mme go ne go na le monna mongwe yo o - …...mme go ne go na le monna mongwe yo o bidiwang aborahame...
TRANSCRIPT
Mme go ne go na le monna mongwe yo o
bidiwang Aborahame yo o neng o sa dumele
gore setshwantso sa maitirelo ke Modimo.
O ne a itse gore Modimo ke mmopi, mme
ga a kitla a obamelwa ka medingwana.
Modimo o ne a bua nae a re,
“Aborahame tlogela motse ona wa
medimo e sele. Tlogela lelapa la gaeno
lotlhe le naga ya gaeno mme ke tla go
bontsha moo o tshwanetseng go ya gone.
Ke tla go dira Rre wa merafe e le
mentsi. Ke tla tshegofatsa bao ba go
tshegofatsang ke rogake bao ba go
rogakang. Mme mo go wena merafe
yotlhe ya lefatshe e tla tshegofadiwa.”
A na Aborahame e ka ba ngwana wa tshepiso
yo o tlileng go nyeletsa sebe le loso?
Aborahame o ne a itse gore lentswe le a le
utlwang ke la Modimo, mme a mo obamela a
sa itse kwa a yang teng. O ne a itse gore o
tlogela medingwana kwa morago gore a
latele Modimo yo o tshelang. Seo se ne se
lekane go Aborahame. Fela a tsaya
motlogolo wa gagwe Lote go tsamaya nae.
Leeto la Aborahame la mo
isa lefatsheng la Kanana.
Moo Modimo o ne a bua nae:
Aborahame, tsamaya
lefatshe lena ka bophara ba lona,
gonne ke tsile go naya lefatshe lena la
Kanana go wena le peo ya gago. Ke tla
dira gore o nne le bana ba le bantsi ba se
kitlang ba balwa, mme ba tla ntsifala
jaaka lerole la lefatshe.
Sara, Modimo o mpoleletse
gore o tla bona bana morago ga
dinyaga tse, tsotlhe.
O a itse gore ga ke
is eke bone thari, mme dinyaga
tsa me tsa go belega di fetile.
Nka ba le bana jwang?
Modimo a re o
tla tsala bana.
22
Erile fa Aborahame a le
lefatsheng leo la bojaki, o
ne a ema a neela Modimo
setlhabelo sa madi.
Jaaka Abele o ne a dira
setlhabelo ka tumelo, a
tseba gore ke moetsadibe,
yo o tshwanetseng ke loso.
Setlhabelo sa kwana se ke ke sa
tlosa dibe tsa gagwe, mme erile fa
Modimo a bona tumelo ya Aborahame,
Modimo a bipa dibe tsa gagwe.
Aborahame, dinyaga di
le lesome tse fetileng o rile,
Modimo o go boleletse gore ke
tla go tsalela ngwana, mme jaanong
ke dinyaga di le 75 mme wena 85.
Re ntse re tsofala, fela ga re na
ngwana. Go se kgale o tla nna
motsofe yo o se kitlang o nna le
ngwana. A o totobetse gore o
utlwile Modimo a bua jalo?
Ke ya itse gore ke Modimo yo o
buileng le nna, fela ga ke tlhaloganye gore goreng
go tsere lobaka lo lo leele jaana, O rile ke tla nna Rre wa
merafe e le mentsi, mme seo ke nang naso ke mmele o o
tsofetseng, mosadi yo o se kitlang a bona thari, le
letsomane la dinku le legolo thata.
O seke wa boifa
Aborahame, Ke tshireletso le
moputso o mogolo wa gago. Ke moputso o feng
o tla nneelang one, jaaka
ke sena ngwana?
Wena le Sara le
tla ba le ngwana.
Tlaya, Aborahame,
lebelela dinaledi mme o mpolelele
fa o ka di bala, bana ba gago batla
nna bangata jaaka tsone, mo
ba se kitlang ba balwa.
Wena le Sara le
tla ba le ngwana.
Jaaka o ntumela, tumelo ya gago e tla
kaiwa jaaka tshiamo. Tseba ka nnete gore
bana ba gago e tla nna baeng lefatsheng le eseng
la bone. Morago ga go boga dinyaga di le
kgolo-a-mane, ke tla otlhaya morafe oo, mme bana
ba gago ba tla tswa teng ka khumo e kgolo. Mme
ba tla tla mona go dula lefatsheng lena.
Dinyaga di le lesome morago ga mo
23
Tsholofetso ya
ngwana e kae? Ke ntse ke tsofala
tsatsi le tsatsi. Go ise go ye kae o ke
ke wa tlhola o bona o ngwana, mme nna
ga nkitla ke kgona go go tsalela ngwana.
22-2-1 The custom of the land...
Molao wa naga ena ke gore, malata
a me a ka ntsalela bana.
Molao wa naga
ena ke gore, malata a me
a ka ntsalela bana.
Aborahame, a ga o bone
gore ona ke monyetla wa rona wa
bofelo go ba le ngwana. Go ise go
be thari, tsaya mosadi yo gore a re
tsalele ngwana. E tla bo ele peo ya
gago. Seo ke thato ya Modimo. Go
seng jwalo o tla ba Rre wa merafe
e le mentsi jwang?
Ke yone tsela e le nosi fela.
Aborahame a seke a botsa Modimo ka sena.
A lebala ditshepiso tsa Modimo, mme a
obamela lentswe la mosadi wa gagwe.
24
Erile Hagare a itse gore o ithwele
ngwana wa Aborahame, a tlala
boikgantso mme a nyatsa Sara. Sara
a tlhoka lethabo mme a tlala lefufa.
Sara a dira gore Hagare a dire ka natla,
mme a mo tshola maswe. Modimo ga a
dira gore monna a dule le basadi ba
babedi, kgotsa go ba le bana le nyatsi.
Hagare a dira
maano a go tshaba.
Hagare a tshaba lapeng la Sara a tshabela
sekakeng. Erile fa a lapile moo a palelwang ke go
tsamaya, a wela fatshe ka kidibalo. Modimo a bona
Hagare pitlaganong ya gagwe, mme a bua nae.
Hagare a boela gae, mme erile
nako e fitlha ngwana a tsalwa.
Modimo o mpoleletse
gore jwalo ka ga ngwana e le wa
Aborahame, o tla nna Rre wa
merafe e le mentsi.
Ishemaele o tla nna rre
wa Ma-Arabe otlhe.
Hagare, boela go
Sara, o mo ikokobeletse. O
tsile go bona morwa, mme o tla
bidiwa Ishemaele, ka tlhaloso
ke gore, 'Modimo o a utlwa'.
Go tswa go ene go tla
bonwa bana ba le bantsi, ba se
kitlang ba balwa. Ishemaele e tla nna
monna yo o tlhaga. O tla lwantsha batho
botlhe, mme botlhe ba tla lwana nae.
O tla phela gaufinyana le
bo-monnawe botlhe.
Ke tsile go
ba le ngwana wa
Aborahame.
Fa o feditse
ka metsi o reme
dikgong.
Dikgwedi tse
mmalwa morago
ga mona
25
Aborahameo ne a le dinyaga
di le some-a-robedi thataro fa
Ishemaele a tsalwa. Nakwana
morago ga tsalo ya Ishemaele,
Aborahame o ne a tsofetse
gore a ka tsala ngwana. A
Ishemaele e ka nna ngwana yo
Modimo o mo tshepisitseng
Aborahame? Fela Modimo
o rile ngwana o tla tsala ke
Sara le Aborahame.
Erile Ishemaele a le some-le-tharo, Aborahame o ne a le
some-robongwe robongwe, Modimo a bua nae gape.
Ha-ha. Seo se tla
diragala jwang? Ke dinyaga di le 99
mme Sara o dinyaga di le 89. Mmele wa me o
tshwana le fa o sule. Ga re kitla re bona bana.
Ka kopo tlhe, A Ishemaele e nne ngwana
wa tshepiso.
Nyaa, jaaka ke le boleletse tshimologong,
wena le Sara le tla bona ngwana o eleng wa lona,
yo tswang mmeleng wa lona. Tshepiso ya tshegofatso
e tla fetediwa go ene, eseng Ishemaele. Ngwaga o
tlang Sara o tla tsala ngwana wa mosimane.
A seo se a kgonagala?…… Ee! Modimo yo
o entseng mmele wa motho, o a kgona go
tsaya mmele e le mebedi e tsofetseng
e e suleng a e phedise…. Ka nnete.
Modimo a ka dira jwalo!
Malatsi a mmalwa morago ga mona,
banna ba le bararo ba tlhagelela
ntlheng ya sekaka. Ba sa bonale
jwalo ka bao ba tswang kgole, mme
ba sa bonale jwalo ka badudi ba
moo. Ba ne ba le matla, boikanyo,
le dinyaga tse sa balweng.
Aborahame, Ke nna Modimo
Mothata-yotlhe. Dira tsotlhe tse ke go
bolelelang mme o se leofe. Jaaka ke go
boleletse pele, Ke tla atisa bana ba gago,
mme o tla nna rre wa merafe e le mentsi.
Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me le wena
le bana ba gago morago ga gago.
Ke tla neela bana ba
gago lefatshe la Kanana jwalo
ka boswa jo sa khutleng. Sara o
tla ithwala mme o tla bona
ngwana jaaka Ke tshepisitse,
yoo o tla nna tlhogo ya
merafe e le mentsi.
Aborahame a ba bona ba
atamela, mme a tseba gore ga se
baeng ba tlwaelo, fela se a neng
a sa se itse ke gore baeng ba
gagwe ga se ba lefatshe leno.
A Modimo o ka phetagatsa tshepiso ya
gagwe jwang, fa Sara le Aborahame ba
tsofetse mo ba se kitlang ba bona bana?
Ba babedi e ne ele baengele ba tshiamo,
mme wa boraro ele Modimo ka sebele, a
iponagaditse ka fa setshwanong sa moengele
gore a kgone go bua le Aborahame.
Aborahame a tswela ntle go ba kopanya.
26
Aborahame,
mosadi wag ago
Sara o tla tsala
morwa.
Ha-ha-ha
Goreng Sara a tshega
fa Modimo a re o tla
tsala ngwana?
Ka nnete o tshegile.
Ga o dumele. A go na le seo
se palelang Modimo? Ke tla boela
go wena fa nako e tsile ya gore o
tsale, mme o tla nna le ngwana.
A ke bolelele Aborahame
seo re tsileng go se dira? O tsile go
nna Rre wa merafe ele mentsi, mme o
tla ruta bana ba gagwe le ditlogolo
tsa gagwe go nkobamela.
Ee, o
tshwanetse
go itse.
Sebe sa Sodoma le
Gomora se ntsifetse thata. Ke tla
nyeletsa batho botlhe metseng
eo- banna, basadi le bana.
Fela motlogolo wa
me Lote le lapa la gagwe
ba tshela moo!
Ga ke a tshega.
Ke tsofetse jaana,
mme Aborahame ene a
tsofetse thata go na le nna, a nka
bona lethabo gape?
27
O seke wa ntenegela.
Go tla diragala eng fa ba
le some-a-mararo?
Modimo ga o kitla o nyeletsa basiami gangwe le ba ba bosula.
Fa go na le batho ba le some-a-matlhano mo motseng oo, a o tla
o boloka ka ntlha ya basiami? Ke a itse gore moatlhodi
wa batho botlhe o tla dira se se siameng.
Ke lerole fela, ga ke a tshwanelwa
go bua le Modimo, fela fa o ka fitlhela ba le
some-a-mane tlhano, a o tla ba nyeletsa ka
ntlha ya go tlhaela ba le tlhano?Fa go na le ba
some-a-mane tlhano ga
nkitla ke o nyeletsa. Go tla diragala eng fa o ka
fitlhela ba le some-a-mane?
Ga nkitla ke o nyeletsa
fa nka fitlhela basiami ba
le some-a-mane.
Ga nkitla ke o
nyeletsa ka ntlha ya ba le
some-a-mararo. Go tla diragala
eng fa ba le
some-a-mabedi?Ga nkitla ke
nyeletsa motse o bosula
oo, fa nka fitlhela basiami
ba le some-pedi.
Ke kopa gore o seke wa ntenegela. Ke go botsa la bofelo. Go tla diragala eng fa o ka fitlhela basiami ba le some go
one, a o tla o nyeletsa?
Nyaa, fa nka fitlhela
basiami ba le some, ga nkitla
ke nyeletsa motse oo.
Fa o ka se
fitlhele ba le some, a o tla
tsibosa motlogolo wa
me Lote? Re tla mo etela
maintsiboeng ano.
Motse ona o mobe
go feta ka moo ken eng ke
nagana ka teng. Jaanong ke a bona
gore gobaneng Modimo a tsile
go nyeletsa batho botlhe, esita
le bana le diphologolo.
Heela, lona baeti, ga
lo kitla lo robala mo mmileng
maintsiboeng ano; ga go a
bolokega. Robalang kwa me
bosigong jono.
Fa nka fitlhela ba
le some-a-matlhano, Ke
tla boloka motse oo.
Heela! Ba
batle ka nnete.
Re tla bolelela ba
bangwe ka bone.
Baengele ba le babedi bao ba
tsena motseng maintsiboeng ao,
mme ba feta ntlong ya Lote.
28
Modimo a re o
seke wa lebelela morago
motseng fa o tuka.
Lote, ntsha
banna bao gore
re robale nabo.
Tlogang mona,
lo ka seke lwa dira ntho
e bosula jaana.
Re tsile go roba
mojako, re go direle bosula,
motswa-kwa ke wena.
O nagana gore ke
mang, ya godimo, yo o matla?
Moitimokanyi yo.
Hate monger.Ee, ga re batle
barwadie ba gago, re batla
banna ba batle ba le.
Morena Modimo
a lo dire difofu.
Ke mang
yo o timileng
mabone?
Ba kae?
A na ke
matla a ntseng
jwang?
Ga ke
kgone go bona! Go
diragetse eng!
O tshwanetse go tswa
motseng o ka moso goseng.
Tsibosa bao o ba batlang.
Modimo o siame mme ga a kitla
a itshokela sebe sena.
Ka bonako, molelo
o tla simolola go na, ga go
ope yo o tla falolang.
Ka moso Modimo o
tsile go nesetsa tulo ena molelo
o o tswang legodimong. Mongwe
le mongwe mo Sodoma le
Gomora o tsile go swa.
29
Lo se lebelele
morago!
Eeek!
Oo nyaa!
Ntate, mme o ile a se
obamele Modimo. Mme
o fetogile letswai.
Lo se lebelele
morago! Tswelelang
go tsamaya!
Setshedi sengwe le sengwe mo Sodoma
le Gomora se ile sa swa tsatsing leo.
Modimo o siame mme o ila sebe, bogolo
segolo thobalano ya bong- monna le
monna, mosadi le mosadi. Maleo a
thobalano a a akaretsang bana ke a mabe
le go feta. Modimo o ile a tshepisa gore
ga a kitla a senya lefatshe ka metsi, fela ga
a bolela sepe ka mollo. Nako e latelang e
tla ba ka molelo. Tuelo ya boleo ke loso,
loso la mmele, le loso la bosakhutleng mo
letsheng la molelo. Lote o ile a pholoswa
katlholong ya Modimo ka bopelotlhomogi
jwa One. Mosadi wa lote ga a ka a
dumela gore Modimo o totobetse fa a ne
a ba tsibosa gore ba se lebelele morago.
Ke itumetse gore
Modimo o ile a go tlhomogela
pelo. Lote o ka bo o sule motseng
ole. Modimo o tlhoile sebe le
bosula. O tlamegile go dula
gole le batho ba jwalo.
Re maswabi
go utlwa ka mosadi
wag ago. O tsile go
dira jwang?
Re tla kgona
ka tsela nngwe.
Lote a tsamaya le barwadie ba
gagwe ba babedi, mme Modimo a
tswelela go tshegofatsa Aborahame.Ga go khetollo epe, tuelo
ya boleo botlhe ke loso.
30
Modimo o tshepisitse gore
Sara o tla bona ngwana.
Aborahame le Sara ba utlwa
tsosoloso ya keletso e e sa
bolong go lebalwa.
Aborahame, go
diragetseng ka wena?
Ke dinyaga fa o sa le o
nteba jwalo.Ene e le motlholo! Dikgweding
di le tharo mongwe le mongwe
o ne a itse gore Sara o ithwele!
Jaaka Modimo a laetse, re tla
mmitsa Isaka (ka phetolelo ke setshego).
O tla ba ntate wa morafe
o mogolo.
Ee, erile Modimo a re
bolelela gore re tla tsala ngwana,
seo se ile sa dira gore ke tshege.
Ke mang yo o neng a nagana gore
mo botsofeng jwa me ke tla amusa
lesea le e leng la me?
Modimo o ile a tshola
tshepiso ya gagwe. Mme
o e tshola ka gale.
Ngwana yo, o a
ntshotla. Ga nkitla ke
letlelela MoEgepeto yo
ntlong e le nngwe
le Isaka.
Leleka lalata le morwa lone.
Ga ba kitla ba arogana boswa le
Isaka, morwa wa tshepiso.
Modimo a bua le Aborahame a re, “Sara o
bua nnete. Leleka Hagare le Ishemaele. Ishemaele
ga nkitla a nna moruaboswa le Isaka. Fela a seno
se se go utlwise botlhoko; gonne ke tla ba tlhokomela.
Gonne Ishemaele e le morwaago, ke tla mo dira
morafe o mogolo. Fela mogolodi yo o tshepisitsweng,
yo o tla fenyang Satane, o tla tsalwa lotsong
la Isaka, eseng lotsong la Ishemaele.”
Ishemaele a gola go nna rre wa MaArabia,
Isaka ene a gola go nna rre wa BaJuta.
BaArabo le BaJuta ke bana bar re a le mongwe.
Ishemaele, morwa wa Aborahame ka
Hagare, o ne a le dilemo di le some-le-bone,
mme a ila lesea le sa tswang go tsalwa.
31
Modimo wa legodimo le
lefatshe o boitshepo, mme o
tlhwekile go feta motho yo o
bosula yo o tshwanang le nna.
Motho wa ntlha Adamo, o ile
a se obamele Modimo, mme
lotso la batho go simolola ka
nako eo la nna bosula.
Aborahame a rata
morwaagwe Isaka, mme
ba seke ba kgaogana.
Ntate, gobaneng o
bolaya dikwana tse ntle
tse, mme o di tshube
godimo go majwe a?
Modimo o ile a laela Adamo
gore fa a ka leofa o tsile go
swa, mme erile Adamo a sena
go leofa, Modimo a bolaya
diphologolo go dirisa letlalo la
tsone go apesa matlhabisa
ditlhong a Adamo le Efa.
Fa ke bolaya kwana ke e
neela Modimo, ke amogela
dibe tsa me, mm eke neela
kwana e senang molato go
swa boemong jwa me.
Aborahame, Ke batla o tsaye
morwaago Isaka yo o mo ratang, o
mo dire setlhabelo sa phiso.
Modimo, o ka nkopa jwang
go dira sena? Sena ga se tshwanelwe
ke go dira ke wena. Baheitene ke bone ba
dirang ditlhabelo ka batho! O itse go nna o tla
ndira morafe o mogolo ka morwaame Isaka.
Fa nka mmolaya ditshepiso tsa
gago ga nkitla di diragala.
…fela o Modimo.
Ga ke tlhaloganye, fela
ke tla go obamela.
Isaka a gola mme a ithuta go tshepa Modimo wa
rragwe. Aborahame a mo rata thata, mme ka
gale ba tsamaya mmogo go direla le go neela
ditlhabelo. Kwana e ne ya bolawa, ya ladiwa
godimo ga aletare, mo eneng ya tshubiwa teng.
O ngwana wa metlholo.
A o tla golola lefatshe
mo sebeng?
32
Ke leeto la malatsi a le
mararo, ka jalo re tla
tsamaya beke yotlhe.
Ntate, thaba
ke ele. Re tla fitlha
go yone pele go
nna lefifi.
Ee, Re tla ya
go obamela mme re
boe gape.
Ntate, re tsile le
dikgong, mme o agile aletare,
fela setlhabelo se kae?
Isaka a o gopola ka moo ke
go boleleletseng ka Modimo gore o ile a
bua le nna, a dira gore mme wa gago le nna,
re bone ngwana botsofeng jwa rona?
Ee o ile a bua le nna gape.
A re ke go
neele jaaka
setlhabelo
sa phiso.
Nna? Ntate,
a o totobetse
ka seo?
A Modimo ga a go bolelela gore ke tla nna
moruaboswa, tlhogo ya setshaba se segolo, le gore
bana ba me bat la nna bantsi jaaka dinaledi tsa
legodimo? Fa nka swa go tla diragala eng ka
tshepiso ya Modimo?
Ke ithutile gore seo Modimo a
se tshepisang ke seo a se dirang. Fa a
re o tla nna rre wa merafe e le mentsi,
go tla nna jwalo le fa o sule.
Seo se ka
diragala jwang
fa ke sule?
Ga ke itse, fa
ese gore a go tsose
mo baswing.Ntate, re
tshwanetse go
obamela Modimo
nako tsotlhe.
Lo itlhokomele, ke tla
lo rapedisa ka bobedi.
33
Le fa Aborahame a ne a tseba gore
o obamela Modimo, seno se ka bo
se dirile pelo ya gagwe botlhoko,
moo matsogo a gagwe a neng a
roroma fa a diragatsa tirelo ya ka
gale ya go neela setlhabelo sa phiso.
A bofa matsogo le maoto a morwaage, mme a mo
latsa mo aletareng. Kgato e latelang e ne e le go
tsenya thipa kgokotsong ya gagwe.
Ka thapelo ya tumelo go
Modimo, Aborahame a
tsholetsa thipa.
E itse a le gaufi le go mo tlhaba
ka yone, a utlwa lentswe le
tswang legodimong:
Aborahame!
Aborahame!
O seke wa ulwisa
ngwana botlhoko.
Jaanong ke a itse gore o a
ntshepa, jaaka o ne wa ikaelela go
nkobamela, go ya go batla go
neela ka morwaago a le esi.
Ntate, bona,
Modimo o
tlametse ka
pheleu boemong
jwa me!
Aborahame, gonne o ne wa dira se ka go se ngokele
morwao a le esi, ke tla go tlhonolofatsa ke atise bana bag
ago jaaka dinaledi tsa legodimo, mme bana ba gago ba tla
tsaya lefatshe le, mme bat la nyeletsa baba ba gago.
Gape, merafe yotlhe ya lefatshe e tla tshegofadiwa ka
mongwe yo o tla tsalwang baneng ba gago.
Erile fa Aborahame a
lelala, a bona pheleu e
tshwere ditlhareng
Ntate, Modimo o
boutlwelo-botlhoko, ka
moo o boletseng ka teng!
34
Ishemaele a nna le
dikgosana di le 12, mme a
nna morafe wa MaArabe.
Barwa ba le 12 ba
Jakobe ba ile ba
nna ditso di le 12
tsa Iseraele.
Ishemaele
IsakaAborahame
Jakobe
Erile nako e tsweletse, Jakobo le barwa
ba gagwe ba le 12 le malapa a bona ba
ya kwa Egepeto, moo ba ileng ba nna
batlhanka teng. (1875 B.C.)
35