fa re ka ema mmogo, rotlhe re - anglo american platinum

10
LOKWALODIKGANG LA GAGO LA MOTSE KGATISO YA 36 Fa re ka ema mmogo, rotlhe re ka thusa go fokotsa COVID-19, bolwetse bo bakwa ke mogare o mošha wa Corona, o o anamang lefatshe ka bophara. Tshameka karolo ya gago ka go tlhapa diatla tsa gago ka metlha mme o obamele melao ya tswalelo e Tautona Cyril Ramaphosa a e begileng ka kanamo ena. Re arogane – mme re ema mmogo ka kitlano Tsebe 2 Tshegetso ya thuto e e tiileng Tsebe 7 Bona gole gontsi ka ga COVID-19 mo lokwalodikgang lena! Fa re dira mmogo, re ka fenya se! Tsebe 3

Upload: khangminh22

Post on 23-Feb-2023

0 views

Category:

Documents


0 download

TRANSCRIPT

LOKWALODIKGANG LA GAGO LA MOTSEKGATISO YA 36

Fa re ka ema mmogo, rotlhe re ka thusa go fokotsa COVID-19, bolwetse bo bakwa ke mogare o mošha wa Corona, o o anamang lefatshe ka bophara. Tshameka karolo ya gago ka go tlhapa diatla tsa gago ka metlha mme o obamele melao ya tswalelo e Tautona Cyril Ramaphosa a e begileng ka kanamo ena.

Re arogane – mme re ema mmogo ka kitlanoTsebe 2

Tshegetso ya thuto e e tiileng Tsebe 7

Bona gole gontsi ka ga COVID-19 mo lokwalodikgang lena!

Fa re dira mmogo, re ka fenya se!Tsebe 3

2 KGATISO YA 36 AMANDELBULT TIMESKAKANYO

Bua ka go bontsha tlotlo le kutlwelobotlhoko, ka go itlhokomela le go sireletsa baratiwa ba gago.

Se tshoge mme netefatsa fa o itse se se diragalang dikgang, melao le melawana. Sena ke gantlha go rona rotlhe, mme mmogo re tlile go fenya selo se. Justice Sibiza, Westpack supervisor, Thabazimbi

Re bangwe ba badiri ba ditirelo tse di botlhokwa, ka jalo re tla bo re dira ka motsi wa tswalelo ya malatsi a le 21. Go a tshosa, mme re na le ditlosa ditwatsi tsa diatla le dilwana tse dingwe gore tshola re sireletsegile. Re tlhoka maloko a morafe gore a obamele melao go ngotla ditšhono tsa rona gore re tshwaetsege.Tebogo Lekotla, Viva garage petrol attendant, Northam

Sena ke sa ntlha go rona jaaka maAforika Borwa, mme gape ke tšhono ya rona go ema mmogo. Rotlhe re tshwanetse go itse se se diragalang gore retle re tseye ditshweetso tse di botlhale.Obakeng Kgalegi, leloko la morafe, Moruleng

Nna maikarabelo. O ka nne was eke wa lwala, mme o ka tshwaetsa mongwe o ene a tlileng go lwala. Kea itse se se tseisa maanya, mme ga se tseise maanya mongwe le mongwe, mme bonako jo re simololang go itshireletsa le bao ba re dikaganyeditseng, ke ka bonako mo sena se tlileng go fela.Corlia Hasebroek, morekisi R5 Shop, Thabazimbi

Go itswalela o le nosi ko gae ke tsela e e maleba ya go emisa COVID-19 go anama, segolobogolo go maloko a morafe a a leng bosisi. Go nna ko gae le go obamela melao ke selo se se maleba go se dira. Bangwe ba babuisi ba Amandelbult Times ba neela ka mafoko a kgakololo.

O ka anamisa mogare ntle le go bontsha matshwao ape a a tlwaelegileng. Ke ka moo go leng botlhokwa go tswa mo mebileng mme o nne mo tlung. Re leboga lona lotlhe badiri ba ditirelo tse di botlhokwa bao ba bayang matshelo a bone mo tseleng go rona rotlhe. Ke kopa o itlhokomele.

Joseph Themba, leloko la morafe, Northam

Fokotsa kamano ka diatla. Go ka nna

thata, mme fa rotlhe re simolola go latela molao ona, bonako sena se tlileng go fela.Naomi Mogotsi, Bakgatla-Ba-Kgafela Tribal Authority human resource

administrator, Moruleng

Re tshwanetse go obamela melao le go nna ko gae. Tsaya nako ena go nna le go amogela baratiwa ba gago. Ke tšhono e ntle ya go fetsa nako e ntsi le lelapa la gago. Juandré Jansen, Vodacom salesperson, Thabazimbi

A bana ba dire ditiro tsa sekolo ko gae. Netefatsa fa ba nna mot lung le go efoga kamano le ba bangwe.Kgomotso Motshegare, Bakgatla-Ba-Kgafela Tribal Authority receptionist, Moruleng

Pelo yame e ya ko go botlhe ba ba amegileng le go

tshwaediwa ke sena. Ka nnete ke solofela fa naga ya rona e ka ema mmogo go lwantsha tshwaetsego. E re ama rotlhe.Gorata Raphukula,

Clientele sales representative, Thabazimbi

Nna le kitso ka ga maemo mme o reetse dikgakololo mo mafaratlhatlheng. Re ka fenya sena fela fa re tshameka karolo ya rona. Boyler Pitse, mokaedi wa Greenway Mining Training, Rustenburg

Go nna ko pele ga selo sena, mongwe le mongwe o tshwanetse go tshameka karolo ya gagwe 100%. Sena ga se kgang e e potlana; matshelo a batho a mo kotsing. Go ka tswa go le thata go nna ko ga malatsi a le 21, mme nna o dira sengwe.Liezl Janse van Rensburg, leloko la morafe, Northam

Re ka rata go utlwa go tswa mo go wena. Amandelbult Times ke serala sa gago sa go arogana megopolo le dikgang ka ditiragalo mo merafeng e e dikaganyeditseng Amandelbult Complex.

Ke babadi ba rona ba ba tlileng go dira Amandelbult Times kgatisô ya dikgang e e mosola. O tlhoka go re thusa go ka tlatsa

lokwalodikgang ka dikgang tse di tlileng go go kgatlisa. Re itsese ka se se diragalang mo tikologong ya gago le gore ke mang yo o o ka batlang go mmona a tlotlomaletswa diphitlhêlêlô tsa gagwe.

RE ROMELELE EMAILSe o tlhokang go se dira ke go re romelela ka email di kakgêlô tsa gago le di kakanyô tsa gago mme rona re tlile go boela mo go wena go ka tsaya polêlô. O ka fitlhela mafoko le setshwantshô sa gago mo kgatisông e e latelang ya lokwalodikgang.

MABAKA LE DIKEMO• O tlile go tlhoka go re fêpa ka leina le sefane

sa gago mmogo le leina la tikologo e o dulang go yona.

• O ka elêtsa go nna motlhôkaleina fa o batla. Leina la gago ga le kitla le gatisiwa mo lokwalodikgang le, mme fela o santse o tla tshwanelwa ke go fêpa morulaganyi wa lokwalodikgang ka maina a gago mme ga a kitla a go senola.

Amandelbult Times e gatisitswe ke Anglo American Platinum, 55 Marshall Street, Johannesburg, South Africa. E rulagantswe le go anamisiwa ke lokwalodikgang la Platinum Bushvelder.

[email protected]

3AMANDELBULT TIMES KGATISO YA 36 DIKGANG

Re dira mmogo le wena, metse ya rona, go go tlamela ka tshegetso e le ntsi mo go ka kgonegang ka motsi wa leroborobo la COVID-19, go bua Natascha Viljoen, CEO ya nakwana ya Anglo American Platinum.

Anglo American e mo maemong a go dira pharologano mo dikgaolong

tse e dirang mo go tsone kanako ena e lefatshe le leng mo mathateng. Dikarolo tsotlhe tsa dikgwebo tsa Anglo American (go akaretsa Platinum, Coal South Africa, Kumba and De Beers) di golagana le banna-le-seabe ba metse selegae ya rona, go akaretsa bogosi le baeteledipele ba dikereke, le diagente tsa mmuso go tla ka leano le metse e tla le dirisang la COVID-19, le letlileng go nnateng go ralala metse selagae mo kgaolong tsa borwa ba Aforika.

Go dirisana le banna-le-seabe ba, re kaya mafelo a reka neelanang ka tshegetso e e tlileng go dira pharologano e ntsi mo metse selegaeng ya rona, re thusa go fokotsa ka moya COVID-19 mo go bao baling bosisi le go neelana ka thuso mo dikgaolong tse di tlhokang pholo le go fi tlhelela go dira diteko.

Sengwe le sengwe se COVID-19 e re tlelang sone, Anglo American Platinum e tlile go nna e tsepame ka ga tshireletsego, pholo le boitekanelo jwa batho ba bone,

mo dikgwebong tsa rona le mo metseng ya rona.

Ka motsi wa tswalo ya naga, re fokoditse thata mo dikgwebong tsa rona mme re tlile go fokotsa gape fela fa mmuso o re naya tetla.

Jaaka indusetiri ya moepo e tshameka karolo e e botlhokwa mo ikonoming jaaka mothapi, moduela lekgetho, moreki wa dithoto le ditirelo, le moungwedi wa bogwebi jwa bodichabachaba, tona ya Mineral Resources le Energy o buile le indusetiri go tlogela dingwe tsa ditiro di dira, koo ditshekatsheko tsa matshosetsi a pholo a bontshitseng go sireletsegile go dira jalo.

Phokotso ya sešheng ya ditikwatikwe go fi tlhelela pholo e e sireletsegileng le tlhokomelo ka motsi wa tswalelo e ama madirelo a moepo mo tlase ga lefatshe ko Amandelbult, Mototolo, Modikwa le Kroondal joint ventures, jalo le Mortimer Smelter le Waterval Smelter,tse di amogelang tsepamiso mo madirelong ao.

Madirelo ko di refi neries a fokoditswe ka nako motsi wa tswalelo ya malatsi a le 21.

Zimbabwe e begile tswalelo ya malatsia le 21 go tloga ka Mosupologo, 30 Mopitlwe, mme re tlile go tsaya madirelo a Unki Mine a beilweng mo tlhokomelong ka tlamelo ka motsi wa ona.

Mo tseleng le melawana ya mmuso wa Aforika Borwa, re sekasekile bokgoni jwa go tsweletsa madirelo a mangwe ka badiri ba ba ko tlase. Madirelo a moepo a a bulegileng ko Moepong wa Mogalakwena a tlile go tswelela go dira ka badiri ba ba fokoditsweng le Polokwane Smelter e tlile go dira go fi sa didiriswa tse go furnace matte.

Re itse botlhokwa jo madirelo a rona bo bo tshamekang mo metse selegaeng le go nna a itlamile go neelana ka ditirelo, di akaretsa tlamelo ya metsi, ditirelo tsa pholo, thuso ka ditirelo tsa tshoganyetso le tlhokomelo ya mafaratlhatlha ka motsi wa tswalelo. Re tlile go tswelela go bona gore re ka tsweletsa jang tshegetso go metse ya rona mo nakong ena e thata.

Go botlhokwa gore Anglo American e tshegetsa maatla a ga Tautona Cyril Ramaphosa ka botlalo ka go fokotsa kanamo ya mogare. Re leboga mongwe le mongwe o ntse a latela melao le melawana.Ke fela fa re dira mmogo mo re tla kgonang go lwantsha leroborobo le ka katlego.

Re tlile go tswelela go goneela dikitiso ka metlha, re dirisa dikanala tsotlhe tse di teng.Tsena di akaretsa di seteishane tsa radio tsa kgaolo, di tshwana le Capricorn, North West FM, Thobela FM, Kgatleng FM, Motsweding FM le Madibeng. Re tlile go tswelela gape go gatisa lokwalodikgang la rona la

motse, le le tlileng go anamisiwa ko mabenkeleng a a mokgaolong ya gago.

Gopola gore go nna moagi o o maikarabelo go mo pelong ya go fokotsa mokgoleo le go emisa mogare ona. Latela ditaelo tsa ga tautona fa a re bolelela go nna ko gae. Fa o tshwanelwa ke go tswa, ka kopo tshwara sekgala go tswa go ba bangwe.

Ke le rotloetsalotlhe go nna le sireletsegile le go dirisanammogo le batlhankedibamolao.

A mongwe le mongwe a nne maikarabelo gore rotlhe re nne re sena COVID-19.

GOTLHOLA SENTLE Ka gale gotlholela kgotsa ethimolela mo sekgonong sa gago kgotsa tissue

TLHAPA SENTLE Tlhapa diatla tsa gago ka gale o dirisa sesepa kgotsa setlosa megare sa diatla

O ITLHOKOMELEItlhokomele ka tsatsi le letsatsi go matshwao a a tshwanang le mokgotlhwane mme o letsetse tikwatikwe ya gago ya pholo fat se di tlhaga

4 KGATISO YA 36 AMANDELBULT TIMESDIKGANG

Gopola, diatla tse di phepa di ka boloka matshelo!DIRA “TIPPY TAP” GO TLHAPA DIATLA Fa o sena metsi a pompo, UNICEF e na le kgakololo ya go dira “tippy tap” ka botlele e e phepa ya litara tse pedi le lethomponyana la go goga:

Bokanaka 7cm go tswa mo tlase ga botlele, dira phatlhanyana mo tlhakoreng (dirisa terata thuthafaditsweng ka kerese).

Tsenya lethomponyana mo go yone.

Tlatsa botlele ka metsi a a sesepa mme o tswale sekhurumelo thata.

Le beye mo shelofong kgotsa le kaletse ka mogala.

Fa o bula sekhurumelo bikinyana, metsi a tlile go tswa ka lethompo.

Re tshegetsa kgato ya mmuso wa Aforika Borwa ya go fokotsa kanamo ya mogare wa corona, e e akaretsang tswalelo ya nakwana ya dikolo tsotlhe tsa Aforika Borwa le ditheo tsa thuto e kgolwane. Baithuti ba ka tswelela go ithuta ko gae le go konosetsa curriculum ya bone. Baithuti ba na le tetla ya mahala go tsena go Vodacom Digital Classroom le e-School, e e akaretsang curriculum ya bosechaba. Didiriswa tsa tshegetso ya go ithuta le go ruta e akaretsa ditlhatlhelelo tsa video, dibuka tsa digital, ditlhatlhobo tsa online, tshekatsheko ya kgatelopelo ya serutwa le tlhabololo e e tswelelang ya barutisi.

FA O TLHOKA TSHEDIMOSETSO KA GA CORONAVIRUS

• Letsetsa COVID-19 hotline go 0800 029 999.

• Romela ‘hi’ go Whatsapp go COVID-19 Connect go 060 012 3456.

• Etela website www.sacoronavirus.co.za

MOGARE WA CORONA: NNA O SIRELETSEGILE

Jaaka Dikuno Tša Sechaba Community Development Trust, re itlamile mo go boneng ponelopele ya “Metse e Itsetsepetseng e Gola ka Katlego, go Ralala le Go Feta Moepo”.

Go akaretsa mokgwa wa bophelo, thuto, pholo le phokotso ya bohuma, mananeo le matsholo a re a tshegetsang a kgontsha metse go lebagana le dikgwetlho tsa bone le go bopa bokamoso jo bo itsetsepetseng go feta botshelo jwa moepo.

Matshwenyego a rona ka ga tshireletsego le boitekanelo jwa metse e e dikaganyeditseng Platinum’s Amandelbult Complex go akaretsa kamo ya CORONAVIRUS (SARS-CoV-2), e e anamang lefatshe ka bophara le mo Aforika Borwa, e baka BOLWETSE JO BO TSHELANWANG (COVID-19).

Tlhapa diatla tsa gago ka metlha ka sesepa le metse bonnye metsotswana e le 20.

Gotlholela kgotsa ethimolela mo sekgonong sa gago kgotsa tissue, mme o latlhele tissue mo motemeng fa matlakala ka gangwe.

Nna ko gae go tloga ka di 26 Mopitlwe 2020 ka motsi wa bosechaba wa thibelo ya motsamao wa batho malatsi a le 21, ntle le ditirelo tse di botlhokwa.

Dintlha go ya pele di teng go https://sacoronavirus. co.za/2020/03/23/south-african-lockdown-guidelines-information/

Efoga go atumelana thata le batho ba ba lwalang – nna bonnye 1.5m kgakajana.

Se kgome matlho a gago, nko kgotsa molomu.

Phepafatsa le go phimola dilwana tse di kgoniwang thata le bodilo.

KA TIRISANO MMOGO LE LEFAPHA LA BOSECHABA LA PHOLO LA AFORIKA BORWA LE UNITED NATIONS CHILDREN’S FUND (UNICEF), RE RATA GO AROGANA DIKAEDI TSA GO THUSA MONGWE LE MONGWE GORE A NNE A SIRELETSEGILE, LE GO TSHEGETSA BAITHUTI KA GO ITHUTA ONLINE FA DIKOLO DI TSWETSE.

Metse e Itsetsepetseng e Gola ka Katlego, go Ralala le Go Feta Moepo

MOLAETSA GO TSWA KO DIKUNO TŠA SECHABA COMMUNITY DEVELOPMENT TRUST

Baithuti, barutabana le batsadi ba ka bona didiriswa tse, data ya mahala, ka go latela dikgato tse:

1. Tsenya karata ya Vodacom SIM mo mogaleng wa letheka o o nang le internet, tablet kgotsa khomputara.

2. Go baithuti, e ya go e-Shool ko https://www.vodacom.co. za/vodacom/services/ vodacom-e-school mo mogaleng wag ago, tablet kgotsa khomputara

3. Latela ditaelo mme o tsenye ditlha tsa gago tsotlhe go ikwadisa.

4. Tlhopha mophato wa gago le dirutwa mo mafaratlhatlheng mme o simolole go ithuta.

Go barutabana, e ya go Vodacom Digital Classroom at http://www.digitalclassroom. co.za/digitalclassroom/

Re tshegetsa ka botlalo kgakololo ya go fokotsa kanamo ya mogare wa corona e e tlametsweng ke Lefapha la Bosechaba la Pholo la Aforika Borwa, mme re rotloetsa metse go latela dikgakololo:

5AMANDELBULT TIMES KGATISO YA 36 DIKGANG

Ga o nosi fa o ikgaoganya le batho go thusa go sireletsa pholo ya sechaba sa rona ka motsi ona wa go itswalela, e e tlileng go fela ka 23:59 ka di 16 Moranang. Fa o tlhoka thuso kgotsa tshedimosetso, letsetsa megala ena. COVID-19 tshedimosetso le tshegetsoTshegetso ya WhatsApp 0600 123 456Nomore ya potlako 0800 029 999Website sacoronavirus.co.zaGender-based violence (GBV)GBV command centre: 0800 428 428 kgotsa *120*7867#

go tswa mo mogaleng mongwe le mongwe wa letheka

Family Violence, Child Protection and Sexual Offences Unit (women abuse) helpline

0800 150 150

Batho ba ba nang le bogoleSMS ‘help’ to 31531Tshotlakako ya bana kgotsa go se ba tlhokomeleChildline 0800 055 555BosinyiSAPS Crimestop and anonymous tipoffs 0860 10111SAPS SMS Crimeline SMS 32211National SAPS service complaints 0800 333 177 kgotsa

[email protected] tsa pholo le tshedimosetso Coronavirus hotline 0800 029 999National Institute of Communicable Diseases www.nicd.ac.zaWorld Health Organization www.who.intLefapha la Bosechaba la Pholo www.health.gov.zaNational Aids helpline 0800 012 322Mathata a tlhaloganyo South African Depression and Anxiety Group WhatsApp 076 882 2775 kgotsa

0800 21 22 23 kgotsawww.sadag.org kgotsa Facebook: The South African Depression and Anxiety Group

Suicide helpline 0800 567 567 kgotsa 0800 456 789Go utswiwa ga bathoMogala wa bosechaba wa thuso ya go utswiwa ga batho

0800 222 777

Fa o sa bone thuso ko seteisheneng sa mapodisi sa selegae, le fa o leka, o ka letsetsa:

Fa o sa kgona go bona thuso ko porofenseng o ka letsetsa:

Mogala Mogala wa letheka

Fax Email

Kapa Botlhaba 040 608 7078 082 301 8275 040 608 7122 [email protected] State 051 411 7880/7815 071 412 2391 051 411 7816 [email protected] 011 274 7786 086 026 7787 011 274 7792 [email protected] 031 325 5951/4886 079 877 6536 031 325 4952 [email protected] 015 293 7186 072 149 9927 015 293 7187 [email protected] 013 759 1438/ 1437 082 565 6447 013 759 1461 [email protected] Bokone 053 802 7400 063 686 5236 053 832 2374 [email protected] Bophirima 018 299 7939 082 856 0995 082 856 0995 [email protected] Bokone 021 409 6535 082 469 7721 021 409 6577 [email protected]

Bosechaba Tel: 0800 333 177 Fax: 012 393 5452 Email: [email protected]

KakaretsoMogala wa kantoro ya moporesidente 17737Go bega ditlhwatlhwa tse di okediwang go se maleba

0800141880

Support for small, medium and micro-enter-prises in distress

0860 663 [email protected] www.dsbd.gov.za

National crisis line 0861 332 332SASSA call centre (social grants) 0800 60 10 11PostBank call centre 0800 53 54 55Department of Trade and Industry 0800 000 6543Lefapha la Merero ya Selegae 08600 601190Department of Water and Sanitation 0800 200 200Lefapha la Tourisim 0860 868 747

Ka go kopanya lenaneo la go tlholwa ga turberculosis (TB) le kalafi mmogo le diteko tsa HIV le kalafi, Anglo American Platinum e atlegile mo go kgaoleng dipalopalo tsa TB ka 50% mme e fitlheletse gape dino Dichaba Kopano tsa 90:90:90.

Fa 2020 e simolola, re fitlheletse:MAEMO:

97% ya badiri ba Anglo American Platinum ba ne ba itse maemo a bone a HIV ko bokhutlong ba 2019.

KALAFI:

91% ya badiri ba ba tshwaeditsweng ke HIV ba Anglo American Platinum ba ne ba le mo kalafing ya di anti-retroviral ko bokhutlong ba 2019.

SUPPRESSION:

91% ya badiri ba Anglo American Platinum ba ba tshwaeditsweng ke HIV ba ne ba le mo kalafing ya di anti-retroviral ko bokhutlong ba 2019 ke gab a fitlheletse viral load suppression.

Lenaneo la setlamo la go tlhola badiri ba ba tshwaeditsweng ke HIV go

ba tlhola TB le go netefatsa fa ba amogela kalafi e e maleba le bone Platinum ka bofefo le fokotsa palo ya badiri ba ba tshwerweng ke TB.

Bokanaka 1% ya maAforika Borwa ba nna le TB ngwaga mongwe le mongwe, mme go feta 70% ya batho ba gape ba tshwaeditswe ke HIV. Platinum e dirisitse lenaneo la yone la diteko le kalafi ya HIV go atolosa tlholo le kalafi ya TB. Jaaka dipholo, dipalopalo tsa tshwaetsego ya TB di kgaotse ka legare le bikinyana ya badiri ba ba tlhokafetseng bakeng la TB.

Ka 2016, dipalopalo tsa tshwaetsego ya TB tsa Platinum ene ele 660 mo bathong ba le100, ka boreo go feta palo magareng ya Aforika Borwa.

Malebo go botsamaisi jo bo matlhagatlhaga ba TB le kitsiso ya isoniazid prophylaxis (kalafi ya TB), e kopane le matsholo a HIV, dipalopalo tsa tshwaetsego ya TB tsa Platinum di fokotsegile go ya go 328 ka 2019 ka boreo ko tlase ga palogare ya bosechaba ya 567 mo Aforika Borwa.

Badiri ba le bararo ba tlhokafetse ka TB ka 2019, phokotsego go tswa go 14 ka 2016 le 63 ka 2013.

TB ke bolwetse jo bo tshelanwang ka palo e e kwa godimo ya kanamo, ka jalo go fokotsa palo ya dikgetsi tsa TB ka boreo go fokoditse matshosetsi a batho ba tshwaetsega ke TB ko tirong. Mo ngwageng tse pedi tse di fetileng, ga gona kgetsi ya TB e e bonweng ko tirong e e kile ya begiwa ko Platinum. Sena ke phitlhelelo e nngwe e tona.

“Ko Anglo American Platinum, re itlamile go Zero Harm – thakantsho e e sa feleleng fela mo dikotsing tsa tshireletsego ko lifelong la tiro, mme e atologela gape go pholo le boitekanelo jwa badiri ba rona,” go buile executive head, technical, Gordon Smith.

“Go dira tlhaloganyo go tlhola le go dira badiri ba ba tshwaeditsweng ke HIV diteko tsa TB, le go netefatsa fa ba amogela kalafi e e maleba le tshegetso. TB ke bolwetse jo bo alafegang, mme balwetsi ba tshwanetse go nwa ditlhare tsa bone gore e fole.”

O garetse ka gore: “Re motlotlo thata ka tiro ya baoki ba rona, le ya badiri ba rona, bao ba latelang tsela tsa kalafi ya bone. Ka jalo, makgolo a batho ba phela matshelo a a siameng a itekanetse”.

Platinum e fitlheletse le go feta ditekanyetso tsa UNAIDS 90:90:90!Platinum e tsere ditekanyetso tsa UNAIDS 90:90:90 ka 2016. Ka 2020, re ne re batla:• bonnye 90% ya badiri ba

rona be ba itse maemo a bone a HIV;

• bonnye 90% ya badiri ba ba tshwaeditsweng ke HIV be ba amogela kalafi ya di anti-retroviral; le

• Bonnye 90% ya badiri ba rona ba ba mo kalafing ba fitlhelele maemo a mo mogare o sa tlhole o bonala (sena se bidiwa go fitlhelela viral-load suppression).

NO MEAN FEAT!Ka nako ya fa re ne re ya go gatisa, mafaratlhatlha a UNAIDS a begile gore, lefatshe ka bophara, 79% ya batho ba ba tshelang ka HIV ba ne ba itse maemo a bone, 90% ya bao ba ne ba itse maemo a bone ba ne ba dirisa di antiretrovirals, mme 53% ya batho ba ba tshelang ka HIV ba ne ba fitlheletse viral suppression.

Motlamedi: www.unaids.org/en/90-90-90

6 KGATISO YA 36 AMANDELBULT TIMESDIKGANG

Bao basa obameleng fa gotwe go nniwe ko gae le go sa ko kopane le batho go fi tlha bosigogare ba Labone, 16 Moranang, ba ipaya le go baya ba bangwe mo kotsing – mme e seng fela ya go tshwarwa ke COVID-19. Melao ke e e gagametseng le dikatlaganediso tse di ntshitsweng go ya molawana wa Disaster Management Act (DMA) ka di 18 Mopitlwe di tiile.

SA NNENG SETLHOPHA

DIKOTLHAO LE KGOLEGELO O SANTSE O NA LE DITSHWANELO

O DIRA ENG FA O TSHWERWE

NNA KO O LENG TENG

SOLOFELA GO KA TLHATLHOBIWA TIRISANO MMOGO

Ga gona dikopano tse di letleletsweng, ntle le dintsho, re tshwanetse go latela melao e e gagametseng. Molao o o reng batho ba ba ko tlase

ga 100 ba ka kopane ga o sa tlhole o dira.

Batho ga ba letlelelwa go kopana mo tseleng nngwe le nngwe ya sechaba, mo moagong mongwe

le mongwe kgotsa mo lefelong lengwe le

lengwe.

Fa o sa tsamaisane le melao ya DMA, ke tlolomolao.

Fa o tshwere kgotsa tlolomolao, o ya go tshwanelwa ke go duela kotlhao kgotsa o ka ya

kgolegelong go fi tlha dikgwedi di

le thataro.

Go ya ka Molaotheo, mongwe le mongwe o o tshwerweng o na le tshwanelo ya go didimala le tshwanelo ya go bona mmueledi.

Fa mongwe a sa tsamaelane le taelo ya go tlamela ka bopaki jwa kalafi , motlhankedi o tshwanetse go bona lekwalo tetla go sena, mme motho o ka tshwarwa diura di le 48 fa lekwalo le santse le ntshiwa.

Fa motho a gana goya go nna a le nosi kgotsa go tikwatikwe ya quarantine, mmagiseterata sa ntlha o tshwanetse go ntsha taelo go motho go ya koo pele fa motho a ka patelediwa goya.

• Diga mowa. Se tshoge.

• Dirisana le motho o o go tshwarang.

• Ka boikokobetso kopa motho o o go tshwarang leina la gagwe, mogala wa letheka, leko a direlang gone, le mabaka a a go tshwarelang one.

• Ka boikokobetso kopa motho o o go tshwarang kgatiso ya lekwalo la tshwaro/ kgotsa taelo ya kgotlhatshekelo.

• Ka boikokobetso botsa motho o o go tshwarang gore ba batla go go isa kae.

• Ka boikokobetso kopa go buisana le mmueledi.

• Elatlhoko o se bue bopaki bope kgotsa kgang tse o tla itlhakatlhakanyang.

Batho ga ba letlelelwa go tswa mo porofenseng e nngwe go ya go e nngwe, kgotsa magareng ga ditoropo le dikgaolo tsa magae. Melolwane yotlhe ya Aforika Borwa e tswetswe. Dijanaga tsa botlhe di letleletswe fela mo dikgetsing tse di rileng mme dijanaga tsa botlhe ga di a tshwanela go nna le palo e e fetang halofo ya batho b aba tshwanetseng go ba pega. Melao e e gagametseng ya bophepa e a diragadiwa mo dijanageng tsa botlhe.

Fa o tshwanelwa ke go ya tirong bakeng la fa o le modiri wa ditirelo tse di botlhokwa, o tshwanelwa ke go nna le lekwalo la tetla le wena, bosupi ba go romelwa tirong ke matona, lekwalo itshupo la gago kgotsa lekwalo la go kgweetsa, le bosupi jwa bonno. Gape go a rotloediwa gore o nne le dikgatiso tsa tetla ya gago, fa go ka diragala gore o tshwanetse o fe motlhankedi wa molao e le nngwe. Ga go a letlelelwa maeto a a seng botlhokwa kgotsa go ema ema go batho ba ba tlamelang ditirelo tsa botlhokwa mme go a rotloediwa gore ba tshwanetse go latela tsela e le nngwe go ya le go tswa tirong.

Motlhankedi wa molao a ka go bolelela go neelana ka tlhatlhobo ya kalafi le go go pateletsa go nna

le yona fa o gana.

O ka tshwanelwa ke go tsaya ditlhare kgotsa go ineela go kalafi mme o ka patelediwa go ya ko tikwatikweng ya kalafi , tikwatikwe ya quarantine kgotsa go arogana le batho.

Go tiisa melao ena, lekwalo le tshwanetse go rebolwa, mme o ka bewa go nna o le nosi

diura di le 48 fa lekwalo le ntshiwa.

Batlhankedi ba molao ba na le maatla a go mametlelela melawana ya DMA mme fa o sa tsamaisane le taelo tsa bone tsa molao, o ka tshwarwa. Efoga go refosana mafoko le motlhankedi wa molao.

Maatla a batlhankedi ba molao ba nang nao a akaretsa:• Go thibela dikopano• Go laela batho go neelana ka bopaki ba kalafi • Go laela batho go tlhatlhelwa ko tikwatikweng

ya kalafi , tikwatikwe ya quarantine kgotsa go aronngwa le batho.

7AMANDELBULT TIMES KGATISO YA 36 MOTSE

Madume #LOCKEDIN

Ke nnete, tautona o tsere dikgato tse di gagametseng, mme ka lebaka le le maleba – go sireletsa matshelo a batho ba Aforika Borwa. COVID-19 e setse e bolaile batho ba feta 24, 000 go ralala lefatshe mme, fa kene ke kwala se, go feta halofo ya million ya batho ba ne ba setse ba tshwaetsegile. Sena ke bonnete! Eya, ga go bontshe fa bana le bašha gantsi ba bontsha matshwao fa ba tshwaetsegile ke mogare o mošha wa corona. Ba ka seke ba itse le gore ba a lwala… mme b aka e fetisetsa ko bathing ba bangwe! Mongwe le mongwe o o tshwaetsegang ke COVID-19 gantsi o ka e fetisetsa go batho ba le babedi kgotsa go feta, fa re ka tswelela fela jaaka o kare go siame. Nako dingwe o ka se lwale thata jalo key one, mme o ka e fetisetsa go mongwe o o ka lwalang thata key one. E kotsi thata go bagodi, batho ba ba nang le high blood pressure, sukiri, khupelo, mathata a pelo, TB kgotsa HIV/AIDS.

Batho ba re kopanang le bone, tšhono e e kwa godimo gore COVID-19 e tswelele go anama – mme ka lobelo ditirelo tsa rona tsa pholo ga ditle go kgona gotlhelele. Ke ka moo re sa tshwanelwang ke go nna fela ko gae, mme gape go obamela taelo tsa tshireletsego tse di beilweng, di tshwana le go efoga dikopano tsa loago. Sena ga se ka nna le wena, ke ka ga go boloka matshelo a di million tsa batho, go akeretsa baratiwa ba gago.

Ka kopo boloka 0600 123 456 mo mogaleng wa gago mme ore “Hi” go yona ko WhatsApp go amogela tshedimosetso e o ka e tshepang ka ga COVID-19 e o ka e aroganang le ditsala tsala tsa gago le lelapa. E ka boloka botshelo ba mongwe!

Itumelele nako ya gago ko gae. Fetsa nako ya gago o nagana le go dirisa monagano wa gago. Lebelela TV jaaka o rata. Buisa dikgangkhutshwe – kgotsa o e kwale. Tshameka di game mo mogaleng wa gago wa letheka. Tse tsotlhe tse go ntse gotwe o botswa go di dira ga jaana ke tsela e e siameng go go sireletsa le lapa la gago. Seo ke se bitsa phenyo! Nna o sireletsegile.

Rato laka ke leo Rakgadi

Fa ke gore ke leng le gore o apara jang mask:• Fa o itekanetse mme o sa tlhokomela motho wa COVID-19,

se apare mask. Mongwe wa o tlhoka go feta wena.• Apara mask fa o dirile diteko tsa COVID-19 mme o tshwaetsegile,

fa o gotlhola kgotsa o ethimola, kgotsa o tlhokomela motho o o nang kgotsa a akatswa a na le COVID-19.

• Bona kaedi ko tikwtikweng ya pholo ya selegae ka mofuta wa mask o o tshwanetseng go o dirisa, fa o tlhoka go o dirisa.

• Mask o dira fela fa gape o tlhapa diatla tsa gago bonnye ba

metsotswana e le 20 ka sesepa le metsi kgotsa ka setlosa ditwatsi se se nang le bonnye 60% ya bojalwa.

• Pele o apara mask, tlhapa diatla tsa gago jaaka go kailwe fa godimo.

• Thiba molomu le nko ya gago ka mask.• Netefatsa fa go sena sekgala magareng ga sefatlhego

sa gago le mask.• Tsenya mask o mošha fa o utlwa o o tsentseng o setse o lapile.• Se boeletse mask.

• Fa o apola mask, se kgome lepele la mask. O ntshe go tlhaga ko morago.

• Tsenya mask mo tining ya matlaka e e tswetsweng. O tshwanetse go latlhiwa ka tshireletsego, e seng go latlhiwa ke matlaka a mangwe a mo tlung. Botsa motlamedi wa gago wa pholo gore o dira jang se.

• Tlhapa diatla tsa gago ka gagwe, jaaka go kailwe fa godimo, morago ga go tsenya mask mo tining ya matlakala.

Madume Rakgadi

Tswalelo ena go bolaya botshelo jwa me le

batho. Nna le ditsala tsame re ne re na le maano

ka boikhutso ba sekolo mme jaanong ga jaana

re eme mo gae. Ke utlwile gore bagodi ke bone

ba kgonang go lwala thata… ke mošha, ke

itekanetse mme ke tiile, ka jalo keng gape lenna

ke tshwanetse go nna mo gae?

Mo nngweng ya ditlhopha tsa WhatsApp,

mongwe o kwadile gore fa o le mošha, ditšhono

ke gore o ka se bontshe matshwao ape mme,

fa o a bontsha, o tlile go ikutlwa fela o kare ke

mokgotlhwana.

Ka kakanyo yame, go utlwala gore batho b aba

ko tlase ga dingwaga di le 30 ba sireletsegile,

ka jalo keng le rona re tshwanetse go nna mo

quarantine?

Mme le fa re tshwanelwa ke go nna ko gae,

ke eng ditsala tsame di sa kgone go nketela?

Ga ke battle go nna megabaru; ke ikutlwa o

kare dikgato tse ke tse di tseneletseng thata.

O nagana eng?

Lerato

#LOCKEDIN

Source: www.who.int

Ditlamorago tse di maleba tsa thuto le matlafatso ya nnete ya metse le phetolo e ikaegile mo go boning tikologo e itekanetseng e tiile ya go ithuta.

Mo tirong ya go dirisana mmogo le metse ya selegae go tlisa phetogo e e maleba, Anglo American e kaile

tlhokego ya printer ko Sefikile Primary School. Ga go a senngwa nako mo go fitlheleleng tlhokego ena.

Ka di 3 Mopitlwe, lefapha la tiragatso ya loago la Mortimer Smelter le Amandelbult Complex le abile HP printer ko sekolong.

“Mosola wa rona ke go naganisa moepo gape go tokafatsa matshelo a batho mme kabelo ena e kaya nngwe ya ditsela di le dintsi tse re di lekang go tokafatsa matshelo a maloko a metse selegae. Kabelo ena ya printer e mo tseleng gape le matsapa a Anglo American go tokafatsa dipholo baithuti,” go buile motsamaisi wa ntshodikuno Mortimer Smelter Sam Ngaka.

Monnasetilo wa balaodi ba sekolo ko Sefikile Primary Lesego Moilwa o lebogile Platinum ka printer “Re ne ka tlhoka printer ka nnete go netefatsa fa baithuti botlhe ba bone dikgatiso tsa diporojeke tsa sekolo le ditirogae. Re a leboga!”

GO BAYA THUTO PELE… Motsamaisi wa ntshodikuno Mortimer Smelter Sam Ngaka (ko morago, mo gare, ka sekipa sa mmala botala ba legodimo) le mogokgo wa Sefikile Primary School Amo Molefi ba tshwaile neelano. Ba dikaganyeditswe ke barutabana ba sekolo, jalo le bangwe ba badiri ba Platinum.

DIDIRISWA LE THUTO… State-of-the-art HP printer e abetswe Sefikile Primary School.

Rakgadi o phela a le teng mo Amandelbult Times. O itumetse go go neela kakanyo ya gagwe le dikgakolo mo mathateng a setho go babuisi ba rona ba ba mo kopang thuso ka go kwala.

Romelela Rakgadi email go [email protected]. Ka kopo bua leina la gago le ko o nnang teng. Fa o rata go nna tlhoka ‘ina, ka kopo bua jalo.

O na le bothata mme o tlhoka thuso?

BOITATOLO: ka kopo ela tlhoko gore Rakgadi ke motho wa maitirelo. Diphetolo tsa gagwe di tlhokometswe ke setlhopha sa baatlhatlhi ba dikgang tsa Amandelbult Times.

MELAO LE DIPEELO: Phetolo e e kwadilweng fa godimo ga e kaye thotloetso ya porofešhenale. Anglo American Platinum, Platinum Publishers le badiri ba bone le di agente ga ba amogele maikarabelo ape a a amanang le tiragatso e e ka tsewang ka ntlha ya phetolo ena. Tshedimosetso le dikakanyo tse di fa godimo di aroganwe ka tshepo e ntle le go ikaega mo metsweding e go dumelwang e tshepagala. Lefa gole jalo, ga gona kemedi, tlhomamiso, ya go tsaya kgotsa netefaletso ya mofuta ofe kana ofe e e dirwang kgotsa e e nelwang mabapi le tsepamo le/kgotsa konosetso kgotsa tshedimosetso ena le/kgotsa nnete ya dikakanyo tse.

Forgood e go thusa go bona tirelo e e tshwanelang dikgatlhego tsa gago, ko o leng teng! Go bonolo go ithaopa ka nako ya gago, bokgoni kgotsa sengwe le sengwe se o ka neelang ka sona.

O ka dira pharologano e kgolo ya leruri go tirelo kgotsa mongwe yo o tlhokang, ka go ikgolaganya mo forgood – Serala sa mafaratlhatlha se se kopanyang maAforika Borwa a mantle le tirelo tsa mmakgonthe.

011 325 2594

[email protected]

We provide centres for the reception, care and development of orphans, vulnerable children and the youth.

We empower children, families and communities to restore their dignityand independence.

We offer therapeutic services, advocacy to families and communities.

[email protected] | www.thabang.org | Klipgat Farm, 348 KQ: Thabazimbi

073 467 2185 | 083 296 6940

A HOMEFOR THE

HOMELESS

[email protected]

ABRAHAM KRIEL KINDERHUIS

014 717 5264We care for more than

170 children aged 2 to 20.We are in need of food, clothes, toiletries

and love for the children in our care.

The SAVF renders welfare and welfare-related services to individuals and families in the community to empower them to improve their quality of life.

014 777 1093

[email protected] Park Avenue, Thabazimbi

SAVF THABAZIMBI

www.savf.co.za • Child and youth care • Family care • Aged and disabled care• Social development

072 463 3657 | 060 635

6233SPITSKOP

SPECIAL NEEDS SCHOOL

Spitskop Plot 43,

portion 346 KQ: Thabazimbi,

0380

offi [email protected]

The school provides care, stimulation and education to children with pervasive developmental disorders, such as autism, Down syndrome, epilepsy, brain damage, cerebral palsy, learning barriers and other problems that affect normal development.

ST P

SAPS Crime Stop08600 10111

Gender-Based Violence Command Centre0800 428428 | 0800 GBV GBV

Childline - Report child abuse0800 055 555

Family and Marriage Society of South Africa011 975 7107

Crisis Line0861 574747

National Crisis Line –counselling service086 132 2322

HELPLINE0800 150 150

GENDER VIOLENCE

tbzanimalrescue.weebly.com

[email protected]

THABAZIMBI ANIMAL RESCUE (TAR)

084 885 6487 PLEASE

DONATE CAT AND

DOG FOOD

We rescue and care for neglected or abandoned

animals in and around Thabazimbi.

8 KGATISO YA 36 AMANDELBULT TIMESTIRELO SECHABA

9AMANDELBULT TIMES KGATISO YA 36 DIKGANG

DIRA SETLOSA MEGARE SA GAGO SA DIATLA

COVID-19 E TSENE JANG MO SA?Batho ba ba etang ka nako dingwe ba tla le bolwetse gae. Maeto magareng ga SA le dinaga tse dingwe a bakile dikgetsi tsa ntlha di le malwa. Ga jaana ya anama.

TLHOPHO YA 1Dirisa dikhurumelo tse 3 tsa Dettol mo litareng ya metsi.

TLHOPO YA 2Dirisa dikhurumelo tse tharo tsa Jik mo litareng ya metsi. Dirisa seitshaso sa diatla go fokotsa botlhoko.

Leroborobo la coronavirus nomore ya hotline ura dile 24

0800 029 999Setlhopha sa WhatsApp SA coronavirus

060 012 3456

COVID-19 KE ENG?COVID-19 ke bolwetse jo bo bakwang ke mogare o mošha wa corona jo bo tshwaetsang masole a mmele.

LETSHOGOAforika Borwa e mo maemong a a gale a kanamo ya COVID-19. Re tshwanetse go nna re ipaakantse le go itse gore re dire eng fa kanamo e nna mo maemong a a masisi. Letshogo la kanamo go ya pele mo nakong ena ke yone sera se segolo. O tshwanetse go diga makgwafo mme o netefatse fa o dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang go sireletsa baratiwa ba gago. Re ka kgona e bile re tlile go se feta se.

KALAFIGa gona kalafi e e rileng e e teng. Dithusa mmele ga di fodise tshwaetsego ya mogare. Mme fela, dithusa mmele di ka tlhokega fa mogare wa maemo a bobedi o tlhaga.

THIBELO• TLHAPA DIATLA kgapetsakgapetsa mme o tshole setlosa megare sa diatla.• Nna le BOPHEPA JWA MAEMO A NTLHA.• SA TSAMAE fa o nagana gore wa lwala.• Efoga BATHO BA BA LWALANG.• Efoga GO TSHWARA SEFATLHEGO SA GAGO pele o tlhapa diatla. • Se kgomane le ope. Nna bogolo 1.5m KGAKAJANA LE MONGWE LE MONGWE

(fa go kgonega). • Efoga mafelo a a tletseng phetelela – mo go ka kgonegang.

GO BONA TSHEDIMOSETSO E NTSI• www.sacoronavirus.com • www.who.int/emergencies/diseases/novel-coronavirus-2019/advice-for-public

FAO BONA MATSHWAO, BATLA KALAFI. Itsise motlamedi wa gago wa pholo pele o ya go ene ka maeto a o kile wa a tsaya le fa o kile wa amana nayo gongwe le gongwe ko e leng ntsi teng.

MATSHWAOGo lwala go go botlhoswana go ya go mo go tseneletseng ga mmele ka• go gotela• go gotlhola• go hema bokete le• mometso o o botlhoko

Ka metlha mo go tseneletseng metsotswana e le 20 ka sesepa le metsi kgotsa dirisa setlosa ditwatsi tsa diatla se senang le bojalwa

TLHAPA DIATLA TSA GAGO

10 KGATISO YA 36 AMANDELBULT TIMESMOTSE

Fa ke mareo a le malwa a a dirisiwang, a ronotswe go tswa mo Setswana. Itumelele go ithuta!

USEFUL PHRASES IN ENGLISH

Here are a few useful phrases, translated from Setswana. Happy learning!

Tshepa letswalo la gago! Fa sengwe se utlwala e se sone, ka nnete go sengwe se se phoso. Ntle le maikutlo a le a metlae (le fa go tiisitswe), go na le tsela di le nne tsa go bona botsotsi...

SECRETS Fa mongwe a go kopa dintlha tsa gago tsa polokelo ya madi pele o thapiwa, o saena konteraka kgotsa o newa setlankana

sa theko, o ka nna le bonnete ba gore ga se tse di tsamayang ka tsela. Tshwenyega fa mongwe a leka go batla go itse ntlha tse di tshwanetseng go nna sephiri sa gago – jaaka nomore ya sephiri, dintlha tsa polokelo ya madi, kgotsa dintlha tsa ID.

Ka kopo bega mongwe le mongwe o o lekang go go tsietsa ka go itira moemedi wa Anglo American Platinum mo mafaratlhatlheng a www.yourvoice.angloamerican.com kgotsa ka go letsetsa 087 232 5426.

CONTACTEla tlhoko thata fa mongwe a go letsetsa, segolobogolo fa o sa ba solofela. Se neelane ka tshedimosetso e e masisi

jaaka dintlha tsa gago tsa polokelo ya madi kgotsa nomore ya ID go mongwe le mongwe o o go letsetsang, le fa ba re ba tswa ko Anglo American kgotsa ko polokelong ya gago ya madi. Le fa o solofetse mogala, go a duela go nna kelotlhoko.

Bogolo batla dinomore tsa setlamo mme e nne wena o ba letsetsang.

Se letsetse mo nomoreng e moletsi a go neelang yone ntle le go tlhola pele fa e le ya setlamo se o naganang gore o bua le sona.

Fa o amogela email, netefatsa fa e le ya seemo sena:

[email protected]. Fa go se jalo, ga e tswe go ope wa ko

Anglo American Platinum.

AMAZING!Fa sengwe se galalela thata go ka nna nnete, ka gale ga se nnete.

Ke botsotsi! Ditlamo jaaka Anglo American di latela melawana e e tlhamaletseng fa ba thapa batho le kgotsa go reka dithoto le ditirelo.

MONEY!Fa mongwe a go kopa madi go neelana ka CV ya gago kgotsa mo dikgatong tsa thekiso, o ka nna le bonnete ba gore ke botsotsi. Anglo American

ga eke e duedisa fa e thapa e bile ga eke e kopa batlamedi madi kgotsa dikai.

Mongwe le mongwe o go kopang madi kgotsa dithoto ga a direle Anglo American mme a ka se go thuse go bona tiro kgotsa go bona thentara.

Go bona kapodiso e e maleba, bua le mongwe wa ditsala tsa gago o o buang Sekgoweng. O ka bona thanodi ya Sekgowa-Setswana gape go https://tn.oxforddictionaries.com kgotsa https://forvo.com/languages/tn/.

For the correct pronunciation, speak to one of your English friends. You can also access an English-Setswana dictionary at https://tn.oxforddictionaries.com or https://forvo.com/languages/tn/.

Stay indoors!

There is no need to panic.

Wash your hands regularly and thoroughly.

Cover your mouth and nose with your elbow or a tissue when you cough or sneeze.

Never spit in public.

How are you feeling?

My kids are at home with me.

We will get through this.

Keep busy with fun activities at home.

Stay in touch on social media.

Nna mo tlung!

Ga tlhokege gore o tshoge.

Tlhapa diatla tsa gago ka metlha go tseneletse.

Thiba molomu wa gago le nko ka sekgono kgotsa tissue fa o

gotlhola kgotsa o ethimola.

Se kgwe mathe mo phatlhalatseng.

O ikutlwa jang?

Banake ba mo gae le nna.

Re tlile go feta se.

Nna o dira o se se itumedisang ko gae.

Nna o le mo dinakong ka mafaratlhatlha a boitapoloso.