.

• Horizon 1 (sebaka se se khutshwane go ya ko go se se fa gare – kgwebo gompieno) Tsetlana e e amana sa ntlha le go tlhabolola mo nakong e khutshwane . Lenaneo la dingwaga tse tlhano (5) la botshelo jwa moepo le go tlhabololwa mo dikgweding tse tharo (3), a bo le sekasekwa mo sebakeng sa ng-waga.

• Horizon 2 (sebaka se se leele le go feta kgwebo ya jaanong) Tsetlana e e lebelela ditsetlana tse di ka dirang gore mokgwa o re dirang kgwebo ka one o fetoge, re lebeletse kgonagalo ya go oketsa botshe-lo jwa moepo kgotsa sebaka se moepo o ka dirang ka sone. Maranyane a na le seabe se se tona fa re ela se tlhoko.

25

26

28 Pabalesego

29 Botsogo Jwa Mo Tirong

PABALELO YA DITSATLHOLEGO

27

PABALESEGO Safety of our employees is paramount to Debswana. A safety culture is promoted in everything we do. It is one of our val-ues and is the first thing we discuss at our meetings.

Jwaneng Mine Team wins the 2017 Botswana Chamber of Mines Inter-Mine First Aid Competitions

Pabalesego ya babereki ba rona e botlhokwa thata mo Komponeng ya Debswana. Mokgwa wa go ipabalela o rotloediwa thata mo go sengwe le sengwe se re se dirang. Ke nngwe ya ditsetlana tse re di tlotlang thata, mme e bile mo phuthegong nngwe le nngwe e re e tshwarang re bua ka yone.

Debswana e tsere tshwetso ya go dira seelo se sesha mabapi le go laola dikotsi tse di ka bakang dintsho, mo ka sekgoa go bidiwang Fatal Risk Control Standards (FRCS) le go tlhatlhoba babereki mabapi le boeteledipele le mokgwa wa go ipabalela, maikaelelo e le go buisa dikgang tse di mmalwa tsa dikotsi tse re nnileng le tsone. Go nnile le

mananeo a le mabedi a a simolodisitsweng ka Hatch di amana le FRCS le Sentis, ba e leng bomaitseanape ba tlhaloganyo ba ba itebagantseng segolo bogolo le go etelela pele mo go tsa pabalesego.

Babereki ba nnile le seabe mo maduong a ditlhatlhobo le mananeo a gore go ya go tsamaisiwa jang, a dirilwe, go tswala dipatlisiso tse. Mo ngwageng wa 2017, kgwedi ya Phalane, Debswana e ne ya dira gore baeteledipele ba nne le seabe ka maikaelelo a mararo:

• Go fa baeteledipele sebaka sa go tlhaloganya gore ba ka laola diphetogo ka tsela e e ntseng jang,

28

BOTSOGO JWA MO TIRONG Go tlhoka kutlo mo go tsalwang ke modumo o montsi (Noise Induced Hearing Loss) ke nngwe ya diphatsa tse di mo tirong ya rona mme modumo wa selekanyo sa 85 decibels (db) go ya ko godimo o fitlhetswe mo madirelong a rona, ko baitseanape ba direlang teng le fa go epiwang ditswammung teng. Ditlhopha tse di mo diphatseng ke artisans, bakgweetsi ba dikatakata, le plant operators.

Didirisiwa tse di sireletsang ditsebe (hearing protection) tse tsa batho ba ba berekelang mo mafelong a a modumo go fetisa selekanyo sa 85db, dipoelo mo go di diriseng di akaretsa:

• go fokotsa modumo go ya ko tlase ga 85db fa go

• Go bereka le ba ba tsayang ditshwetso, go gwetlha tsela e ka yone dilo di ntseng di dirwa ka teng mabapi le tsa pabalesego, le go lemoga diphetogo tse di ka nnang teng mo go reng pabalesego e ka laolwa jang mo bathong ba maemo a a ko godimo,

• Go lemoga gore Debswana e leka go ya kae mabapi le go aga mokgwa wa pabalesego mo komponeng.

Go tlhabolola mokgwa wa pabalesego wa Debswana, boeteledipele bo ne jwa simolodisa lenaneo le la Conscious Safety Leadership. Morago ga moo, go ne ga itemogelwa kgolo mo mokgweng o e leng gore baeteledipele le babereki ba itsaya ka teng fa go tla ko ditirong tse ditona le tse dingwe fela tsa malatsi otlhe. Go tsaya kgato e e latelang, setlhopha se se akaretsang boradikonteraka, babereki, bagolwane le baeteledipele botlhe mo kgwebong e, se tla tshwara dithuto-se-ka-

dipuisanyo mo dikgweding tsa ntlha tse tharo tsa ngwaga wa 2018, maikaelelo e le go netefatsa moono o o akantsweng o wa go bopa mokgwa kana ngwao ya pabalesego ya Debswana le go feleletsa go diragatsa tse di mo lenaneong le le kaelang gore tiro e dirwe jang.

Ditiro tse di dirwa go itshwaragantswe le ba na le seabe ba ba botlhokwa jaaka ba Botswana Mine Workers Union le boradikonteraka. Maikarabelo a ntlha a ba ba eteletseng tsa pabalesego ke go rurifatsa gore ga go nne le tatlhego ya botshelo le dikgobalo. Ga go a nna le dintsho dipe ka ngwaga wa 2017. Palo e e gatisitsweng ya Total Recordable Injury Frequency Rate (TRIFR) ko Jwaneng e ne e le 0.17 le ya 0.18 ko OLDM seelo e le 0.25, ka stretch sa 0.20.. A e ne e le maduo a mantle a a gatisitsweng mo ditsong tsa kompone ya Debswana.

Table 3: Debswana safety records (2016-2017)

Figure 2: Debswana safety performance trend (2011-2017)

SAFETY

FATALITIES

LTIFR

TRIFR

HPIs

SAFETY

SAFETY

SAFETY, HEALTH,

ENVIRONMENT

0

NA

NA

0.38

1

0.01

23

0.21

0

NA

NA

0.25

0

0.02

33

0.17

METRICPILLAR

TARGET

2016 2016 2017

TARGETYEAR END

2017

YEAR END

Fatal

2011

160140120100

80604020

0

1.601.401.201.000.800.600.400.200.00

2012 2013 2014 2015 2016 2017

LTI RWI MTI LTIFR CIFR TRIFR

SAFETY PERFORMANCE DEBSWANA (RECORDABLE INJURIES)

tshwantshanngwa le tse di thibang ditsebe mme e re morago ga foo di latlhiwe

• di tlhabolola kgonagalo ya gore fa medumo ya tlhagiso e lela, mmereki a e utlwe e bile a kgone go buisanya le ba bangwe

• di kgona go rwalega di sa bolae ditsebe - di lekana sentle, di tswala tsebe mme e bile di dira tiro eo ka botlalo

Ko OLDM, dithiba ditsebe di le sekete, makgolo a mararo le masome a mararo le bone (1334) di ne tsa fiwa palo ya babereki ba le makgolo a le borobabobedi le masome a marataro le botlhano (865) ba ba mo diphatseng. Palo e e ne ya fetisiwa go akaretsa bagolwane ba le bone go nang le kgonagalo ya gore ba amege. Ko Jwaneng, palo ya babereki ba le seketele le masome a mabedi le bobedi (1023) e ne ya fiwa dithiba-ditsebe tse, fa go tshwanshanngwa le palo ya sekete, makgolo a mabedi le masome a mane (1240), mme ba le makgolo a mabedi le lesome le bosupa (217) ba ba santseng ba setse ba tla fiwa dithiba-ditsebe tse ko bofelong jwa kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2018. Go laola letsapa – Patlisiso e e dirilweng ko Debswana e supile gore letsapa le na le seabe mo go beyeng babereki ba ba berekang ka go sutelana (shift) mo diphatseng. Seelo sa go laola letsapa le go ela dilo tlhoko se ne sa dirwa ka ngwaga wa 2017. Se se tla fokotsa dikgobalo, ditshenyegelo tsa madi le dithoto, gape se tla dira gore babereki ba nne matlhagatlhaga, ba itekanele e bile ba ntshe maduo mo tirong.

29

30

KENEILWE MATJOLA (OCCUPATIONAL HEALTH MANAGER) O AMOGELA SEETSELE! Ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boratato (October 26 2017), ka phuthego ya ngwaga le ngwaga ya Southern African Institute for Occupational Hygiene (SAIOH), Ms Keneile Matjola o ne a fiwa seetsele sa mmereki wa ngwaga mo lephateng la gagwe mo ka puo ya sekgowa go tweng Occupational Hygienist of the year 2016.

Occupational Hygiene (OH) se eleng bophepha mo tirong, ke mabapi le go thibela le go laola malwetsi a a ka fitlhelwang mo ditirong. Mo Botswana OH ke tiro e ntsha. Mo dingwageng tse di sa tswang go feta, Debswana e ne ya itemogela kgolo mo palong ya ba-bereki ba yone ba ba filweng ditlankana tsa SAIOH ba dira e le Occupational Hygiene Assistants, Occupa-tional Hygiene Technologists le Occupational Hygien-ist. Mo go ba ba lesome le bone (14) ba ba rurifadits-weng e le badiri Occupational Hygiene mo Botswana, ba le lesome le bobedi (12) mo go bone ke babereki ba kompone ya Debswana.

Keneilwe yo e leng ene fela yo o nang le setlankana ebile a rurifaditswe (certified) jaakaOccupational Hy-gienist mo komponeng ya Debswana le mo Botswana ka kakaretso, o direla ko Debswana Corporate Centre. Keneilwe o ne a fiwa setlankana sa modiri wa Occupa-tional Hygienist wa ngwaga (2017) go lebeletswe tiro ya go diragatsa ditsetlana tsa Occupational Hygiene mo tirong e a e berekang, mo tirong e e tshwara-ganetsweng le maphata a puso, maphata a thusiwang ke puso ka madi, le dikole . Ko ntleng ga dithuto tse, Keneilwe o na le setlankana sa digarata mo thutong ya Botsogo jwa Tikologo (Environmental Health), set-lankana sa diploma sa Occupational Hygiene le set-lankana saBusiness Administration.

Dintlha dingwe tsa botlhokwa tse di dirileng gore a fiwe seetsele se:

DEBSWANA OH MANAGEMENT: Ditsetlana tse di tlhalosang tsamaiso ya OH jaaka let-sapa, thoromo, dikgang tse di mabapi le didirisiwa tse babereki ba di dirisang mo tirong, modumo le lerole le le bakiwang ke tiro e re e dirang, go diragatsa le go tsweledisa mananeo a OH; go tsibosa batho ka mana-neo; le gone go tsenya dikgwetlho tsa OH mo mana-neong. Ka motlhale o, Debswana ke yone Kompone fela mo Botswana, e e nang le lekalana le le nang thu-laganyo tse di lolameng tsa Occupational Hygiene.

BA GO TSHWARAGANETSWENG TIRO LE BONE Lephata la meepo: Ditshono tsa go tlhabolola dikitso tsa Bophepha mo tirong (Occupational Hygiene).

Botswana Bureau of Standards: Go nna le seabe mo go direng dielo tse di ka salwang morago ke batho mo go tsa botsogo le pabalesego.

Unibesithi ya Botswana (UB); Lephata la Environmental Health e le mopati yo o rutuntshang ba OH, le na le sebae mo go reng batho ba rutwa eng le ditshono tse ka nnang teng tsa gore batho ba rutwe/ba ithute le gone go ya go tsaya malebela ga baithuti le bao ba ba eletsang go bereka mo Debswana mo isagong.

Re lebogisa Keneilwe Matjola!

31

32

34 Workforce

34 Industrial relations

34 Skills development

35 Employee Wellness Programme

36 Localisation of expertise

36 Gender Diversity and Inclusion

BABEREKIBA RONA

33

BODIREDI Babereki ba rona ba dira gore re kgone go fitlhelela maikaelelo le maikemisetso a rona, e bile ba botlhokwa thata go re thusa go diragatsa moalo wa tsamaiso. Dithulaganyo di le mmalwa di a diragadiwa go oketsa botsogo jwa babereki ba rona.

KA FA BODIREDI BO TSEWANG KA TENG Debswana e tswelela ka go nna le maikemisetso a go tshegetsa ditsetlana le ditshwanelo tsa badiri, e akaretsa mme e sa felele fa kgololesegong ya badiri go tsena mo mekgatlhong, tshwanelo ya go tsena mo ditherisanong le dipuisanyo tsa ditlhopha. Ba lekgotla la babereki ba moepo (BMWU) ba filwe tetla ya go buelela babereki, e le setlhopha sa A go ya ko go C go ya ka melawana e e letlelesegang. Ka fa babereki ba tsewang ka teng ko Debswana go ikaegile ka tsetlana ya gore batho ba gololesegile go inaakanya le mekgatlho e ba e batlang, kgololesego mo tirong le go buisanya ka ditshwanelo tsa bone ba le setlhopha.

Botsalano fa gareng ga lekgotla la babereki le Kompone bo laolwa ke tumalano ya go lemoga gore mokgatlho o teng.

Se se dira gore go kopanwa a bo go buisanngwa go nne ka fa molaong, mme e bile e nne tsela e ka yone go ka dirisanngwang mmogo le go tlhaloganyana ga matlhakore oo mabedi. Ka ntateng ya tsamaiso e, kompone le lekgotla la babereki ba ne ba kgona go buisana, le go diragatsa ditumalano di le mmalwa malebang le mabaka a pereko a babereki, pabalesego, botsogo le tikologo, le tse dingwe tse di amang kompone le bodiredi ka kakaretso. Ditumalano gantsi di tshwanetse tsa diragadiwa mo dingwageng tse tharo, ntleng le gore mabaka a patika gore go sekasekwe mo nakong eo.

Table 4: Babereki ba Debswana go ema ka kgwedi ya Sedimonthole e le malatsi a le masome a mararo le bongwe

OPERATIONS/OFFICE NUMBER OF

EMPLOYEES

GABORONE

JWANENG

ORAPA

LETHLAKANE

DAMTSHAA

TOTAL

450

2093

2285

370

241

5439

34

TLHABOLOLO DIKITSO Go godisa ditalente tsa babereki ba rona go godisa go ntsha maduo ga bone, mme e bile ke tsela nngwe ya go ba kgothatsa. Dithulaganyo tse maikaelelo a tsone e leng go tlhabolola dikitso tsa babereki ba rona di na le ditlhopha tse di itebagantseng le tsone, le babereki ka bongwe ka bongwe. Dithuto tse fa ba di fiwa, ba di fiwa go lebilwe letlhoko le le rileng, morago ga go dira ditshekatsheko. Tlhabololo dikitso ke tsetlana nngwe ya go laola go ntsha maduo mme e sekasekwa ngwaga le ngwaga. Mmereki mongwe le mongwe o na le thulaganyo ya gagwe, mme ke yone e kaelang gore thulaganyo e ya go tlhabolola dikitso e dirwe jang, mme fa go tlhokega maduo a ditlhatlhobo kana tshekatsheka ya gore mmereki o dira jang a ka fa tshedimosetso ya gore motho o tlhoka go rutiwa eng.

Re sala morago tsela ya 70:20:10 e e leng gore masome a supa mo lekgolong (70%) jwa se se tsenngwang mo thutong, ke se mmereki a se ithutang mo tirong ka go dira, mme masome a mabedi mo lekgolong (20%) ke a go ithuta mo go ba bangwe, go tsaya kgothatso mo go bone, mme lesome mo lekgolong (10%) ke thuto e e elwang sekolong.

Mo ngwageng wa 2018 re tla gatelela ntlha ya go ntsha maduo go tswa mo lenaneong la rona la tiro kana Strategic Workforce Plan re bo re sekaseka go bona dikitso tse di tlhokiwang, le gore re ipaakantse go le kae go neela kgwebo dikitso tse di tlhokegang. Se se tla thusa mo go baakanyetseng mananeo a a tla anamisisiwang mo maphateng ka go farologana a kgwebo.

THULAGANYO YA BOITEKANELO JWA BABEREKI (EMPLOYEE WELLNESS PROGRAMME)Boitekanelo jwa babereki bo tsweletse ka go nna selo sa botlhokwa mo komponeng ya Debswana. Kompone e dumela gore ga e ka ke ya tswelela fela ka go lebelela botsipa jo motho a nang le jone fela, mme e lebelela mmereki e le motho yo o feletseng. Ke fela fa mmereki mongwe le mongwe a tsoga, fa e leng gone kompone e ka kgonang go solofela go ntshiwa ga maduo mo go tletseng; ka jalo, dithulaganyo di beilwe tse di tla emang nokeng babereki le ko ntleng ga mo mabakeng a tiro.

Mo nakong e e fetileng, Debswana e atlegile mabapi le go laola mogare wa HIV, mme ya batla ditsetlana tse di fokotsang bogale jwa mogare, gore tiro e tle e kgone go tswelela. Kompone e ne ya dira sentle fa go lebeletswe lenaneo la 90-90-90, mme e ne ya bona maduo a a fetang masome a a robang bongwe mo lekgolong (90%) mo dintlheng tsotlhe; e tsweletse ka go diragatsa thulaganyo ya “alafa-botlhe” kgotsa treat-all-approach

Table 5: Dioura tse di tsewang ke mmereki, go ya ka ditlhophana tsa bone

Mmereki Jwaneng Orapa DCC Monna Mosadi Monna Mosadi Monna Mosadi

GBF3 32.0 GBF4 8.0 4.0 13.3 120.0GBF5 14.0 26.7 60.0 9.3 171.4GBF6 12.9 7.3 9.6 9.6 21.6 75.2C Band 29.4 5.8 20.1 12.8 9.9 6.4B Band 20.1 4.6 47.7 13.0 52.3 30.6A Band - - - - 40.0 40.0

Ela tlhoko: Fa go takilweng ka bosetlhanyana go supa gore go ne go sena babereki mo setlhopheng seo.

e e golaganang le seelo sa le lekgotla la ditshaba la botsogo la World Health Organisation le seelo sa lefatshe.

90-90-90: Ka ngwaga wa 2020, palo ya batho ba le borobabongwe mo lekgolong (90%) ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba itse seemo sa bone sa mogare wa HIV. Ka ngwaga wa 2020, palo ya batho ba le borobabongwe mo lekgolong (90%) ba ba tshwerweng ka mogare wa HIV ba tla fiwa kalafi ya antiretroviral therapy (ARV). Ka ngwaga wa 2020, palo ya batho ba le borobabongwe mo lekgolong (90%) ba ba fiwang kalafi ya di ARV, mogare wa bone o tla seke o oketsege thata.

Thulaganyo go ya ko pele ke go tswa mo go lebeleleng bolwetse bo le bongwe go ya ko go diriseng motlhale wa go kopanya malwetse a le mmalwa, go akaretsa go laola malwetsi a a sa tshelanweng jaaka bolwetsi ja sukiri (diabetes), madi a matona (hypertension) le bolwetsi jwa tlhaloganyo.

Ko bofelong jwa ngwaga wa 2017, batho ba le sekete, lekgolo le masome a supa le borobabobedi (1178) ba ne ba ikwadisitse mo thulaganyong ya kompone ya go laola malwetsi kgotsa Company’s Disease Management Programme (babereki ba le makgolo a ferabobedi le masome a mabedi le boraro (823) le ba malwapa a bone ba le makgolo a le mararo le masome a matlhano le botlhano (355)). Palo ya masome a robangbobedi le borobabongwe (89%) ya babereki ba ba tshelang ka mogare ba tsaya kalafi ya legato la ntlha, lesome mo lekgolong (10%) ba mo legatong la bobedi, mme bongwe mo lekgolong ba mo go la boraro ka tatelano ya bone jalo. Palo ya dintsho tse di gatisitsweng ka ngwaga wa 2017 e ne e leko tlase ga bongwe mo lekgolong ka palo ya 0.3 % fa phokotsego ya mogare e nnile masome a robang bongwe ke bosupa (97%).

Debswana e ne e sena pego ya bolwetse jwa malaria mo ngwageng wa 2017.

Babereki ba le bararo ba ne ba tshwarwa ka mogare wa kgotholo e tona (tuberculosis) mo dingwageng tse oedi ba setse ba weditse kalafi ya bone. Mmereki yo e leng gone a tshwarwang ka mogare o santse a tsweletse le kalafi.

Tlhatlhobo ya rona ya ba ba mo diphatseng malebang le tsa botsogo e supile gore babereki ba tshwanetse go ititaya ka thupana, ka gore re le kompone re ba file lenaneo la Sedimosa, le ka lone re ba rutang ka tsa madi, gore ba kgone go tlhabolola ka fa ba laolang dikoloto tsa bone ka teng, le go thusa ba ba setseng ba le mo mathateng ka thuto le tshidilo maikutlo. Go itemogetswe kgolo mo palong ya babereki ba ba tsayang ko tlase ga masome a mane mo lekgolong (40%) e le palo ya madi a ba salang ka one morago ga go ntshiwa ga diphenshini le tse dingwe, mo ngwageng wa 2017. Ka ngwaga wa 2018, thulaganyo e e tla itebaganya le go tlhabolola go amogelwa ga thuto e gore babereki batle ba kgone go laola dikoloto tsa bone.

Table 6: Palo ya batho ba ba tshwerweng ka bolwetse jwa kgotlholo e tona.

2015 2016 2017

2 1 1

35

GO THAPA BENG GAE BA BA NANG LE DIKITSO Go thapa beng gae ba ba nang le dikitso go thiba diphatlha tse di ntseng di tshwerwe ke batswakwa ke ntlha e e botlhokwa mo Komponeng ya Debswana. Ba Lephata la tsa Pereko ke ba le seabe ba ba botlhokwa mo leetong le. Gore thulaganyo e e tle e atlege, beng gae ba tshwanetse go nonotshiwa ka dikitso; go akaretsa kamogano ya botsipa, gore ba tle ba kgone go tseeletsa ditiro tse di neng di dirwa ke batswakwa. Go thapa beng gae go logetswe mo thulaganyong ya go amogana maemo mo Komponeng.

Go ema ka kgwedi ya Sedimonthole ngwaga wa 2017, palo yotlhe ya babereki ba Debswana e ne e le dikete tse tlhano, makgolo a mane le masome a mararo le boferabongwe (5 439). Palo ya beng gae e ne e le dikete tse tlhano, makgolo a mararo le masome a marataro le botlhano (5 365) mo go rayang gore ke go feta masome a robang bongwe le borobabobedi mo lekgolong (98.64%) ya palo yotlhe ya babereki. Palo yotlhe ya ba ba tswang ko ntle e ne e le masome a supa le bone (74) e leng go feta bongwe go se kae mo lekgolong (1.36%) jwa palo yotlhe ya babereki. Mafatshe a batswakwa ba tswang ko go one a akaretsa Aferika Borwa, Zimbabwe, Kenya, Uganda le ko ga Mmamosadinyana (Great Britain).

DIPHAROLOGANYO TSA BONG LE GO AKAREDIWA Go laolwa ga pharologanyo ya bong le go akarediwa e ne e akaretsa lenaneo la pharologanyo ya bong ya Debswana. Kompone e dirile dipatlisiso go kgabaganya kompone gore e tle e lemoge se se diragalang ka boammaaruri.

Patlisiso e e thusitse gore go dirwe mananeo mo tirong go leka go rarabolola se se fitlhetsweng, se se neng sa kgaoganngwa ka ditlhophana kana ditlhogo di tshwana melawana, go berekela fa go siameng, dintlha tsa botlhokwa mo go ntsheng maduo kgotsa KPIs, go latelana ga maemo kgotsa go baakanyetsa ba ba tla tsenang mo maemong fa bangwe ba tswa, le go rutuntshiwa. Nngwe ya dilo tse di botlhokwa go tswa mo patlisisong e ke gore bomme ba ne ba le palo ya masome a mabedi le bongwe mo lekgolong (21%) fela, mo dipalong tsa kompone, mme lesome le borobabongwe mo lekgolong (19%) e ne e le palo ya ba maemo a a ko godimo.

Se se ne se ikaegile ka palo ya babereki ya dikete tse tlhano makgolo a mararo, masome a supa le borataro (5 376) le boradikonteraka ba le dikete tse tlhano (5 000). Dipalo tse di tshwantshanngwa le tsa dikompone tse di tlhophilweng tsa meepo, le bankane ba Debswana mo kgaoganyong ya Borwa jwa Aferika.

Le ko ntleng ga mo, re tsere tshwetso ya gore dipalo tse ga di a lekana. Boteledipele jwa Debswana bo itlamile go aga kgwebo e e kitlaneng ka go dira gore mongwe le mongwe a amogelesege, mo e leng gore dipharologanyo ka mefuta di a amogelesega.

Table 7: Ka fa dipalo tsa babereki ba Debswana di emeng ka teng fa go kgaoganngwa beng gae le batswakwa

DEBSWANA EMPLOYEES PALO PALO MO LEKGOLONG

BENG GAE

BATSWAKWA

PALO YOTLHE YABABEREKI

5365

74

5439

98.64%

1.36%

100%

“Go na le dintlha dingwe tsa popego kana botsogo jwa tlhaloganyo tse di lebegang di sa ka ke tsa laolwa ke motho, mme se se diragalela batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo go na le dilo di le mmalwa tse batho ba ka di dirang go tlhabolola boleng jwa botshelo jwa bone. O e ne e le molaetsa o o neng o buiwa ke babereki ba tsa botsogo ka nako ya modiro wa Wellness Reloaded. Modiro o o ne o tshwaretswe ko mabaleng a sepatela sa Jwaneng ka Ferikgong ngwaga wa 2017. Maikaelelo a tiro e e ne e le go gakolola badiri ba tsa botsogo ka botlhokwa jwa seemo sa botsogo jwa bone, le botlhokwa jwa go dirisa madi a bone sentle. Mo puong ya gagwe fa a buisa babereki, Mogolwane Tumelo Ntlhayakgosi

(Senior Safety and Sustainable Development Manager), o rile go direla mo moepong go na le matlhoko a e leng a gone le go gatelelwa maikutlo mo go bakiwang ke tiro. O ne a re, e le kgwebo, go botlhokwa gore kompone ya Debswana e tswelele ka go oketsa go sireletsa botsogo jwa babereki, boitekanelo jwa bone le go ntsha maduo ga bone mo tirong. Ntlhayakgosi o ne a akgola lephata la tsa botsogo ka boineelo jwa bone go bopa mokgwa wa boitekanelo. O ne a opela legofi kgang ya gore setlhopha se rotloetsa batho go tshela matshelo a a itekanetseng a a rotloetsang pabalesego, go ntsha maduo le bonatla mo tirong.”

PATLISISO YA WELLNESS RELOAD YA NGWAGA WA 2017 YA BADIRI BA TSA BOTSOGO

36

GO NTSHA KGETHOLOLO YA BONG E E DIRAGALANG MOTHO A SA IKELA TLHOKO KA GO RUTUNTSHA BAGOLWANE Mo maitekong a yone a go ema nokeng tekatekano ya bong, Debswana e ne ya bona go tlhokafala gore bagolwane ba rutuntshiwe ka kgethololo ya bong e e diragalang gongwe motho a sa ela tlhoko gore o a e dira mo tirong. Thutuntsho e e ne ya dirwa ke maitseanape mo mererong e, Alison Elizabeth Bourne. Mo puisanyong, Bourne o ne a tlhalosa gore badira dipatlisiso tse di etebagantseng le tsa kgwebo ba supile gore fa lephata kgotsa kompone e na le batho ba ba farologanyeng, go na le kgonagalo e ntsi ya gore e dire bontle. Mookamedi wa moepo wa Jwaneng Albert Milton, fa a bua mo mafokong a gagwe a go bula phuthego e semmuso ya dithuto-se-ka-dipuisanyo tse, o ne a rurifatsa gore babereki ba moepo ba setse ba rutuntshitswe go netefatsa gore thuto e folosediwa ko babereking ba Debswana.

Boteledipele jwa Debswana bo itlamile go aga kgwebo e e motia ka go dira gore mongwe le mongwe a ikutlwe a amogelesegile, e bile dipharologanyo tsotlhe ka mefuta di tsewa tsia thata.

Debswana leadership has therefore committed to building a stronger business by creating an inclusive culture, where diversity of all forms is highly valued.

37

38

40 Stakeholder engagements at corporate level

41 Stakeholder engagements at operations

GO IKOPANYA LE BA NA LE SEABE

39

GO DIRISANYA LE BA NA LE SEABEDebswana e na le ba na le seabe ba ba farologaneng ba e berekang le bone mo ditirelong tsa yone tsa go dira kgwebo. Ba akaretsa:

• Baeteledipele ba rona ba Setswana

• Baeteledipele ba merafe/metse

• Goromente

• Balemi Barui

• Makgotla a ditlhabololo (a tshwana le VDC, VET, VHC jalo le jalo)

• Ditlhopha tsa batho ba ba mo diphatseng, di akaretsa bomme le bana

• Babegadikgang

• Makgotla a a ikemetseng ka nosi

• Dikole

• Maphata a a thusiwang ke puso ka madi

• Ba re tshwaraganetseng kgwebo le bone

• Makgotla a sepolotiki

• Banana

• Ba na le seabe ba mo teng - babereki

• Boradikonteraka le ba ba re rekisetsang dithoto.

Ba na le seabe ba ba nankotsweng fa godimo le mafelo a bone ba ne ba tlhophiwa go lebilwe mabaka a a latelang:

• Batho ba e leng gore meepo e ama mafelo a ba nnang mo go one, mme go sa felelwe fela mo metseng e e amiwang ke gore go giwa metsi ko go one, mafelo a a amiwang ke lerole le mafelo a a ntshang bodiredi

• Batho ba ba solofelang sengwe mo moepong, ba go tlhokwang go buiwa le bone

• Ba na le seabe ba ba tshwaraganeng le moepo go diragatsa maitlamo a bone, Sekai: ba e leng gore moepo o tlhoka thuso ya bone le bone ba tlhoka thuso ya moepo. Ba ke ba ba akaretsang boeteledipele jwa motse, boradikonteraka le ba re rekang dithoto mo go bone.

• Ba na le seabe ba mo gae ba botlhokwa thata mo kgwebong, ka gore babereki ke bone lebaka la gore Debswana e bo e kgona go dira le gone go lomagana le ba na le seabe ba ba ko ntle.

Tomagano le ba na le seabe e diragala mo dielong tse pedi: ko boeleteding pele jwa maemo a a ko godimo le ko go ba ba dirang tiro ya go epa.

TIRISANYO YA KOMPONE LE BA NA LE SEABE KO DIOFISING

Mo komponeng, lephata la Corporate Affairs ke lone mmueledi wa ba na le seabe, mme moeteledipele wa Corporate Affairs ke ene mmueledi wa kompone go ya ka fa molaong. Maphata ka go farologana a eteletswe pele ke bagolwane ka go farologana, go balelwa le ofisi ya ya mookamedi (Managing Director).

Ka ngwaga wa 2017, Debswana e ne ya tshwara diphuthego tse di farologaneng le ba na le seabe ba botlhokwa ba akaretsa: babereki, boradikonteraka, babegadikgang, maphata a ga goromente, dibanka tse di ikemetseng ka nosi, maphata a a thusisiwang ke puso ka madi le diofisi tsa baemedi ba mafatshe a sele, go tla go ba itsisi gore kgwebo e tsamaya jang, pabalesego le ditiro tsa botlhokwa. Mo kgweding, kompone e tshegetsa phuthego ya go itsisi babereki gore kgwebo e tsamaya jang (babereki botlhe ko dikagong tsa diofisi ba maemo a a fa gare le a a ko godimo ko meepong).

Mo dikgweding tsa ntlha tse tharo tsa ngwaga, phuthego ya ba na le seabe go tswa ko ntle ga kompone e ne ya tshwarwa, e eteletswe pele ke mookamedi. E ne ya tsenwa ke ba na le seabe ba ka tshwara makgolo a mabedi, ba emetse bobegadikgang, baemedi ba mafatshe, badirela puso, le ba kompone e dirang mmogo le bone ditiro dingwe. Maikaelelo a phuthego e ne e le go ba itsise gore kgwebo e dira jang, go ba fa maduo a ngwaga le lenaneo la ngwaga.

Kompone e ne gape ya nna le sebaka sa go tsaya karolo ko ditshupong tsa Baji-Bareki tsa ngwaga wa 2017, e ile go supegetsa ba na le seabe ka go farologana gore kepo ya diteemane e tsamaya jang, le gore seabe sa Debswana le diteemane di ama matshelo a Batswana go le kae.

40

GO DIRA LE BA NA LE SEABE MO DITIRONG TSA RONA Fa go tla mo tirisanyong ya bagolwane le ba na le seabe, diphuthego le ba na le seabe ba ba tswang ko ntle di tshwarelwa ko Debswana, kompone e tshwara diphuthego ngwaga le ngwaga go fa tsiboso ya gore kgwebo e tsamaya jang. Ba ba fiwang kitso e ba akaretsa babega dikgang ba mo gae, boeteledipele jwa ngwao le ba dikgwebo, mapalamente le boradikonteraka. Kompone gape e dira maeto a go bontsha ba na le seabe ba ba nang le kgatlhego moepo.

Go dira le ba na le seabe mo go tseneletseng go nna teng fa go dirwa, Ka fa Debswana e lebang go amana le ba na le seabe ka teng go tlhalosiwa ke kgato ya bobedi mo Socio-Economic Assessment Toolkit (SEAT). Ka e sekwasekwa mo dingwageng tse tharo, lenaneo la go rerisanya le ba na le seabe kgotsa Stakeholder Engagement Plan le la Social Management Plan, ke maduo a Socio-Economic Assessment Toolbox (SEAT). Di tlhalosa tsela e ka yone kgwebo e golaganang le setlhopha sengwe le sengwe sa ba na le seabe, go akarediwa palo ya diphuthego tse, tsela e go kopanwang ka yone le maikaelelo a bokopano jo.

Ntlha ya botlhokwa e e gatelelwang ke go fa ba na le seabe ba mo gae le ba ba ko ntle sebaka sa go arogana megopolo

le maitemogelo a bone mo go se Debswana e se dirang. Se se dirwa ka moono wa go godisa go tlhaloganya, le go bona tharabololo ya dikgang tse di tla bong di buiwa. Ba na le seabe ba Debswana ba akaretsa banni ba metse e e mabapi le makgotla ka go farologana a a mo go yone: baeteledipele ba tlhago, ba ba dirisang lefatshe, dikole, dikgwebo, makgotla a a ikemetseng ka nosi, beng gae, ba kgaolo le ba maphata a puso a fitlhelwang mo lefelong leo. Gore go dirwe thulaganyo ya SEAT, palonyana ya ba na le seabe ke yone e go berekwang le yone. Se se pharologanyo fa go tla mo go tlholeng gore a molao o a diragadiwa, ko e leng gore foo go tsenngwa mashetla a a rileng, segolo bogolo fa go tla mo go ba na le seabe ba ba amegang thata. Mo thulaganyong ya SEAT ya ngwaga wa 2017, go

ne ga buisanngwa le palo e ntsi ya ba na le seabe ba ba farologanyeng; ka dithuto seka di puisanyo, ditlhopha tse di dirang mmogo, le diphuthego fela ka go farologana, le go botsolosa batho ka bongwe ka bongwe.

Dintlha tsa botlhokwa tse di builweng le ba na le seabe fa go tla mo dikgannyeng tsa moepo.

Tse di siameng tse di amang ba na le seabe di ne di akaretsa:

• Koketsego ya dipuisanyo tsa moepo le setshaba, go akarediwa boeteledipele jwa moepo (bagolwane ba maphata)

• Go nna le seabe ga Dikgosi mo mananeong a go tlhabolola batho

• Thualaganyo ya go tlhabolola batho e e kwadilweng ka fa molaong e e akaretsang go thapa beng gae le go reka dithoto mo dikomponeng tsa beng gae

• Go ema nokeng baithuti le barutabana lenaneo la Debswana la go tlhabolola dikole tsa puso, dietsele tsa Diamond Dream Academic Awards le lenaneo la Adopt-a-School

• Go dira mananeo e e leng gore ka one batho ba ka kgona go bolelela moepo matshwenyego a bone ba tlhamaletse

• Seabe sa moepo mo dikagong le ditirelo mo toropong le metse e mengwe

• Go ruta setshaba, go ba fa dikitso

• Seabe sa sepatela sa moepo mo go kgonagatseng gore batho ba kgone go bona dithuso tsa bongaka tse di botoka

• Maiteko a go nyeletsa Lehuma ka go fa dithuso tsa madi, go thusa batho go dira dikgwebo tse di potlana (Sekai: go lema merogo) le go thusa ka difetlha-motlakase mo motseng (generators).

• Go thusa ka go agela batlhoki matlo, mo go tlisang tlhabologo ya matshelo

• Go thapa banni ba metse, mme se se tlisa letseno mo malwapeng, a bo se thusa go godisa itsholelo ya mo gae

• Banni ba metse ba na le sebaka sa go firisetsa babereki ba dikompone matlo, mme se le sone se tlisa letseno mo malwapeng a

• Go dira ga moepo le go tshwaraganela tiro le baeteledipele ba setshaba jaaka makhanselara le Dikgosi go ne ga lemosega fa go le botlhokwa

• Go lebogela tsibogo mo dinakong tsa mathata

• Seabe sa moepo go araba mathata a borukutlhi

41

42

Ba na le seabe ba ba tswang ko ntle ba, ba ne ba supa gore ba eletsa go bona kgolo mo: • Fa go kgonagala ba agelwe mafelo a a ka tokafatsang

matshelo a bone (jaaka dipatela, dikole, jalo jalo) ba bo ba fiwa ditirelo tse di rileng

• Nako e e tsewang ke boradikonteraka go duela babereki ba bone, le gore dituelo tse di tsamaelane le botshelo jwa segompieno mo gae

• Ditsholofelo tsa khiro mo go ba dikitso tse di fa tlasenyana

• Koketsego ya go nna le seabe ga moepo mo ditirong tsa setshaba

• Go diragatsa se moepo o itlamileng go se dira

• Go gola ga mokgwa wa go ipabalela ga babereki ba moepo le ko ntle ga moepo

• Go buisana le ba na le seabe mo go sa lekanang

• Go aga le go diragatsa ditsetlana tsa go nna le seabe mo setshabeng (CSI)

• Dilabe tse di mo setshabeng

• Go nna le seabe mo lefelong le le firisiwang

• Go fudusiwa e le sengwe se moepo o se tlhokang

• Go ipaya fela

• manokonoko mo ditsatlholegong.

Matshwenyego a a ne a tsenngwa mo thulaganyong ya meepo e e tlhabolotsweng ya Social Management Plans mme go begilwe ka tsone fa go neng go tlhokega.

43

44

47 Local procurement

48 Local employment

49 Enterprise development

50 Employee volunteering

55 External capacity building

56 Corporate Social Investment (CSI)

60 Sustainable Towns

61 Dealing with grievances

61 Resettlement

SETSHABA SE SE MO TIKOLOGONG YA MEEPO

45

Ka ngwaga wa 2015, Debswana e ne ya amoegela tsetlana ya Anglo American Social Way e le tsela e kompone e arabang manokonoko a kgwebo e, e a dirang mo bathong. Tiro ya Social Way e ne e le go tshegetsa teseletso ya go epa. Social Way e fa melawana ya tsamaiso e e siameng, mme e nankola se se tlhokwang go netefatsa gore melawana e mo maemong go diragadiwa:

• go dirisana le ba na le seabe ba ba amegang e bile ba na le kgatlhego

• go tila le go thibela, fa go tlhokegang teng go fokotsa manokonoko a a ka nnang teng mo setshabeng

• go godisa monyetla wa go ka tlhabologa

Go na le ditsetlana di le lesome tse di tlhokwang ke Social Way, tse di botlhokwa mo komponeng ya Debswana; mme di ama go laola bodiphatsa mo setshabeng, go bereka le ba na le seabe, go godisa dikgwebo, go nna le seabe mo setshabeng le go laola dikotsi, botsogo jwa batho, go laola pabalesego le tshireletsego, go laola boradikonteraka, go fudusiwa le tsa ngwao. Ka fa tlase ga tsetlana ya bone e e tlhokwang ke Social Way, go godisa itsholelo kana Socio-economic Development (SED) ke gone mo go lopang mashetla thata, e bile go bokete. SED e na le dipilara tse supa tse di dirang bontlha bongwe jwa se go begiwang ka sone:

• Go reka dithoto tsa beng gae

• Go thapa beng gae

• Go tlhabolola dikgwebo

• Go ithaopa ga babereki

• Go rutuntsha ba ba ko ntle

• Go golaganya tiriso ya ditsompelo

• Go direla setshana kana Corporate Social Investment (CSI)

Ka ngwaga wa 2017, Debswana e ne ya dira ditshekatsheko tse tharo tsa Socio Economic Assessments (SEAT) ko meepong ka bobedi go tlhalosa matlhoko le se se diragalang ko metseng e meepo e leng ko go yone. Dipalo tse di neng tsa supiwa di ne di le botlhokwa mo go tleng ka ditsela tsa go dira kgwebo le go laola botsalano magareng ga ba na le seabe mo ngwageng wa 2018. Ditshekatsheko tse gape di dirisiwa go sekaseka bomosola jwa dithulaganyo tsa SED/CSI. “Debswana e mo leetong la go dira seemo se se siameng dikgwebopotlana (SMMEs) tsa beng gae”

Diteemane di amana ka mo go faphegileng le mongwe le mongwe yo o ikaegileng ka tsone. Debswana, kompone e e ntshang diteemane go di feta tsotlhe mo lefatsheng, e itse sentle gore go bo e le mo maemong ao, go tlhokiwa eng mo go yone. Debswana e dumela gore katlego ya tsone fa go tla mo kgwebong e tshwanetse ya tla ka maikarabelo mo setshabeng le mo go tsa itsholelo.

Setlhopha sa moepo wa Jwaneng se se thusang batho ba arogana dikitso le babereki ka bone le ba kompone e dirang kgwebo le bone

Debswana has embarked on a journey to create an enabling environment for citizen owned small, medium to micro enterprises (SMMEs)

46

SEABE MO GO BA BA REKISANG DITHOTO

Debswana e lemoga gore e kgona go direla batho ditshono tsa theko le thekiso, e bile e ka dira gore thulaganyo ya go fa Batswana dithata e kgonagale gore go nne le tlhabololo dikgwebo mo Botswana, mo go felelang go tlhabolola setshaba. Ka tshwaragano ya ba kompone e dirang dikgwebo le bone, le ba na le seabe, Debswana e simolodisitse leeto la go go dira gore dikgwebo tse dinnye le tse di fa gare ka selekanyo di nne le seabe fa go tla ko thekong le thekiso mo komponeng ya Debswana, gore go nne le kgolo ya dipalo tsa barekisi ba mono gae.

DITHOTO TSA MONO GAE

Mokwalo o o nankolang dilwana le ditirelo tse di seegetsweng fa tlhoko go dirwa ke dikompone tsa beng gae o oketsegile go akaretsa didirisiswa tse di tlhokwang mo tirong ya mmangmang jaaka go epa le go thuba majwe.

Kanamiso kgotsa ipapatso mo dipampiring tsa mo gae, dikompone di lalediwa go tsenya ikopelo go dira ditiro e papametse go laletsa dikompone tsa Batswana. Fa go kgonagalang teng, ditiro di a kgaoganngwa gore ba dikgwebo potlana le bone ba nne le seabe. Go lekwa ka bojotlhe gore motho a le mongwe kgotsa kompone e le nngwe e seka ya nna yone fela e e fiwang tiro e ntsi, gore dikompone tse dingwe le tsone di kgone go dira, ditiro di nne teng e bile di babalesege; batho ba seka ba latlhegelwa ke ditiro. Go golagana le dibanka le ba ba dirang didirisiwa tse re di dirisang kana ba ka sekgoa ba bidiwang original equipment manufacturers (OEM) go ne ga simolodisiwa gore go kgonagale gore dikompone di thusiwe ka didirisiwa tse ba di tlhokang thata le gone go nonotsha dikompone tsa beng gae, gore ba kgone go inaakanya le ditshono tse di nnang teng go tswa mo komponeng ya Debswana, mabapi le tsa theko le thekiso. Ka lebaka la tshwaragano eo le ba na le seabe ba ba botlhokwa ba, le ba re dirang kgwebo le bone, go diragatsa tsetlana ya go nonotsha Batswana, Debswana e kgona go bua e kanotse sehuba gore e tla abela dikompone tsa beng gae tse di supileng bokgoni jwa go dira ditiro; go lebeletswe botsipa, maitemogelo le bokgoni jwa go kokoanya setlhopha se se ka ntshang maduo, le ntswa ba sena didirisiwa; ba itse sentle gore dibanka di tla ba fa madi le gore OEM e tla ba fa didirisiwa, e bo e rutuntsha rakonteraka ka tiriso ya didirisiwa tse le go dira tiro, go baakanya le gone go ba ema nokeng fa tiro e ntse e tsweletse. Seelo sa Procurement Price Preferential (PPP) se sekasekilwe a bo se godisiwa go tsamaelana le lenaneo la puso la go tswakanya itsholelo kgotsa Government of Botswana’s Economic Diversification Drive (EDD) go fa dikompone tsa Batswana sebaka, fa ba bapisiwa le batswakwa ba ba gaisanyang le bone. Go dirilwe maitlamo go netefatsa gore ditiro tsa madi a a ko tlase ga didikadike tse di lesome kgotsa BWP10 Million di neelwe Batswana fa go kgonagalang teng.

Figure 4: Debswana % of total Procurement Budget Spend on Citizen owned Companies (2014 – 2017)

20%

25%

30%

35%

10%

15%

5%

2014 20162015 20170%

15%

29%

18%

26%

Figure 3: Debswana Budget Spend on Citizen owned Companies (2014 – 2017) (million BWP)

2000

1000

1500

500

2014 20162015 20170

9631279

904

1511

47

Debswana e buisantse le gone go laletsa ba e rekang mo go bone/boradikonteraka ba seelo sa ntlha le sa bobedi, e le tsela ya go ema nokeng lenaneo la go fa beng gae dithata. Go mo mokwalong wa tumalano gore ba thape le go tlhabolola Batswana, le go ema nokeng dikgwebo tse di potlana tsa Batswana, le setshaba ka kakaretso se se mo tikologong. Dikompone tse di tswang ko ntle tse di dirang kgwebo le Debswana di rotloeditswe go aga madirelo a di tla berekelang mo go one mo gae, gore le bone ba nne mo maemong a mantle a go ka fiwa sebaka sa go reka ba rekisetsa kompone ya Debswana. Mo dingwageng tse tharo tse di fetileng madi a Debswana e a dirisitseng mo gae e nnile palo ya masome a robang bobedi mo lekgolong (80%) mme a dikompone tse di tswang ko ntle ke masome a mabedi mo lekgolong (20%). Ka ngwaga wa 2017, re bone kgolo ya madi a a dirisiwang mo go beng gae, go ya ko dikomponeng tsa Batswana. Dipalo di ne di tsamaya ko go masome a mabedi le borataro mo lekgolong (26%) tsa madi a a dirisitsweng, mme palo e dira BWP 1.51 Billion, mme se ke kgolo go tswa ko go BWP 1.2 Billion a a dirisitsweng ka ngwaga wa 2016.

GO THAPA BENG GAE

Kompone ya Debswana e ikemiseditse go thapa le go tlhabolola Batswana mo ditirelong tsa yone. Mo nakong

ya gompieno kompone e thapile Batswana ba feta lesome le borobabongwe mo lekgolong (98%) mo makalaneng a a farologaneng a Kompone. Seelo se se tshwanang sa maitlamo ao sa khiro ya Batswana le go ba fa dikitso se filwe boradikonteraka le ba ba fang kompone ditirelo, kgotsa ba e rekisetsana didirisiwa dingwe. Ka dikonteraka tsa yone, Debswana e lopa gore boradikompone ba fe Batswana sebaka pele ga mongwe le mogwe fa go tla mo khirong le menyetla ya go kgona go rekisetsa kompone didirisiwa tse di farologaneng. E lopa gape gore rakonteraka a nne le seabe se se utlwalang mo mananeong a go thusa setshaba. Mongwageng wa 2017, dilo tse di lopiwang tse di ne tsa bewa mo mokwalong ka molawana wa go nonotsha Batswana.

Fa ba akgela mo phetogong ya molawana ba kompone ya Danoher (Pty) Ltd, ba ba saleng ba dirisana le Debswana mo go thubakeng matlapa ko meepong ya Jwaneng le Orapa, ba beeleditse mo go thapeng le go rutuntsha Batswana mo go tsamaiseng le gone go baakanya mafelo a go thubakelwang matlapa mo go one. Mo sebakeng seno, kompone e e thapa Batswana fela mme e bile ba e tsamaisa fela sentle, se ke kgato e e siameng ka e ba neela maitemogelo a ba a itirisetsang le mo dikgwebong tsa bone.

Debswana demands, through its contracts, that the contractor gives preference to citizens of Botswana in employment and procurement opportunities, and play an active role in corporate social responsibility programmes.

48

GO TLHABOLOLA DIKGWEBO

Go tlhabolola dikgwebo go thusa kompone ya Debswana go ema nokeng le go godisa dikgwebo tse di potlana, tse di tshelang tsa Batswana go itshetsa le gone go kabakanya itsholelo ya lefatshe la Botswana. Kompone gape e ikemiseditse go tshwaragana le ba na le seabe le makalana a mangwe a a thusang mo go tsa ditlhabololo go nna le seabe mo go ageng seemo se dikgwebo di ka golang mo go sone.

Go dira bontle ga kompone ya Debswana go ikaegile thata mo go ba ba e rekisetsang ditsompelo/boradikonteraka mme ka jalo e lemoga botlhokwa jwa go tlhabolola boradikgwebo ba e le tsela nngwe e e ka thusang dikompone tsa beng gae go phadisanela thekiso e e ka nnang teng mo go gwebeng ga bone.

Mo ngwageng wa 2015 – 2017 Debswana e ne ya rotloetsa kgwebo ya go dira ka letlalo mo Gaborone, e le kgwebo ya ba Local Enterprise Authority (LEA), e le tsela nngwe ya go ruta banana go nna le seabe se se utlwalang mo kgwebong ya go dira ka matlalo. Babereki ba Debswana go tswa ko moepong wa Jwaneng ba ne ba tsaya karolo mo go bopeng le go lekeletsa dibeke tse tsa dithulusi tse di yang go dirisiwa mo go tsa kago le ko meepong. Kompone e ne ya duelela dibeke tse tsa dithulusi tsa tekeletso mo legatong la ntlha la go di dira, e bo e letla baitseanape go tsaya karolo mo go di direng; ba bo ba di letlelela go ka lekelediwa mo tirisong.

E ne gape ya letlelela setlhopha sa LEA se se neng se dira mo thulaganyong e go etela moepo wa Jwaneng go ya go bona seemo se e leng gore didirisiwa tseo di ya go dirisiwa mo go sone. Dibeke tse tsa dithulusi mo nakong ya gompieno di dirwa ko kgwebong e mme di rekisediwa Debswana le boradikompone ba ba dirang le yone ko meepong ya Jwaneng le Orapa.

Tokafala Enterprise Development Programme

Tokafala ke tshwaragano magareng ga puso ya lefatshe la Botswana, ba Anglo American, De Beers le Debswana, e simolodisitswe ka ngwaga wa 2013 go fa bagwebi kemo nokeng ka go ba rotloetsa mo dikgwebong tsa bone; go di tsamaisa le go gakolola ka mananeo a gore kgwebo e tshwanetse go tsamaya jang le go kgona go bona bareki, ga mmogo le ela tlhoko kadimo. Fa go ntse jalo, Tokafala e tsamaelana le maikaelelo a Debswana a go fa beng gae dithata (Debswana’s Citizen Economic Empowerment Policy).

Ditlhopha tse nne tse di na tsa baya monwana mokwalo wa tumalana ka ngwaga wa 2017, ba dumalana go diragatsa ditsetlana tse di dumalanweng mo dithutosekadipuisanyong tsa ngwaga wa 2019 le go feta, malebang le go dira ditiro mo Botswana, ka go nonotsha dikgwebo, go ema nokeng mogopolo wa puso wa go tswakanya itsholelo ka go rotloetsa go dira dikgwebo mo makalaneng a a sa tlwaelesegang mo bananeng, le go ema dikgwebo-potlana nokeng gore di kgone go bona madi, le go di rotloetsa.

Moepo wa Jwaneng, ka thulaganyo ya Jwaneng Mine Enterprise Development Capacity Building Programme e e dirwang mo mafelong a a dikologileng moepo go ba rotloetsa mo dikgwebong tse di potlana, o tshwaragane le ba ba ba kwadisang dikompone ba Companies and Intellectual Property Authoriy (CIPA).

Ka ngwaga wa 2017, Tokafala e ne ya ema nokeng dikgwebo di le thataro ko meepong ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa (OLDM), e le dikgwebo tsa kago, tsa ditsela, ba ba dirang ka ditshipi le ba metlakase. Thulaganyo e e ne e akaretsa thuto e e tseneletseng ya dikgwebo mo dikgweding the di lesome le bobedi.

Jwaneng Mine Enterprise Development Capacity Building Programme for zone of influence SMMEs in partnership with the Companies and Intellectual Property Authoriy (CIPA)

49

Strengthening Youth Development Through Enterprise (STRYDE)Debswana e ne ya itshwaraganya le Tokafala Ltd go simolodisa lenaneo la go fa banana botsipa mo dikgaolong tsa Jwaneng le Boteti, ka fa tlase ga moono wa go nonotsha go tlhabologa ga banana ka dikgwebo kgotsa mo ka puo ya seeng go tweng Strengthening Youth Development Through Enterprise (STRYDE). Thulaganyo e e tla lebagana le banana ba le makgolo mabedi mo mafelong a ka bobedi, ka selekanyo sa bomme ba le sephatlo sa lekgolo mo dithulaganyong tsotlhe.

Tshekatsheko ya dikitso e ne ya dirwa mo dikgweding tsa Ngwanatsele le Sedimonthole 2017, go rurifatsa gore dithuto tse tsa lenaneo le la STRYDE le mosola mo dikeletsong le se se tlhokiwang ke ditlhopha tse.

Thulaganyo e ya STRYDE e na le:

• Dipaakanyetso tsa go ruta batho le go rerisa ba na le seabe ba botlhokwa

• Go fa dithuto tse di botlhokwa mo sebakeng sa dikgwedi tse tharo mo batsaya-karolong ba ba tlhophilweng.

• Go ema batsaya karolo nokeng mo sebakeng sa dikgwedi tse thataro morago ga go ba fa dikitso tse di tlhokegang.

• Go ela tlhoko le go tlhatlhoba, mo go tswelelang le lenaneo go tswa ko ntlheng le go tlhola seemo sa gore dithuto tse di nnile le seabe go le kae.

BOITHAOPO JWA BABEREKI

Boithaopo jwa babereki ga bo na ditsetlana tse di beilweng gore bo diragala jang, mme bo akaretsa go dirisa dikitso tsa babereki ba kompone go ema nokeng dithulaganyo tse di farologaneng le gone go fa ba ba re rekisetsang ditirelo kgothatso kana kemo nokeng.

MOITHAOPI WA RONA KO METSHAMEKONG YA SEJANA SA LEFATSHE YA BOLOTLOA

E rile lefatshe la Botswana le tshegeditse kgaisano ya bolotloa ya sejana sa lefatshe, Dudu Nare wa DCC Security Projects o ne a ithaopa, a golola nako ya gagwe go thusa ka dipaakanyo tsotlhe. Jaaka e kile ya nna motshamiki wa bolotloa ka nako ya gagwe ya bonana, e bile a dira le batho ba ba tswang ko mafatsheng a a farologaneng mo tirong ya gagwe ya letsatsi le letsatsi, go dira le bontsi jwa batshamiki ba bolotloa go tswa mafatsheng ka go farologana ga go aka ga mmoifisa ka tsela epe. Ntlha ya botlhokwa ka nako e ya metshameko e ne e le go kopana le tautona wa lefatshe la Botswana mo go lengwe la malatsi a a neng a tlhokometse lefelo le batlotlegi ba neng ba ya go nna ko go lone ko lefelong la metshameko ko mmadikolo (University of Botswana Sports complex). Re a go lebogisa Dudu mo go direleng lefatshe la gago, le go nna moemedi wa sekano se sa Debswana!

Dudu Nare

Setlhopha sa Botswana sa bolotloa

50

NALEDI DIKGOMO – GOULDEN Naledi Dikgomo – Goulden o ne a lalediwa go tsena mo komiting e e neng e rulaganyetsa metshameko ya sejana sa lefatshe sa bolotloa (Netball World Youth Cup 2017) e e neng e tshwaretswe mo Gaborone, Botswana. Ka go tlhophiwa mo, o ne a neela nako ya gagwe a dirisa malatsi a kompone a a fiwang ba ba mo go tsa metshameko go diragatsa thomo ya gagwe; e e neng e akaretsa go nna modulasetilo wa komiti, go kaela ba na le seabe, go begela ba lephata la Banana, Metshameko le Ngwao, ba Botswana National Sports Commission le go tlhokomela ditsompelo

tsotlhe tse a di filweng go baakanyetsa sejana se se banana sa lefatshe. Motlotlegi Molly Rhone – yo e leng tautona wa lekgotla la mafatshefatshe la motshameko wa bolotloa (International Netball Federation President) o setse a lebogetse Naledi tiro ya gagwe e ntle fa a dira mo komiting e e rulaganyeditseng metshameko e metona e, mme mo e nnile phenyo e kgolo le mo kontinenteng kgotsa lefatshe la Aferika ka bophara. “Komiti ya gago e e neng e rulaganyetsa metshameko e berekile bosigo le motshegare e sa ipone tsapa go dira tiro e e manontlhotlho e e mo seemong sa seelo sa lefatshe, mme ka boammaruri go ne ga nna jalo! Re tshwanetse ra akgola baithaopi ba lona ba ba dirileng tiro e ntle, mme ba ikemiseditse go thusa ka dinako tsotlhe. Malebo a magolo gape re a isa ko barotloetsing le ba le dirang mmogo le bone, ba e leng gore ntleng ga bone tiro e e ne e sa kake ya kgonagala.” O tshwanetse o nne motlotlo fela thata ka setlhopha sa lekgotla la Botswana la bolotloa ba ba feditseng mo maemong a bolesome mo kgaisanyong e. Re le bogela Tirelo ya dijo tsa maitseboa e ntle ya khuduthamaga ya ba INF le bodiredi jwa bone – go ne go itumedisa thata go kopana le mongwe le mongwe wa bone, le go ba leboga ka namana, ka seabe sa bone. Dintlenyane tsa metshameko e ya sejana sa lefatshe sa bolotloa di tla nna mo ditlhaloganyong tsa mongwe le mongwe yo oneng a le teng. Re eletsa go bona pego ka tse di diragetseng ka nako ya metshameko e, segolobogolo tse le akanyang gore di ka dirwa gore ba ba tla tshegetsang metshameko e mo nakong e e tlang ba ithute le go anywa mo lekgotleng la motshameko wa bolotloa la Botswana”.

DIKOBO TSA BALWETSESetlhopha sa OLDM Mini Business Area (MBA LEAN) se itiretse leina ka nako ya sone. Se ne sa abela sepatela sa Rakops dikobo di le masome a mararo le borobabobedi. Se e le go tshela ka boammaaruri tsetlana ya “Supa gore o a kgathala” kgotsa “Show you Care” e le nngwe ya ditsetlana tse re di tshelang mo komponeng. Setlhopha se se ne sa tlelwa ke mogopolo o nako nngwe fa ba iketlile ba le mo dijong tsa motshegare, fa mongwe wa bone a gwetlha ba bangwe gore ba akanye ka sengwe se ba ka se direlang setshaba mo mafelong a a dikologileng moepo, a a nang le batho ba bantsi ba ba tlhokang. Setlhopha se se ne sa kokoanya madi a a kanang ka dikete tse tharo tsa dipula, ba bo ba rekela kokelo dikobo. Sepatela se se thusa metse e le lesome le boraro mo kgaolong ya Boteti Bophirima. Mookamedi wa Sepatela sa Rakops Ngaka Rosemary Chalerwa, o ne a tlhalosa gore sepatela se go nna sone se se neelang ditlamelo, e le sone se segolwane mo kgaolong, ba itemogela dipalo tse dintsi tsa balwetse go tswa ko metseng e e ba dikologileng. Mo nakong ya gompieno ba thusa dikokelwana di ka tshwara lesome le bobedi. O ne a tlhalosa gore go na le letlhoko le letona la dikobo. O ne gape a tlhalosa gore o ne a leboga thata fa a utlwa gotwe go na le setlhopha sengwe se se kokoanyang madi, ba ntsha mo dipateng tsa bone gore ba tle ba thuse mo mathateng a. Re lebogisa botlhe ba ba tswelelang ka go tshela ditsetlana tsa Debswana, ba supa gore re batho ba ba kutlwelobotlhoko, re a kgathala e bile re rata go dira!

51

GO ROTLOETSA THUTO LE GO BALA Go ya ka Otsile Chaboneka yo o ithaopileng go thusa motlobo wa dibuka wa setshaba wa Orapa le go rutuntsha bana mo dithutong tsa dipalo le maranyane ka mafelo a beke; go tshela tsetlana ya Debswana ya “Supa gore re a Kgathala” go raya go tsaya kgato le go dira pharologanyo; a re go raya go supa botho mo kamanong ya motho le ba bangwe letsatsi le letsatsi, gotlhe ko lelwapeng le ko tirong. “Go na le dilo tse dintsi tse di botlhoko tse di diragalang mo lefatsheng, ke ne ke ikutlwa ke feletswe, ke ne ke batla go dira sengwe se se ka tlisang phetogo, thatathata mo setshabeng se ke tshelang le sone, go sa kgathalesege gore se bonnye bo kae,” a bua jalo.

“Ke ithaopa go dira mo motlobong ka matlhatso, le go ruta bana, le go ba thusa ka tiro e ba e fiwang ko sekoleng go e direla ko malapeng le gone go bolelela ba bannye dipolelo. Ke na le setlhopha se sengwe sa baithaopi ba ba direlang mo motlobong wa dibuka; mo nakong ya gompieno re bane ba re berekang go simolola ka Mosupulogo go ema ka Labotlhano, mme e bile re engwe nokeng ka mo go feletseng ke mogolwane wa tsa thuto Fidelis Machola (Education Manager), le mogolwane wa ko Support Services, Thatayaone Sithole.”

Otsile a re o tlhophile go tsaya tsela ya motlobo ka gore re tshela mo dinakong tse maranyane a golang ka bofefo, mo e leng gore go bala go ile tlase. “Fa ke gola, ke ne ke rata dibuka mme go ne go le motlhofo go di bona ko motlobong wa dibuka wa setshaba. Ke ne ke tlhwaafaletse go bala, mme e bile ke ne ke kile ka dirisa motlobo wa dibuka wa Orapa go le pele. Ke ne ka ikwadisetsa boloko ka ngwaga wa 2009 mme ka lemoga gore motlobo o ke mongwe wa matlotlo a a sa itsegeng sentle. Ke ne ka bona menyetla e mentsi, segolo jang fa go tla ko baneng, mme go ne ga ntlela gore ke ithaopele go dira gore ka mafelo beke motlobo o bulwe ke bereke ka nako eo, mme e bile ke remeletse thata mo baneng ba banyennyabe ka ke rata go dira le bana, ba tlisa boitumelo e le ruri. Ke na le setlhopha sa ba eleng gore ba tla ka dinako tsotlhe mme ebile maloko a motlobo a a oketsega.”

52

MOGWANTO WA OLDM 2017 GM’S WALK O KGOBOKANYA MADI A FETA MAKGOLO A MATLHANO A DIDIKADIKE TSA DIPULA

Mogwanto wa bopelotlhomogi wa ga Mookamedi wa ngwaga wa 2017 (GM’s WALK) o o neng o tshwerwe ke ba meepo ya OLDM o kokoantse madi a a ka fetang BWP600, 000 e le ka ntlha ya tshologelo le kemo nokeng e tona go tswa mo babereking, boradikonteraka le setshaba sa kgaolo ya Boteti ka kakaretso. Madi a a kgobokantsweng mo mogwantong wa ngwaga o, o e leng gore o dirwa ngwaga le ngwaga, a tla dirisiwa go aga phaphosi ya pelegi ko sepateleng sa Letlhakane. Se se tla akaretsa le madi a a dirilweng mo megwantong ya dingwaga di di ko morago, go netefatsa gore kago e e nna ya boleng jo bo ko godimo.

Go ya ka mogolwane wa mo OLDM, Bakani Motlhabani, tiro e e ne ya dumalanwa le setshaba, le ba na le seabe mo kgaolong potlana. Maikaelelo a se ke go fokotsa mosuke mo sepateleng le go tlhabolola tlhokomelo ya tsa botsogo.

Motlhabani o ne gape a tlhalosa gore tiro e ke nngwe ya tse dintsi tse di supang gore babereki le boradikonteraka, le setshaba sa Boteti ba dirisanya mmogo. Ke tiro e e re fang sebaka sa go ama matshelo a batlhoki ka tsela e e siameng. “E re ntswa re na le mananeo a mantle a kalafi, go botlhokwa gore re le dikompone tse di ikemetseng ka nosi re thuse Goromente go fa ditirelo tse di siameng tsa botsogo,” a bua jalo.

53

LEBELO LA DIBAESEKELE LE DIRA MADI GO THUSA MO GO TSA BOPELOTLHOMOGI

Bapalami ba dibaesekele go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe ba ne ba tshologela mo Jwaneng go nna le seabe mo go kgobokanyeng madi a bopelotlhomogi mo lebelong le le bidiwang General Manager’s Cycle Race.

Lebelo le le ne la kgobokanya madi a a kanang ka BWP400 000, a a tla isiwang ko ditirong tsa bopelotlhomogi, tse di tsamaelanang le megopolo e e simolodisitsweng ka ngwaga wa 2004.

Moeteledipele wa lebelo le mogolwane wa moepo wa Jwaneng, Albert Milton, o ne a itumelela go tsaya karolo ga bana ba dingwaga tse tlhano go ya ko go lesome le borataro, ba ba sa iponeng tsapa go nna le seabe mo lebelong le.

“Se ke sesupo sa gore bokamoso jwa mabelo a dibaesekele bo teng mo Botswana, mme go tswa mo go rona ba re nang le maitemogelo mo motshamekong o go rotloetsa le go ema nokeng bana go rurifatsa gore re tlogela letlotlo le le siameng,” a bua jalo.

Milton o ne gape a leboga barotloetsi ba ba supileng maikemisetso mo go thuseng batho ba ba sa itsholelang mo setshabeng.

Fa a bua mafoko a go amogela baeng, mogolwane kana Senior Manager Human Resource Management, Tshepang Mazwigwila, o ne a tlhalosa gore lebelo le la ngwaga le ngwaga le supa gore metshameko e na le seabe mo go tshwaraganyeng setshaba go sa kgathalesege gore se farologanye go le kae.

“Se se nonotshitse kemonokeng e re nang nayo go tswa mo setshabeng sa mafelo a tshwana le Sese, Lefhoko, Maboane le metse e mengwe go dikologa moepo,” a bua jalo.

54

DEBSWANA MOTHERHOOD CLUBDebswana Motherhood Club ke setlhopha sa bomme ko Debswana Corporate Centre (DCC) ba e leng gore tebelopele ya bone ke go neela babereki dikitso le bokaedi, ga mmogo le setshaba malebang le go itekanela, go sala ditoro kgotsa dielo tse motho a di ipeetseng morago, le go lemoga bokgoni kgotsa ditalente tsa bone. Setlhopha se se tlhamilwe ka ngwaga wa 2013, se na le bomme ba le masome a mabedi le botlhano; mme ba inaakantse le go neela batlhoki ko Gaborone le metse e e dikologileng moepo, ba buisanya le babereki ko Corporate Centre go ba fa mafoko a kgothatso jalo.

Go etela lefelo la bana ko sepateleng sa Deborah Retief Memorial – Ka Sedimonthole ngwaga wa 2017, e ne e le letsatsi le le faphegileng e le la bana ko kokelong ya Deborah Retief Memorial. Ba Motherhood Club ba ne ba abela kokelo dimpho di tshwana le setsidifatsi, ditilo di le masome mabedi le ditshwantsho tsa dibaesekopo tse di rutang

Go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la borre ko DCC – Seetebosigo ngwaga wa 2017, ba Motherhood Club ba ne ba rulaganyetsa bodiredi jwa - Corporate Centre ipelelo moletlo wa mafatshefatshe wa borre kana Father’s day ka fa tlase ga setlhogo se se reng “go nna motsadi mo nakong ya gompieno” se ka seeng re ka reng ‘Parenting in the 21st Century’.

GO RUTUNTSHA BA BA KO NTLE Meepo, ba ba e rekisetsang didirisiwa le boradikonteraka ba a le seabe mo go tlhabololeng dikole tse di ko ntle. Thulaganyo ya Debswana ya go direla setshaba kgotsa CSI e akaretsa go rutuntsha mo.

OLDM e sekaseka letlhoko la thuto mo bogoging jwa motse le maphata a puso mo tikologong; ba bo ba tswelela ka go ela tlhoko batho ba ba mo tikologong ya bone go lemoga le ditsompelo tse di teng tse di ka dirisiwang.

Ko Jwaneng, go rutuntsha mo go ne ga dirwa mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa motse di akaretsa mapodisi a a ithaopileng, boeteledipele jwa ngwao, badisadikago le maloko a khansele ya Jwaneng. Dithuthuntsho di ne tsa dirwa go oketsa bokgoni kgotsa dikitso tsa ba na le seabe go ka tsiboga fa go na le mathata.

Moepo wa Jwaneng o itshwaragantse le batho ba Sese ka ofisi ya ga Kgosi le komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) go dira gore go nne le tswelelo pele le go tlhabolola boleng jwa botshelo mo motseng. Ka tshwaragano e, ditiro tsa go neela dikitso di tla nna teng di dirwa ke ba moepo ba tshwaragane le makgotla a mangwe jaaka ba Local Enterprise Authority, Construction Industry Trust Fund, CIPA le Botswana Red Cross. Ditiro tse di tla akaretsa, magareng ga tse dingwe;

• Go ruta maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse, mapodisi le mapodisi a baithaopi ka thuso ya ntlha

• Go ruta banana, mapodisi le ba VDC ka go tshwara dichefi kana dikhemikhali sentle;

• Go rutiwa ka go laola molelo;

• Thuto ka ditshwanelo tsa setho;

• Dithuto tsa botshelo le phetolo maitsholo tsa batho ba ba mo diphatseng, go akarediwa ba na le bogole;

• Go simolodisa dikgwebo ga banana ba ba sa tseneng sekole, bomme ba ba sa berekeng le dikgwebo tse di potlana. Ka ngwaga wa 2017, batho ba ka tshwara makgolo mabedi go tswa mo metseng e e dikolologileng moepo ba ne ba rutuntshiwa ka go bopa mme e bile ba le masome a marataro mo lekgolong e ne e le banni ba Sese.

55

GO THUSA SETSHABA KANA CORPORATE SOCIAL INVESTMENT (CSI)

E kgontsha Debswana go nna le seabe mo go ditirong tsa go tlhabolola setshaba, mme di sa ame thata mmangmang wa tiro ya kompone, di le botlhokwa mo go fiweng le go tswelela e na le teseletso ya go dira, le go supa tlhokomelo mo go bao ba ba nang le seabe.

Kgaoganyo ya madi ya Debswana ya go thusa setshaba e eme jaana; sephatlo se fiwa ba ba direlang ko diofising mme sephatlo se sengwe se fiwa ba ba ko moepong. Madi a a dirisitsweng mo CSI a ne a itebagantse le;

• Go tlhabolola setshaba

• Go tlhabolola tsa metshameko

• Thuto le banana

• Tsa botaki le ngwao

• Temothuo

• Tikologo

• Botsogo

Mananeo a a engweng nokeng ka ngwaga wa 2017 (corporate level) a akaretsa:

• Botswana National Sports Commission – Re Ba Bona Ha e e leng thulaganyo ya go tlhabolola

TSHWARAGANO MAGARENG GA SEPATELA SA MOEPO WA JWANENG LE BA LEPHATA LA DIKGAOLO

Go simolola ka ngwaga wa 1982, Sepatela sa moepo wa Jwaneng se ne se agetswe go fa babereki ba moepo le ba malwapa a bone dithuso tsa bongaka. Fa go sena go lemogiwa gore katlego ya botsogo e ikaegile ka go ka romelwa ga balwetsi ko dikokelong tse dingwe, sepatela sa Jwaneng se ne sa ikgolaganya le Goromente wa lefatshe la Botswana mme ba tsena mo tumalanong gore se atolosetse ditirelo tsa sone ko setshabeng sa metse e e se dikologileng. Moepo o rwala mokgweleo wa ditshenyegelo tsotlhe, go simolola ka ditshenyegelo tsa go se tsamaisa le melemo, le go isiwa ga balwetsi ko dipateleng tse dingwe go ya go alafelwa malwetsi a a faphegileng. Tlhokomelo yotlhe le go tlhabololwa ga sepatela go mo maruding a moepo.

Sepatela se se akaretsa mafelo a a katlogileng moepo ka sekgala se ka nna makgolo mabedi a dikhilomethara. Sepatela se bona balwetsi ba ka tshwara dikete le le masome a supa le botlhano go ya go ko masome a robang bobedi mo ngwageng; mme thatathata e le ba ba rometsweng go tswa dikokelwaneng tse di mo Jwaneng, Sese, Betesankwe, Lefhoko, Mokhomma, Samane, Tsonyane, Maokane, Pitseng, Sesung, Seherelela le Sekoma le setshaba go feta moepo ka sekgala se se ka tshwarang masome a ferang bobedi. Mo godimo ga ditirelo tsa malatsi otlhe tse di dirwang ke sepatela, sepatela se sa Jwaneng se na le kokelwana ya malwetsi a a tshelanwang Infectious Disease Centre Clinic (IDCC), mme go simolola ka ngwaga wa 2002, se rurifaditswe ke ba khansele ya tsa botsogo ya kgaolo ya borwa jwa Aferika kgotsa (Council for Health Service Accreditation in Southern Africa).

Ka ngwaga wa 2010, thulaganyo ya moepo wa Jwaneng ya Cut 8 (ya go ntsha matlakala e e okeditseng go dira ga moepo o) e ne ya wetsa kago ya go godisa sepatela se e e lopileng didikadike tse di fetang bobedi (BWP2.2 million).

Mookamedi wa sepatela sa Jwaneng ngaka Mwamba Nsebula, fa a tseisa tona ya Botsogo le Boitekanelo leeto la go bona dikago tsa sepatela

Go rolela sekolo se se botlana sa Tsienyane bese, ke Senior Manager, Support Services, Thatayaone Sithole, a e neela tona wa tsa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Motlotlegi Slumber Tsogwane

56

metshameko go tswa ko moding, e e akaretsang metshameko e tshwana le wa karate, baseketebolo, morabaraba wa chess, rugby; di fiwa madi a a ka tshwarang sedikadike.

• Tsodilo Hills Project: Kago ya tsela ya Rhino Trails e e lopileng sedikadike sa dipula, e ne ya wediwa e bo e bulwa semmuso ke Tautona wa lefatshe la Botswana ka kgwedi ya Phalane e le malatsi a masome a mabedi le bosupa.

• Somarelang Tikologo (ST) Glass Recycling Project: Debswana e ne ya aba madi a a kanang ka BWP650 000 gore go rekwe koloi le mochine o o dirang gore dilo tse di latlhilweng di kgone go dirisiwa gape.

• Liki e e ko tlase ya Debswana (Debswana First Division League): dikgaisano tse tsa kgwele ya dinao di fiwa didikadike tse pedi ngwaga le ngwaga go tsamaisa kgwele ya dinao. Debswana e ne gape ya duela gore go kgone go dupiwa dibuka tsa tiriso ya madi a kgwele e ya dinao, e duela badupi ba PriceWaterhouseCoopers.

• Debswana e ne ya rotloetsa kgaisano ya Debswana Developmental Botswana Open Chess Championship ka madi a a kanang ka BWP277 800.00 mo ngwageng, mo sebakeng sa dingwaga tse nne. Kgaisano e ya ngwaga le ngwaga e tlisa batshameki ba tlhwatlhwa go ralala kgaolo ya borwa jwa Aferika. E itebaganya thata le go tlhabolola motshameko wa morabaraba

chess mo batshameking ba ba dingwaga tse thataro go ya ko go tse di lesome le boferabobedi. Thotloetso e gape e thusa mo go tsamaisang dikgaisano tsa Debswana Chess League.

• Debswana e ntse e ema nokeng kgodiso ya tsa temothuo ka go ntsha madi a a kanang ka BWP700 000 go ya ko ditshupong tsa ngwaga le ngwaga tsa temothuo (National and District Agricultural shows). Ka ngwaga wa 2017, madi a a ka tshwarang BWP100 000 a ne a dirisiwa go tsosolola ditshupo tsa kgaolo ya Molepolole.

• Debswana e ne ya rotloetsa ba lekgotla la Botswana la bolotloa (Botswana National Netball Association) ka madi a a kanang ka BWP1.2 million go katisa setlhopha sa bolotloa, se e neng e le sone se amogelang baeng mo sejaneng sa lefatshe sa bolotloa (Netball World Youth Cup).

Mananeo a moepo wa OLDM a ne a akaretsa:

• Tsienyane (Rakops) Primary (BWP650 000): Bese ya banalebogole e ne ya rekwa, e bo e rolelwa setshaba

• Kago ya matlo a borutelo ko sekolong se se botlana sa Seaseole e e lopileng madi a a kanang ka (BWP3 797 696) e ne ya rolelwa sekole

• Moepo wa OLDM o ne wa ntshetsa thuto mo kgaolong potlana ya Boteti madi a a ka tshwarang (BWP754 000)

Ntlo ya borutelo ya sekole se se botlana sa Seaseole mo Letlhakane

57

Mookamedi wa moepo wa Jwaneng Albert Milton a rolela Kgosi Phetogo letangwana kgotsa rasebowa (reservoir) ya metsi

58

LETLHAKANE SENIOR SECONDARY SCHOOL

Letlhakane Senior Secondary School, ke sekole se se fitlhelwang ko motseng wa Letlhakane, mme e bile ke sone fela sekole se se golwane ko kgaolong potlana ya Boteti. Sekole se se na le baithuti ba le sekete, makgolo a marataro le lesome le bosupa (1,667) le babereki ba le lekgolo le masome a mabedi (120), mme mo palong e ya babereki, ba le masome a matlhano le bobedi ga se barutabana. Nako e ntsi sekolo se se tshwanelwa ke go dira ka natla go feta jaaka ba ka dira. Sekole se se ne sa ikopanya le ba OLDM, ka lenaneo la Adopt-a-School, ba lopa thuso ya madi go reka didirisiwa tsa maranyane gore ba kgone go ruta bana sentle. Debswana e ne ya dumela go ba ema nokeng ka go ba fa madi a a kanang ka sedikadike le dikete tse di makgolo mabedi (BWP1.2 million) mo ngwageng tse tharo.

Mo sebakeng se, sekolo se ne sa kgona go reka boto ya maranyane, didirisiwa tse di oketsang mantswe kgotsa digoagoe, dikhomputara tse di tshwarwang ka mabogo, mechine e e bonesang ditshwantsho tsa dikhomputara, ga mmogo le go gokela maranyane a a dirang gore motho a kgone go tsena mo maranyaneng a Wi-Fi ko sekoleng. Mo godimo ga go ntsha madi, kompone ya Debswana e ne ya thusa ka go gokelela dikhomputara kgotsa dibalamakgolo tse. Go ne go na le kgwetlho ya tsa motlakase mo sekoleng e e neng ya kgoreletsa tiro e, mme Debswana e ne ya tsena diswichi tse disha, di tsenngwa ke lephata la puso la tsa dikago le le didiwang Department of Building Services.

Ditlhabololo tse tsa maranyane ko sekolong di butse tsebe e ntsha mo baneng ba sekole ga mmogo le barutabana, e ba fa sebaka sa go tsena mo metlobong ya dibuka e e mo maranyaneng, ba kgona go batlisisa dikitso fa ba dira tiro ya bone; mme e bile ba kgona go golagana le dikole tse dingwe gone mo maranyaneng mo. E sale lenaneo le le dirafadiwa, sekole le sone se itemogetse kgolo mo go direng sentle ga baithuti. Mo ngwageng wa 2017, sekole se dule ko go nneng ba bomasome a mabedi go ya go nna ba bosupa mo lefatsheng la Botswana.

Mo godimo ga moo, go gokelela maranyane a go kgontshitse sekole gore se seka sa latlhegelwa ke baithuti ba sone ba ba dirang go gaisa; ka tlwaelo baithuti ba ba ne ba ka fudusiwa go isiwa ko dikoleng tse dingwe ko ditoropong tse ditona jaaka bo Francistonwn, ko e leng gore ba ka kgona go nna mo sekoleng, e bile menyetla ya go ithuta botoka e mentsi koo.

Moletlo wa Kabo Dietsele wa Diamond Dreams

Kago e e fedileng ya Lefhoko Diamond Village

59

ya Boteti go tswa mo go epeng diteemane. Mokwalo o wa se se akantsweng go dirwa, o ne wa isiwa ko Lephateng la tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo leswe (Ministry of Land Management, Water and Sanitation Services) gore ba phuthe ba na le seabe ba ba tlhokegang go sekaseka mogopolo o. Komiti e ne ya tlhangwa, go sekaseka le go fa dikgakololo mabapi le mogopolo o. Komiti e e ne e na le kemedi go tswa ko maphateng a a latelang: • Lephata la tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le

ditirelo tsa kgopo leswe • Lephata la tikologo, tshomarelo ditsatlholego le

bojanala• Lephata la Dikgaolo le tlhabololo magae• Lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo• Lephata la ditswammung le boranyane jwa pabalelo

tikologo le tlhomamiso tsa kgotetso le • Lephata la thuto e kgolwane, dipatlisiso, boitseanape

le boranyane. • Go fitlhelela toro ya “Boteti Ka moso” kgotsa “Boteti

Tomorrow”, mogopolo o ne o tlhalosa gore; • •Go nne le lefelo la ditso la diteemane, le supa Orapa

e le one moepo wa ntlha wa diteemane mo Botswana, go ikaegilwe mo go reng e na le ditso tse di siameng mo go ntshetseng setshaba maduo a mantle.

• Go dira tsela e e kopanyang Orapa le dipane tsa Makgadikgadi ka go godisa lefelo la diphologolo.

Motlobo wa ditso tsa diteemane le le reelwetsweng ka Adrian Gale, le le bidiwang Adrian Gale Diamond Museum le ne la bulwa semmuso ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2018 ke tautona wa pele wa lefatshe la Botswana Motlotlegi Lieutenant General Dr. Seretse Khama Ian Khama. Moalo le ka fa lefelo le le dirilweng ka teng di bua polelo ya go epa teemane, mo ditshwantshong tse di supilweng mo dikamoreng tsa teng; di supa gore go epe go simolola jang, didirisiwa tse di dirisiwang ke dife, tse di ka rekwang, go na le diphaphosi tse e leng diofisi ko godimo, kamore e go supisitsweng diteemane le ko ntle ko go beilweng ditereka tse ditona tsa meepo. Legato la bobedi la kago le tla akaretsa lebenkele kana shopo e e rekisang dibetliwa le tse dingwe tse di dirilweng ka diatla, lefelo le go ka nwelwang kofi fa go lone, mabeelo a dilwana, le fa baeng ba ka itapolosang teng. Lefelo la diphologolo le le atolositsweng la Orapa le lone le butswe semmuso ka Mopitlo ngwaga wa 2018, le bulwa ke tautona wa pele wa lefatshe la Botswana e leng Motlotlegi Lieutenant General Dr. Seretse Khama Ian Khama. Maikaelelo ke go dirisisa kepo ya teemane e le sengwe se se ka godisang Bojanala mo kgaolong potlana ya Boteti, mme le lone lefelo le la diphologolo e tla nna bonno jwa diphologolo tse di mo diphatseng tsa go nyelela. Go aga lefelo la dikgwebo go rokotsa gore go nne le ditiro tse di amang le itsholelo

Ko moepong wa Jwaneng diriro tse kompone e di direlang setshaba kgotsa CSI di ne di akaretsa: • Kago ya ofisi ya Kgotla ya Tsonyane e e lopileng

(BWP 2 Million) e weditswe mme go emetswe gore ba e neelwe

• Diofisi tsa Kgotla tsa Mahotshwane (BWP 1.5 Million) di setse ka lesome mo lekgolong gore di wele, e bile kgokelo ya motlakase mo kagong e santse e etsweletse.

• Tiro ya go gokela metsi ko Maboane (BWP800 000) e weditswe e bile morafe wa Maboane o e rolwetse semmuso.

• Go baakanya motlobo wa dibuka wa Jwaneng Technical College (BWP150 000) go weditswe mme sekole se roletswe tiro e.

• Go reka dikolotsana tsa banalebogole (BWP350 000) go dirilwe mme e bile ba setse ba di filwe.

• Kago ya ntlo ya boapeelo ya sekole se se botlana sa Lefhoko (BWP1.5 Million): Kago e e tla wediwa mo ngwageng wa 2018.

• Kago ya kokelwana ya Tsonyane (BWP2 Million) Kago e tla wediwa ka ngwaga wa 2018.

Madi a aneng a abilwe kgotsa a kgaogantswe a ngwaga wa 2017 a a ka tshwarang didikadike di le lesome le botlhano (BWP15 million) ga a dirisiwa otlhe, mme go ne ga sala madi a a ka tshwarang didikadike di le nne le dikete tse di makgolo a mane (BWP4.4 million), ka lebaka la gore ditiro ga di a simolola le gone go wela ka nako e e neng e beilwe (pele ga ngwaga o wela). Bontsi jwa madi a bo tla dirisiwa mo ngwageng wa 2018, go tlalelediwa mo madding a a tla abelwang gone go thusa setshaba (CSI).

BOKAMOSO JWA DITOROPO TSA MEEPOLenaneo la Orapa Today Boteti Tomorrow (OTBT) le simolodisitswe ka ngwaga wa 2011, ka boeteledipele jo bo nang le tebelopele jwa mookamedi wa pele, moswi Dr. Adrian Gale. Karolo ya ntlha ya lenaneo le e leng “Orapa gompieno” (Orapa Today) ke go dira gore Orapa e nne lefelo le le siameng gore motho o ka nna teng a bo a bereka teng. Karolo ya bobedi ya “Boteti ka moso” (Boteti Tomorrow) ke go dira motswedi o mongwe wa itsholelo ko kgaolong potlana ya Boteti, ko ntleng ga kepo ya diteemane, le ntswa Debswana e santse e na le dingwaga tse dintsi tsa go epa diteemane. OTBT e na le dikarolo tse nne; Tumalano le go godisa lefelo la diphologolo, Sekolo se segolwane sa ithutelo tiro ya diatla,lefelo (business park) la tsa dikgwebo le motlobo wa ditso tsa diteemane (Diamond Museum) Ditiro tse ditona tse di amang le lenaneo le la “Orapa gompieno Boteti ka moso” di ne tsa tsweledisiwa mo ngwageng wa 2017. Tse e ne e le go godisa lefela la diphologolo le lefelo la ditso tsa diteemane.Go diragatsa se, Debswana, ka meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa (OLDM) e file puso mokwalo wa se e akantseng go se dira ka ngwaga wa 2013, e supa fa e batla go godisa le go tswakanya itsholelo ya kgaolo

60

Go aga sekole se setona sa ithutelo tiro ya diatla, go atolosa se se teng, e nna sone se go tsewang malebela ko go sone fa go tla ko go ruteng tsa tiro ya diatla.

Lefelo le la diphologolo le na le mefuta e e farologanyeng. Se se botlhokwa mo go godiseng lefelo le la diphologolo ke gore go nne le se se ka dirwang fa moepo o sa tlhole o dira, e le se batho ba ba mo kgaolong ba ka se etelelang pele. Lefelo le la diphologolo ke bontlha bongwe jwa se meepo ya OLDM e se lorang malebang le go tswalwa ga meepo.

Lephata la Motlobo wa ditso le matlotlo a ditsatlholego (National Museum and Monuments) le nnile le seabe se se tona mo kakanyetsong le kago ya motlobo wa diteemane (Diamond Museum); ka go golaganya bobedi jo e le mafelo a bajanala ba ka yang ko go one, ka go na le bajanala ba le bantsi ba ba fetelang ko Makgadikgadi. Lenaneo la Makgadikgadi Framework Management Plan ke botlha bongwe jwa ditlhabololo tse di atlolositsweng go amana le tsa ngwao le ditsatlholego mo kgaolong ya Boteti.

Lefelo le la diphologolo le le atlolositsweng le motlobo wa diteemane, e le ko bajanala ba ka yang teng, le iteelwa kobo moroko ke go tlhabololwa ga Makgadikgadi Heritage Trail Map, e e akaretsang ditsela le diboto tse di supang maina a mafelo mo tseleng jalo, ko Kaitshe, Makgaba, matlotla a ga Mmakgama, Mokgalo waga Kgama le ko Mosu. Tselana e e yang ko borwa jwa Sua e a agiwa, go tswa ko Kaitshe e feta ka setlhaketlhake sa Kokonje go ya ko Sowa. Tselana e nngwe, ya pane ya Ntwetwe e tla dirwa gore batho ba kgone go ya go lebelela diphologolo le dinonyane.

Manokonoko mo ditikologong

Tlhabologo ya batho le dikgwebo tsa bone

Melawana ya go dira kgwebo/go nna boammaruri le boikanyego mo go tsa kgwebo

Moalo 3: Kgaoganyo ya dingongorego tse di amogetsweng ka ngwaga wa 2017

29%

28%

43%

OLDM e ruta batho ka ipabalelo, e le mogopolo wa ba sepodisi sa Botswana le ba lephata la ipabalelo tseleng

GO ARABA DILELO Lenaneo la Social Way le kwadisa le bo le araba dilelo le dingongorego tse di tswang mo setshabeng. Ka ngwaga wa 2017, go nnile le dingongorego di le lesome le bosupa (17) tse di kwadisitsweng, mme di ne tsa arabiwa ka tsela e e leng gore dilelo di arabiwa ka yone (se se akaretsa nako e e leng gore mongongoregi o ka solofela karabo).

KHUDUGA Mo nakong ya gompieno ba OLDM ba diragatsa khuduga ko Orapa e e saleng e simolotse ka ngwaga wa 2012. Debswana e sala morago ditsetlana tsa International Finance Corporation Standard fa go tla ko khudugeng, gore e emelane le manokonoko a go fuduga le gone go busetsa botshelo mo seemong. Mo sebakeng seno, Debswana e tsenya dingwe tse di neng di seyo mo lenaneong le la go fuduga ka sekgowa go bidiwa Supplementary Resettlement Action Plan mme e tla dirwa ko bofelong jwa ngwaga wa 2018.

61

62

64 Go tsamaisa sentle tse di amang le tikologo

64 Tiriso ya metsi

66 Tiriso ya kgotetso le go tswa ga mesi e e sa siamang

67 Tse di amang tikologo

67 Go tswalwa ga moepo

69 Ditsatlholego

TIKOLOGO YA RONA YA TLHOLEGO

63

GO LAOLA MANOKONOKO A A KA NNANG TENG MO TIKOLOGONG

Debswana e lemoga gore e ikaegile ka tikologo ya tlholego gore e nne le ditsompelo tse di dirisiwang mo tirong ya yone le tse di amang tikologo (Sekai: go gopiwa ga leswe). Se kompone e tshwenyegang thata ka sone fa go tla mo tikologong, metsi, ditiro tsa kgotletso le mesi e e tswang mo madirelong, le ditsatlholego kgotsa diphologolo le dimela. Fa go tla mo go tsa tikologo, dikitso tse di fiwang di ekaegile ka tsamaiso ya go epa ditswammung ga Debswana.

GO LAOLA MANOKONOKO A A KA NNANG TENG MO TIKOLOGONG

Debswana e tswelela ka go diragatsa tlhokomelo ya tikologo ka kakanyo ya go fokotsa manokonoko a a ka nnang teng mo tikologong a golaganngwa le tse kompone e di dirang. Go epa ka tlholego ya gone go kokonela tikologo ka gore go dirisiwa didirisiwa tse di bokete le ditsatlholego di tshwana metsi. Go sekaseka botoka le go tlhaloganya gore e berekisanya jang le tikologo, kompone ya Debswana e dirile lenaneo la tlhokomelo ya tikologo le le bidiwang Environmental Management System (EMS) le e leng gore le lopiwa ke tselana ya ISO 14001. Ditirelo tsotlhe tsa kompone di sekasekwa ke badupi kgotsa bakanoki ba ba tswang ko ntle, ba ba ikemetseng mme go tsweng foo kompone e fiwa ditlankana tsa gore e setse ditsetlana tse di tlhokwang morago.

Mo go diragatseng lenaneo le tlhokomelo tikologo la EMS le go sala morago ditsetlana tse di beilweng tsa semolao tse di tsamaisang meepo mo Botswana, Debswana gape e dirisa ditshekatsheko tsa gore tikologo e ka babalelwa go le kae go lebeletswe lebaka le moepo o tla tshelang ka lone. Tiro e ga e dirwe fela e le tsela nngwe ya go sala molao morago, mme e direlwa go kgontsha kompone go laola manokonoko a e ka a tlisang mo tikologong. Tse di lemogilweng e le tse di ka nnang manokonoko di a kgobokanngwa a bo di tsenngwa mo thulaganyong ya tlhokomelo tikologo, e e supang gore go ka dirwa eng go fokotsa manokonoko a fa re dira tiro ya rona ya letsatsi le letsatsi.

Debswana e itlamile go fokotsa motlhala wa yone mo tikologong le manokonoko a go tswalwa ga meepo ka go rurifatsa gore e akaretsa tikologo le go ela tlhoko tse di tla tlhokegang fa go tla ko go tswalweng ga moepo mo ditogamaanong tsa kgwebo. Lenaneo le le tshegediwa le bo le engwa nokeng ka go inaakanya le metlhale e e eletsegang ya mafatshefatshe a go diragatsa gore ditsatlholego di seka tsa tlhotlhosega.

TIRISO YA METSI

Debswana ka dinako tsotlhe e batla ditsela tse ka yone e ka tlhabololang metlhale ya go laola tiriso ya metsi, mo ditirelong tsa yone tsotlhe go lebeletswe seelo se se eletsegang sa mo gae le sa mafatshefatshe. Go ne ga dirwa patlisiso e ntsha ya Water Efficiency Target Tool mme metlhale ya go boloka metsi e ne ya bonwa, mme e bile e setse e tsentswe mo tirisong mo ditirelong tsotlhe tsa kompone.

Go kgona go filthelela letlhoko la metsi Debswana e tsaya metsi mo didibeng, go bapisiwa le selekanyo sa didikadike di le lesome le botlhano mo tirong e le nngwe (moepo wa Jwaneng le ya OLDM ka tatelano). Selekanyo sa metsi se ntshiwa ke Water Apportionment Board e e ka fa tlase ga lephata la Water Affairs.

64

2014 2015 2016 2017

Jwaneng 12.00 11.70 9.93 7.99

OLDM 13.40 11.40 8.55 9.42

Total 25.40 23.10 18.48 17.41

BANDA MASWABI O A LEMOGIWA!

Banda Maswabi, mogolwane wa tsa metsi (Principal Hydrogeologist) ko Debswana Corporate Center; mo bogaufing o filwe lekwalo la malebogo go tswa ko go moeteledi pele wa Botswana Bureau of Standards (BOBS), mo boemong jwa khansele ya dielo le bogogi jwa BOBS (Standards Council and the Management of

BOBS); a le felwa maikemisetso a gagwe go tlhabolola boleng jwa metsi mo Botswana (Botswana Standards on Water Quality). Banda e ne e le mo tsaya karolo yo o matlhagatlhaga mo komiting ya baitseanape ya BOBS Water Quality Technical Committee mo dingwageng tse nne.

“Seabe sa gago se re thusitse go fitlhelela maikaelelo a BOBS. Ka seabe sa gago, lefatshe la Botswana le kgonne go diragatsa ditsetlana tse di emang nokeng go tlhabologa ga madirelo, papadi le go sireletsa baji-bareki le gone go tswakanya itsholelo ya lefatshe.”

Boineelo jwa gago jwa go kgarametsa lenaneo la go ka baya dielo tse di ka salwang morago mo lefatsheng le, bo a lebogelwa. Ke tsholofelo ya rona gore o tla tswelela o ema nokeng go dirwa le go anamisiwa ga dielo gore boleng jwa matshelo a Batswana bo tlhabologe,” go bua Mme Masego Marobela – Mogolwane wa ko BOBS, mo lekwalong le la malebogo.

Metsi ke selo se se botlhokwa mo lefatsheng la Botswana le mo komponeng ya Debswana. Ka jalo, go a tshwanela gore Rre Maswabi a lemogelwe seabe sa gagwe mo go dirweng ga ditsetlana tse di ka salwang morago gore metsi e nne a boleng jo bo ko godimo.

Re lemoga Banda Maswabi!

Moalo o o rurifatsa gore kompone e kgonne go fokotsa selekanyo sa metsi a a dirisiwang mo go epeng (masome a mararo le bongwe mo lekgolong mo dingwageng tse tharo).

Debswana e tsweletse ka go batla ditsela tse ka yone e ka tlhabololang ka fa e dirisang metsi ka teng mo ditirelong tsa yone tsotlhe; go sala morago se se eletsegang mono gae le se mafatshe a mangwe ba se dirang.

Table 8: Tiriso ya metsi mo tirong ya go epa ko Debswana (million m3)

65

GO DIRISA KGOTETSO LE GO NTSHA MESI E E KGOTELANG TIKOLOGO

Tiriso ya kgotetso ke nngwe ya tse di lopang madi thata mme e bile e na le seabe se se tona mo selekanyong sa mesi e e kgotelang tikologo. Phetogo ya seemo sa loapi e ama dikgwebo mme seelo se se beilweng ke mafatshefatshe se lopa gore dikompone di fokotse go dirisa kgotetso e ntsi, di dirise metlhale e e fokotsang kgotetso. Goromente wa lefatshe la Botswana ka lenaneo la Sustainable Energy For All, o supile gore o itlamile go tlhabolola tiriso ya kgotetso le gone go fokotsa go tswa ga mesi e e kgotelang tikologo. Debswana, e tshwaragane le Goromente wa lefatshe la Botswana, le ba Anglo Group of Companies go supa maikemisetso a go fokotsa kgotelo ya loapi.

Kompone e tswelela ka go sekaseka tiriso ya kgotetso le go diragatsa ditsetlana tsa yone tsa go fokotsa tiriso e ntsi ya kgotetso. Se se akaretsa go dirisa kgotetso ya tlholego. Motheo o mosha wa patlisiso ka kgotetso le phefo e e ntshiwang ke batho fa ba hema le e tswang mo go tshubeng o ne wa dirwa (ECO2MAN). Ditsela tsa go go boloka kgotetso di ne tsa tsenngwa mo tirisong ko meepong ka bobedi. Tiro ya ntlha e e botlhokwa e ne e le go tsenya dimethara tse di tshwanetseng mo mafelong a e leng gore a dirisa kgotetso e ntsi go gore di kgone go bala sentle. Moitseanape wa tsa mananeo, yo o itebagantse le tsa kgotetso o ne a thapiwa fa gare ga kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2017 go tla ka molawana le go tsamaisa thulaganyo ya go laola kgotetso mo komponeng ya Debswana. Ba ba di gogang ko pele ka dikgang tsa kgotetso le bone ba ne ba tlhopiwa ko meepong ya Jwaneng le OLDM. Mananeo a a setse a ntsha maduo.

Table 9 Tiriso ya motlakase mo ditirelong tsa Debswana (GWh)

2014 2015 2016 2017

Jwaneng 234.00 227.30 251.40 222.57

OLDM 272.75 218.05 187.82 253.91

Total 506.75 445.35 439.22 476.48

Table 10:Tiriso leokwane la diesel mo direlong tsa Debswana (m3)

2014 2015 2016 2017

Jwaneng 106 717.95 118 374.68 97 844.06 222.57

OLDM 36 254.23 30 129.76 33 778.03 253.91

Total 142 972.18 148 504.44 131 622.09 476.48

Tiriso ya motlakase e amiwa ke gore tiro e kanang kang. Kgolo ya tiriso ya motlakase ko OLDM is amanngwa le go simolodisiwa ga Letlhakane Tailings Treatment Plant le tshimolodiso ya tiro ya moepo wa Damtshaa.

Mo ngwageng wa 2018, Debswana e ipeetse seelo sa bobedi mo lekgolong (2%), e le selekanyo se ka yone e ka fokotsang tiriso ya kgotetso e bapisa palo e e neng e beilwe ka ngwaga wa 2016, mme ka ngwaga wa 2020 e batla go fokotsa tiriso ya kgotetso ka palo ya boferabobedi mo lekgolong (8%), e bapisiwa le seelo se se tshwanang.

Moalo o o fa tlase o supa selekanyo sa digase (CO2 emissions) mo dingwageng tsa 2015-17.

Table 11: Digase tsa CO2 tse di neng di tswa mo ditirong tsa Debswana (T CO2 Eqv)

2015 2016 2017

Jwaneng 520 365.71 537 880.49 482 924.1

OLDM 360 252.16 309 539.17 376 636.24

Total 880 617.87 847 419.66 859 560.34

Mo ngwageng wa 2018, re ipeetse seelo sa 2.25% sa go fokotsa re bapisa se le seelo sa 2016, le palo ya borobabongwe mo lekgolong (9%) ka ngwaga wa 2020, go ntse go lebeletswe seelo se se tshwanang sa ngwaga wa 2016.

66

TSE DI DIRAGALANG MO TIKOLOGONG

Mo komponeng ya Debswana go na le thulaganyo ya go bega tse di diragalang mo tikologong gore ba itse gore fa ba tshwanetseng go go ela tlhoko ke fa kae. Se se ba fa sebaka sa go ithulaganya ka tsela e e arabang selelo sa matshwenyego a a teng mo tikologong, a a amanang le ditiro tsa moepo. Ditiragalo di kalwa ka seelo sa bongwe go ya ko botlhanong, bongwe bo kaya tirafalo e e seng manokonoko a a ko godimo. Mo ngwageng wa 2017, go nnile le ditirafalo tse di lekgolo le masome a robabobedi le bosupa (197) tse di gatisitsweng, mme tsotlhe di kaiwa e le tsa manokonoko a a ko tlase. Ga gona ditirafalo dipe tsa manokonoko a a ko godimo tsa palo ya boraro go ya ko go ya botlhano tse di kwadisitsweng.

GO TSWALWA GA MOEPO

Kompone ya Debswana e simolodisitse lenaneo le ka lone e ikaelelang go fokotsa ditshenyegelo tsa go tswalwa ga meepo fa e ntse e tsweletse ka tiro ya yone ka lenaneo le ka seesemane le bidiwang Integrated Closure Planning System (ICPS) ko meepong ya yone ka bobedi. Maikaelelo a ICPS ke go lemoga mabaka a ka one go ka fokodiwang manokonoko a go tswalwa ga moepo fa moepo o santse o tshela, o dira. Mabaka a le mmalwa a a bonweng mme, kgato e e latelang ke go dira dipatlisiso go rurifatsa kgonagalo ya mananeo a, a a akantsweng.

BALEMI BA ROTLOEDITSWE GO TLHABOLOLA TEMO-THUO

Mookamedi wa pele wa Debswana (Managing Director), Rre Balisi Bonyongo, o gwetlhile balemi go fetola temo-thuo ka go godisa tse ba di ntshang. Mo go akaretsa go rekisa dithoto, go lema, tse di dirwang morago ga temo, go dira dithoto ka ditswa-temong, le go rekisa. Rre Bonyongo o ne a bua ko pulomg semmuso ya ditshupo tsa temo-thuo tsa ngwana wa 2017, ko kompone ya Debswana e neng e le morotloetsi mogolo.

Rre Bonyongo o gateletse gore go epiwa ga diteemane le ditswammung tse dingwe go tla tla bokhutlong motlha mongwe mme go botlhokwa go itebaganya le metswedi mengwe jaaka temo-thuo. “Temo-thuo e ka nna le seabe se setona mo kabakanyong ya itsholelo, e bo e thusa lefatshe leno go itirela dijo fa go ka tsenngwa natla le ditsompelo mo go yone. Ke ka moo Debswana e tsweletseng ka go ema puso nokeng mo maitekong a go tlhabolola temo-thuo,” ga bua Rre Bonyongo.

67

Debswana e na le mafelo a diphologolo ko meepong ya Jwaneng le Orapa, Letlhakane le Damtshaa (OLDM). Mafelo a a diphologolo a bophara jwa diekere di le dikete tse masome marataro (60 hectares). Ke motswedi o o botlhokwa wa itsholelo mo banning ba dikgaolo tsa Boteti le Borwa ka di fa sebaka sa gore batho ba ithute mo go tsone, ba dira dipatlisiso mo go tsone e bile ba kgona go ja nala.

68

DIMELA LE DIPHOLOGOLO TSE DI FAROLOGANYENG (DITSATLHOLEGO):

Thulaganyo ya Deswana malebang le dimela le diphologolo ke yone e tlisang pharologanyo fa gare ga diteemane le dilo tse di itiretsweng ke batho. Mafelo a diphologolo a a dikologileng meepo e a supa maikemisetso a kompone a go sireletsa ditsatlholego.

Debswana e tsamaisa mafelo a diphologole ko meepong ya Jwaneng le ko Orapa, Letlhakane le Damtshaa (OLDM). Mafelo a a diphologolo a botona jwa diekere di le dikete tse di masome marataro (60,000 hectares). Ke mafelo a e leng gore batho ba kgaolo ya Boteti le ba kgaolo ya Borwa ba ithuta ko go one, ba dira dipatlisiso teng, le gone go ja nala teng. Se se pharologano ka mafelo a a diphologolo ke gore go na le thulaganyo ya go somarela ditshukudu tse ditshweu le tse dintsho, mme e bile thulaganyo e e ntsha maduo a mantle.

KGOSANA YA MEEPO” (“PRINCE OF MINES”) E NA LE SEABE MO DITSA-TLHOLEGONG

Moepo wa Jwaneng o o bidiwang “Prince of Mines” kgotsa “Kgosana ya Meepo” jaaka e tlwaelesegile go bidiwa jalo, ke leina la matshamekwane le e le filweng ke tautona wa bobedi wa lefatshe la Botswana, Sir Ketumile Masire, o tsweletse ka go nonotsha setshaba. The Prince of Mines ga o nonotshe Batswana fela ka diteemane, mme o dirisa metlhale e mengwe go netefatsa gore go nna le tswakanyo ya itsholelo. Go lemoga se, le go tshegetsa sekano sa Debswana sa “Go epa diteemane, go humisa setshaba,” moepo wa Jwaneng o ne wa phuthulula diphuka tsa one ka go abela ba Soda Ash Botswana, ba epang sota diphologolo tsa naga. Moepo o supile gore rotlhe re ka dira go le gontsi go somarelela dikokomane tse di tlang tikologo ka go nna le seabe mo go tlhokomeleng dimela le diphologolo.

Tumelo Ntlhayakgosi - Mogolwane wa S&SD, ko moepong wa Jwaneng, o tlhalositse gore diphofu ke dingwe tsa diphologolo tse di sireleditsweng mo Botswana jaanong ba ne ba di isa ko lefelong le e leng gore di ne di seyo ko go lone gotlhelele. Mookamedi, Montwedi Mphathi, o ne a ntsha mafoko a malebo ka mpho e e duleng ko moepong wa Jwaneng. O ne a supa gore diphofu di le masome a matlhano go tswa ko moepong wa Jwaneng di gorogile sentle, mme di setse di simolotse go tlwaela tikologo, e leng legae la tsone le lesha.

69

MAFOKO A A KHUTSWAFADITSWENG

Lefoko-Khutswe Leina ka Botlalo

BOBS Botswana Bureau of StandardsCEEP Citizen Economic Empowerment Policy

CIFR Classified Injury Frequency rate

CSI Corporate Social Investment

db Decibel

DCC Debswana Corporate Centre

DCSC Debswana Corporate Sustainability Committee

EMS Environmental Management System

Eqv Equivalent

EXCO Executive Committee

FRCS Fatal Risk Control Standards

GRI Global Reporting Initiative

GWh Giga Watt hour

HPI High Potential Incident

ICPS Integrated Closure Planning System

LoM Life of Mine

LTI Lost Time Injury

LTIFR Lost Time Injury Frequency Rate

LTP Letlhakane Tailings Plant

m3 cubic meter

MTI Medical Treatment Injury

OH Occupational hygiene

OLDM Orapa, Letlhakane and Damtshaa Mines

OTBT Orapa Today Boteti Tomorrow

REMCO Remuneration and Nominations Committee

RTS Report to Stakeholders

RWI Restricted Work Injury

SAIOH Southern African Institute for Occupational Hygiene

SEAT Socio-Economic Assessment Toolkit

SED Social Economic Development

SHE Safety, Health & Environment

SMME Small, Medium and Micro-sized Enterprise

S&SD Safety & Sustainable Development

STRYDE Strengthening Youth Development Through Enterpri

TRIFR Total Recordable Injury Frequency Rate

TSM Towards Sustainable Mining

VDC Village Development Committee

VET Vocational Education & Training

VHC Village Health Committee

ZoI Zone of Influence

70

GRI CONTENT INDEX

Disclosure Topic Page

102-1 Name of organisation Cover page102-2 Activities, brands, products and services 10102-3 Location of headquarters 10102-4 Location of operations 10102-5 Ownership and legal form 10102-6 Markets served 10102-7 Scale of the organisation 10102-8 Information on employees and other workers 34102-9 Supply chain 12-13102-10 Significant changes to the organisation and its supply chain 10102-11 Precautionary principle or approach 11102-12 External initiatives 11102-13 Membership of associations 11102-14 Statement of senior decision-maker 6-9102-16 Values, principles, standards and norms of behaviour 2-3102-17 Mechanisms for advice and concern about ethics 3102-18 Governance structure 14102-40 List of stakeholder groups 40102-41 Collective bargaining agreements 34102-42 Identifying and selecting stakeholders 40-43102-43 Approach to stakeholder engagement 40-43102-44 Key topics and concerns raised 40-43102-45 Entities included in the consolidated financial statements 10102-46 Defining report content and boundary 20102-47 List of material topics 20102-48 Restatements of information 10102-49 Changes in reporting 10102-50 Reporting period 10102-51 Date of most recent report 10102-52 Reporting cycle 10102-53 Contact point for questions regarding this report inside front cover102-54 Claims of reporting in accordance with the GRI Standards 10102-55 GRI content index 71102-56 External assurance 10, 20202-1 Hiring from local communities 48203-1 Infrastructure investments and services supported 56203-2 Significant indirect economic impacts 49-50, 53-61204-1 Proportion of spending on local suppliers 47-48302-1 Energy consumption within the organisation 66303-1 Water withdrawal by source 64305-1/2 Scope 1 and 2 emissions 66307-1 Non-compliance with environmental laws and regulations 15

403-2 Types of injury and rates of injury, occupational diseases, lost days, and absenteeism, and number of work-related fatalities 27-28

404-1 Average hours of training per year per employee 34-35

413-1 Operations with local community engagement, impact assessments, and development programmes 41, 46

419-1 Non-compliance with laws and regulations in the social and economic areas 15

71

SUSTAINABLE DEVELOPMENT GOALS (SDGs) INDICATORS

72

OUR COMMUNITIES

HEALTH AND SAFETY

OPERATIONAL PERFORMANCE

SUSTAINABILITY

OUR EMPLOYEES

STAKEHOLDER ENGAGEMENT

OUR NATURAL ENVIRONMENT

REPORT FOCUS AREA INDICATORS

7373

74

NOTES

www.debswana.com