kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. tempele ... · pdf fileke dinyaga di le...

20
Dinyaga di le kgolo a matlhanodi fetile fa esale seporofeto sa Daniele. Ka 4 BC Baroma ba letlelela Bajuta kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele e ne ya agwa seshwa mme ya nna bokagare jwa bophelo ba BaJuta. Bongata bo ne bo lebetse seporofeto sa go tla ga Mesia, fela bangwe ba ne ba tshola molao, mme ba lebelela Keresete. Gareng go bone go ne go le monna wa motsofe a bidiwa Simione. Monna yo o boitshepo yo o neng a tlhoafaletse go bona yoo baporofeta ba neng ba bua ka ga gagwe. Gonne ke mengwaga a bala seporofeto, mme a itse gore nako e atametse. Mme o ne a tsofetse ebile a itse gore ga a kitla a tshela lobaka. Ke dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo o bosula Jaanong e setse e le nako. Diporofeto tse ka nnang 350 di itokiseditse go phetagala.

Upload: ngokien

Post on 04-Feb-2018

332 views

Category:

Documents


9 download

TRANSCRIPT

Page 1: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Dinyaga di le kgolo a matlhanodi fetile fa esale seporofeto sa Daniele. Ka 4 BC Baroma ba letlelela Bajuta

kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele e ne ya agwa seshwa mme ya nna bokagare jwa

bophelo ba BaJuta. Bongata bo ne bo lebetse seporofeto sa go tla ga Mesia, fela bangwe ba ne ba tshola molao,

mme ba lebelela Keresete. Gareng go bone go ne go le monna wa motsofe a bidiwa Simione. Monna yo o

boitshepo yo o neng a tlhoafaletse go bona yoo baporofeta ba neng ba bua ka ga gagwe. Gonne ke mengwaga a

bala seporofeto, mme a itse gore nako e atametse. Mme o ne a tsofetse ebile a itse gore ga a kitla a tshela lobaka.

Ke dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo o bosula

Jaanong e setse e le nako. Diporofeto tse ka nnang 350 di itokiseditse go phetagala.

Page 2: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Oh Modimo wa Aborahame, Isaka,le

Jakobo, Ke letetse Mopholosi, fela

ga nkitla ke phela sebaka.

Ka nnete ga o kitla o phela lobaka, fela o

tla bona yo o tshepisitsweng pele o swa.

Go ya ka Mika 5:2 morwa

ke Modimo yo o sa khutleng,

mme war eng ka seporofeto

se mo Dipesalome 45:6

moo Modimo a bitsang

Morwa Modimo.

Simione o batlisisa makwalo, mme o fumana

diporofeto di le dintsi ka ga Keresete.

Simione, o tla mo tsatsi le tsatsi.

Ekete baperesita botlhe ba ka

bob a ineetse jaaka wena .

O a reng ka seporofeto se se mo Jesaya ka

ga Keresete? Sa re legammana le tla ithwala

mme le tsale morwa. Ena ke peo ya mosadi ,

jaaka go boleleltswe Efa.

Ee, Jesaya a re o tla bidiwa Modimo

Mothata yotlhe. Fela seporofeto se

thata go tlhaloganyega.

Ke ba mmalwa ba tla

dumelanang nao, ke ka moo

o sa tshwanelang go bua ka

dilo tse phatlalatseng, o tla

kgobotlediwa go ya losong.

O tla bona. Pele ke swa

Mesia o tla tla tempeleng ena,

mme ke tla mmona.

A ka tswa a

bua nnete.

Wena o mang?

O itse eng ka dilo tse?

Ke ne ke utlweletse polelo

ya lona. Le nna ke ithutile

makwalo, mme dinyaga di

le 500 tse fetileng

Daniele o ne a bua dilo tse

gakagamatsang ka nako

ya go tla ga Mesia.

Ke eng se o se itseng

seo Baitsedikwalo

ba sa se itseng?

Ntate wa me ke Moitsedikwalo, mme o ne a

mpontsha diporofeto tse. Modimo o ne a bolelela

Daniele gore go simolola ka nako eo taolo ya go aga

tempele e tswang ka yone, go fitlhelela Mesia a

nyeletswa ka yone ke dinyaga di le 483.

jaanong ke dinyaga di le 449

fa esale taolo eo e dirwa.

Seo se re tlogelela dinyaga

di le 34, seo se raya gore

Mesia a ka tswa a tsamaya

mebila ya rona jaanong.

Nyaa. Mowa o o

Boitshepo o ntshenoletse

gore pele ke swa, ke tla

bona ngwana Mesia teng

fa mo tempeleng. O itse jwang seo?

O tla bona.

158

Page 3: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Jaaka Simeone

a tsofala a letile

kwa tempelng,

a lebeletse Keresete

yo o tshepisitsweng,

moperesita ka lebitso

la Sagaria a tsena

tempeleng go rapela.

Ene le mosadi wa

gagwe ba ne

ba tsofetse,

mme ba sena bana.

Ka nako eo moengele

a bonala letlhakorene

le le jang la aletare!

Se boife. Dithapelo tsa

gago di utlwagetse mme

mosadi wa gago Elisabethe

o tla tsala morwa, mme o

tla mmitsa Johane.

Bongata bo tla thaba fa a tsalwa,

gonne o tla baakanyetsa Mesia

batho. Ga a kitla a nwa weine,

kgotsa seno se matla, mme o tla

amogela matla le mowa wa ga Elija.

Ke tla itse jwang gore se o se

bolelang ke boammaruri? Nna le

mosadi wa me re tsofetse gore re ka

nna le bana, mme o ntse a sa bone

thari bophelo jwa gagwe botlhe.

Ke Gabariele yo o emeng

bolengteng jwa Modimo, mm

eke romilwe go go bolelela dilo

tse. O batla sesupo? Ga o kitla

o tlhola o bolela go fitlhelela o

bona dilo tse di diragala.

Dinyaga di le dikete tse nne baporofeta

ban e ba bolela ka go tla ga Mesia.

Dinyaga di le 700 pele ga fao moporofeta

Jesaya o ne a re: Bonang legammana le

tla ithwala le tsale morwa, mme o tla

bidiwa Emanuele, Modimo o na le rona.”

Nka thaba fa re ka

bolela ka seo.ntlo e

e didimetse. Ga

wa tshwanela go

bua le baengele.

Sakaria, go thata go dumela. Jaaka

Sara, mme wa morafe wa rona, Modimo

o utlwile dithapelo tsa rona, mme ke tla

nna Mme wa moporofeta yo mogolo.

Ka nako eo, moengele a

iponagatsa go Maria!

Maria, o bone

bopelotlhomogi fa pele

ga Modimo. O tla ithwala

mme o tla tsala morwa

wa Modimo.

Seo se tla diragala jwang,

gonne ga ke itse monna?

Mowa o o Boitshepo o tla go aparela.

Mme peo e e boitshepo eo sebopelong sag ago

e tla nna Morwa wa Modimo. Motswalago

Elisabete, yo o neng a bidiwa moopa, o ithwele,

mm eke kgwedi ya gagwe ya botshelela.

Ke lelata la Morena.

A go ndiragalele

jaaka a rata.

Ke ile go nna mme wa Morwa

Modimo. A Josefa o tla ndumela? A o

tla tlhaloganya? Batho ba tla reng fa

ba bona ke ithwele? Ke a itse.

Ke tla ya go dula le Elisabete.

Maria o ne a beeleditswe ke Josefa.

O ne a ise a kopanele dikobo le ope, o

ne a obamela melao yotlhe ya Moshe.

159

Page 4: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Elisabete!

Maria,

ngwanaka!

O sego gareng go basadi, mme go

segofaditswe leungo la sebopelo

sa gago. Ke nna mang gore mme

wa Morena wa me a nketele?

Gonne e rile ke utlwa lentswe la

gago, ngwana wa me a tlola ka

lethabo sebopelong sa me.

Mowa wa me o galaletsa

Modimo, mme mowa wa me

o thabela Modimo Mopholosi

wa me. Morago ga mona

merafe yotlhe e tla mpitsa yo

o tshegofaditsweng, gonne o

dirile dilo tse gakgamatsang.

O re tsholeditse rona ba

tshimologo e e kwa tlase. Jaaka

o boletse le Aborahame, o re

gopotse ka bopelotlhomogi.

Nako ya fitlha gore

Elisabete a tsale ngwana.

Sakaria o totobetse gore e

tla nna morwa, a re moengele

o mmoleletse jwalo.

Fa ele gore ke

mosimane o tla bidiwa

Sakaria jaaka rragwe.

Ke yoo o etla.

A re mmotseng.

A re moengele o mo

dirile semumu, gonne

a sa mo dumele.

Maria a dula le Elisabete

dikgwedi tse tharo.

O tla bitsa

ngwana mang?

A kopa mo a ka

ngolang teng.

A re o tla bidiwa Johane

jaaka moengele a laetse.

Fela ga go ope

mo lapeng ka

lebitso la Johane.

Ke mosimane ka nnete,

yo o tletseng meriri.

Bitso la gagwe ke Johane, go

ya ka fa lentsweng la Modimo.

O tla itsagatse Mesia go

batho ba rona, Iseraele.

A yo e ka nna Elija

wa seporofeto?

O a bolela! Morago

ga dikgwedi tse

tsotlhe, o a bolela!

160

Page 5: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Ka nako eo Josefa a

elellwa gore Maria o

ithwele, mme a itse gore

ga se ngwanaagwe.

Mme, Ga ke dumele

seno. Go ne go se

banna moo a neng a le

teng. O ne a na le ba

losika ka nako tsotlhe.

Nna ga ke a mo imisa!

Fela go totobetse

gore o ithwele.

A re ntate wa

ngwana ke mang?

Oh, Josefa,

o tla dira eng?

Ga nkitla ke mo nyala, fela ga ke

rate go mo direla matlhabisa ditlhong.

A ka kgobotlediwa ka ntlha ya boaka.

Gongwe fa re ka kgaogana ka

tidimalo go ka re thusa.

A re ke Modimo, o

mo jetse sebopelong

sa gagwe ka Mowa

o o Boitshepo kwa

ntle ga go mo ama.

Oh!

A o latlhegetswe

ke mogopolo?

A re ngwana o tsile

go nna Mopholosi

wa lefatshe,

Morwa Modimo.

Seo se bolelwang ke mosadi

yo ke thogako. Ke tshwanetse

go mmusetsa morago ka

bonako le ka tidimalo.

Se ke phetagatso ya

seporofeto sa Jesaya:

“Legammana le tla ithwale, le

tsale morwa, yo o tla bidiwang

Emmanuele, ka phetolelo ke

gore “Modimo le rona”

Bosigong joo fa Josefa a robetse,

moengele o ne a iponagatsa go ene.

Josefa, morwa Dafita,

se boife go tsaya Maria go

nna mosadi wag ago, gonne

ngwana yo a mo ithweleng ke

ka ga Mowa o o Boitshepo.

O tla tsala morwa,

mme o tla mmitsa Jesu,

gonne o tla pholosa batho

dibeng tsa bone.

Maria a o tla

intshwarela go

go belaela?

Ke a itse, go a makatsa.

Go basadi botlhe ba Iseraele,

dinyageng tsotlhe tse fetileng,

gore Modimo o tlhope nna go

tsisa Mesia mo lefatsheng!

Ngwana o tla ba jaaka eng?

Jaaka e tla bo ele Modimo ka fa

naming, a o tla bolela fa a tsalwa?

Ao tla bo a itse go buisa?

Oh, Josefa, ga ke itse,

fela go itse Modimo.

Re tlamegile go

ema le go bona.

Botlhe re ba lotso la ga Dafita,

mme baporofeta ba rile Mesia

o tlanna wa peo ya Dafita.

Ke akantse sengwe. Tshimong ya Edene, Modimo o

ne a tshepisa gore peo ya mosadi e tla tshwatla tlhogo

ya noga. Jaanong ke a bona! Ngwana yo ga a kitla a

nna peo ya monna—fela ya mosadi. Ijoo! Modimo o ne

o baakantse sena go tswa tshimologong.

161

Page 6: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Josefa le Maria ba tshela kwa Nasaretha wa Galalia, fela

go ne go na le seporofeto sa kgale se reng; Mesia o tla

tsalwa Bethelehema wa Jutea(Mika 5:2) Go se kgale

Maria o tla tsala ngwana wa gagwe motseng o fosagetseng.

Ban e bas a itse seporofeto, mme go se lobaka la go tsaya

leeto le le leele go ya kwa Bethelehema.

Utlwang, utlwang, molaetsa o o

botlhokwa go tswa go Roma yo o busang,

o o kannweng ke Kaesara ka sebele, go tla

tsewa palo ya batho botlhe, mme Iseraele

yotlhe e boele magaeng a boyone go

ingodisetsa lekhetho.

Josefa, se se raya

gore o tlamegile go

boela Bethelehema.

O tla bo o tsamaile fa

ngwana a belegwa.

Batho ga ba kitla

ba tlhaloganyafa

ke tsamaile. Ke

tla tsamaya nao.

Maria, Nka bo ke

sa go tsaya

leetong lena, A re

khutlele morago.

Nyaa, Ke tshwanetse go ba

nao fa ngwana a tsalwa. Ga

go ope yo o tlhaloganyang.

Ga tsaya go feta beke, go

tsamaya leeto la dimaele di le 100.

A re phakise fa o ka

khona. Ke nagana

gore ke nako.

Ke tla bona gore ga

re kitla re bona

phaposi lefelong la

go robala baeng.

Maria, Ke fumane

mmelegisi yo o tla

re thusang.

A ga go phaposi

lefelong la go

robala baeng?

Nyaa, go ne

go tletse.

O dirile gantle

ngwaneng wa gago wa

ntlha. Go utlwisa

botlhoko fa a tsaletswe

bojelong jwa dipitse.

Se letle seo go go

tshwenya. Tsatsi lengwe

o tla busa lefatshe.

Ee, o mmotse

gore kgosigadi

Keleopatara ene ele

mmelegisi wa gagwe.

162

Page 7: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

ENG?

Ke moengele!

Se boifeng, gonne Modimo

o nthomile go lo bolelela

dikgang tse di molemo go

batho botlhe, gonne kajeno lo

tsaletswe Mopholosi yo e leng

Mesia wa BaJuta, Morena

motseng wa Dafita.

Se e tla nna sesupo go lona,

lo tla fitlhela lesea,

le phutetswe ka matsela, le

laditswe mogopong wa dipitse.

Kgalalelo go Modimo kwa

magodimong! Modimo o tsisa

kagiso lefatsheng, gonne a

ratela batho molemo.

A o ka tshepa se?

Baengele ba

iponagatsa go rona!

Ema go fitlhelela

ke bolelela

mosadi wa me!

A lo utlwile gore a reng?

Mesia o tsetswe mo Iseraele.

Ke batla go

ya go bona.Mopholosi!

Kagiso go batho!

Ngwana? A re

yeng go mmona!

Tshwarelo go lo

tshwenya, fela

moengele o re

laleditse go tla

bona ngwana.

Ke mang yo o

neng a ka akanya

ka se, Modimo a

nna ngwana?

Diketekete

tsa baengele!

Mesia!

163

Page 8: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Nako e ne e tsile gore Maria le

Josefa ba neele ngwana wa bone

go moperesita, le go neela

ditlhabelo tse batlwang ke molao.

Josefa, ke la ntlha ke

tla tempeleng, mme

ga go ope yo o itseng

Jesu fa ele Keresete.

A re se bolelele ope.

A re eme go fitlhelela a gola.

Ke yo! Ke

kgale re letile.Simione o ne a le

mo tempeleng.

Ke mang, Maria?

Ga ke itse. Ga go ope

yo o re itseng fano.

A go bakwe wena, Morena Modimo

wa rona. Jaanong nka swa ka kagiso

gonne ke bone pholoso ya gago, jaaka

o tshepisitse. O tla nna lesedi go

Baditshaba le kganya go Iseraele.

Fela,

o itsile jwang?

Nkutlwe, ngwana yo

o tla dira gore bontsi

Iseraeleng bo emelele

mme bangwe ba we,

mme ba tla bua

kgatlanong nae.

Ee, dipelo tsa lona di

tla robega fa lo bona

se tla mo dirafallang.

Bona! Mesia. O tsile

tempeleng ya gagwe.

Yo ke ene baporofeta ba

buileng ka ga gagwe.

Ke Anna. O dutse

botshelo jwa gagwe

botlhe a letile Mesia.

Lekolwane, ngwana yo ke

Keresete, mopholosi wa

lefatshe. O tla pholosa

Iseraele dibeng tsa bone.

Go simolola ka nako eo,

Anna a bua ka ga gagwe go

botlhe ba letileng kgololo.

164

Page 9: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Dinageng tsa botlhaba-tsatsi

jwa Iseraele, go ne go le

banna ba ba botlhale, ba neng

ba ithuta mengolo ya kgale,

mme ba batla go itse Modimo.

Ba neb a itse ka seporofeto sa

Mesia yo tlang. Mo ditorong

le diponong, Modimo a ba

senolela gore yo o

tshepisitsweng o tsetswe.

Mme ga bonagala naledi e e

sa tlwaelegang e eneng e

supa morafeng wa Iseraele.

Re tswa kgole. E ke naga

e sa tlwaelegang e re yang

go yone. Mme ke dibeke

re ntse re tsamaya.

Naledi e ntse e

tsamaya. Re tla e

sala morago ka moo

go batlegang ka teng.

Bofelong, naledi ya ba isa Iseraele, mme ba ya

kwa Jerusalema go botsa ka kgosi e tsetsweng.

Kgosi Herote, go banna

ba bonagalang ba humile

ba tlhagang botlhaba. Ba

re ba batla kgosi e ntshwa

ya Iseraele—ngwana.

Ngwana? kgosi? Ke nna kgosi. Ba

tsiseng kwano, mme lo tsise baperesita

ba bagolo le baitse-dikwalo go nna.

Lo a re lo tsile go

bona ngwana yo e

leng kgosi? Lo itse

jwang ka dilo tse?Re bone naledi

ya gagwe kwa

botlhabatsatsi, mme re

tsile go mo obamela.

O ko kae?

Ga re itse.

Ke ka moo re

tsileng go wena.

Ke kgobokantse Baithuti.

Re tla bona gore ba itse eng

ka se. E tla le nna phaposing

e tswalegileng.Ba re ba tsile go obamela

kgosi ya Bajuta, yo go neng

ga porofetwa gore o tla pholosa

batho ba one. A mangolo a lona

a bua sengwe ka kgosi?

Ga ke kgathalle

dithuto tsa lona.

Seporofeto

sone sa reng?

Ee, baporofeta ba le

bantsi ba buile ka go tla ga

gagwe, fela ga re dumele

gore seporofeto seno se

tshwanetse go kaiwa ka

moo se leng ka teng.

Moporofeta Mika o

rile Mesia o tla tsalwa

kwa Bethelehema

lotsong la Juta.

Utlwelelang, nka thabela

go obamela kgosi ka

bonna. Fa lo ka mo

fitlhela lo mpolelele gore

ke itse kwa a leng teng.

Go lokile. Fa re

mo fitlhetse re

tla go bolelela.

Herote o ne a boifa go tsalwa ga kgosi,

ka jalo o ne a nagana go bolaya ngwana

fa a sena go itse kwa a leng teng.

165

Page 10: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Ke ka moo baitse-dikwalo

ba itseng koo ngwana a tla

tsalwang teng, fela gab a

tshwenyegele se buileng

ke baporofeta ba bone.

Mangolo a baporofeta ba

Iseraele ga a tshwane le a

mangwe, ga ke so bone

nnete e ngodile jwalo.

Bonang! Naledi e

re e boneng kwa

botlhaba-tsatsi!

Lebelela mo

e emeng,

mme ka moso

re tla e latela.

Fale, e eme godimo ga ntlo ela.

Fela mo ga se Bethelehema! E santse

ele dikgwedi.Ka gongwe ba fudigile.

Ke naledi e

farologaneng le tse

dingwe. Ga e fete

maru ka bogodimo.

E bile leeto le

leleele, mme re

setse re fitlhile.

Ga re batle go le

tshwenya, fela re tsamaile

dibeke di le dintsi, go bona

le go obamela kgosi e sa

tswang go tsalwa.

Lo itsile

jwang?

Re buisitse mangolo a boitshepo a

batho botlhe. Baporofeta ba lona ba

buile ka go tla ga gagwe, mme naledi ya

bonagala go re tsisa mona. Mme e eme

godimo ga ntlo ya lona le jaanong.

Ka boikobo re

neela dimpho tse go

tlotla Mopholosi wa

lefatshe, o tla retolela

bongata tshiamong.

Bosigong joo, Modimo a buisana le

batlhalefi ka toro gore ba se bolelele

Herote moo ba fitlhetseng ngwana teng,

fela gore ba dirise tsela e sele Modimo a

bolelela le Josefa gore a tshabele

Egepeto, gonne Herote o batla go

bolaya ngwana.fa ba boela gae.

Fela ga e tshwane le

dinaledi tse re di boneng.

Ga e tsamaye jwalo ka

tse dingwe, mme e

phatsima go di feta.

166

Page 11: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Banna ba botlhabatsatsi ba

ntsieditse. Ba dirisitse tsela e

sele go boela gae. Seo se raya

gore ba bone ngwana mme ba

boifa go boa ka tsela ena.

Romela batlhabani ba

me kwa Bethelehema. Ba

bolelele go bolaya basimane

botlhe ba leng tlase go

dinyaga di le pedi.

Dinyaga di le dintsi tse

fetileng, baporofeta ba ne ba

bua ka kutlo-botlhoko e e tla

diragalelang Bethelehema.

Josefa, Maria le ngwana Jesu, ba

ya kwa Egepeto jaaka Jakobo a ne

a dira dinyaga di le dintsi tse fetileng.

Mme dimpho tsa banna ba batlhalefi,

tsa ba thusa go tsaya leeto le go

tshela dinyaga di le pedi.

Morago ga loso la Herote, fa

Jesu a le dinyaga tse pedi,

Modimo a ba laela go boela

kwa Iseraele. Sena e ne ele

phetagatso ya sepeorofeto:

“Ke biditse morwaame go

tswa kwa Egepeto.”

Fa ba boa Egepeto,

moengele o ne a laela

Josefa go ya motseng o

monnye wa Nasaretha.

Sena e le phetagatso ya

seporofeto se reng, O tla

bitswa MoNasaretha.

Jesu o ne a dira le

rragwe jaaka mmetli.

Mme a gola mo

mmeleng, mowing,

mme a nna botlhale.

A banna ba me ba

batlhano ba tsile go

dira letsatsi lotlhe?

Tlaang lo je.

167

Page 12: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Fa Jesu a le dinyaga

di le some-pedi,

Josefa o ne ya kwa

Jerusalema le lapa la

gagwe go tshola

moletlo wa

Tlolaganyo. Ba tsaya

kwana ya bone jaaka

setlhabelo sa maleo.Jesu, rwala kwana o ise go

baperesita. Ba tshwanetse go e

bona pele ga setlhabelo ka moso.

Re tla fumana tulo e re tla

dulang go yona bosigong jo.

Ntate, A nka

tsamaya le Jesu go

bona tempele?

Malatsi a mmalwa,

morago ga setlhabelo.

Josefa, ga ke bone

Jesu gope. Mme ga

go ope yo o mmonyeng

tsatsi lotlhe. Ke akanya gore

re mo tlogetse

kwa Jerusalema.

Fela o ne a itse gore

re a tsamaya. Ke ne

ke akanya gore o na

le bangwe ba masika.

A lo a dumela gore Mesia o tla ba

morwa Dafita, gonne baporofeta

ba re jwalo. Lo a dumela gore

Dafita o ne a mmitsa Morena, jaaka

ekete Mesia ke Modimo wa gagwe.

Jaanong Mesia a ka ba jwang

morwa wa Dafita le Morena wa

gagwe ka gangwe, fa ese…

O tlhokomele ka moo o

buang, gonne bokhutlo

jwa kgang eo ke

thogako go Modimo.

Makwalo a bua nnete kgotsa

maaka. A re dumela fela se

dumellanang le ngwao wa rona?

Wena o akanya gore

tlhathollo ya gago e

siame. Bagolo ke bone

ba tlhaloganyang

nnete ena sentle.

Fela o ka seke wa tsaya dilo

ka moo di ngodilweng ka

teng. Thalemude ya re…”

Ke yole.

Re tshwanetse

go boela morago

go mmatla.

A nnete e fitlhegile?

A makwalo ga a neelwa

gore re a tlhaloganye?

168

Page 13: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Jesu, re ntse re

go batla gotlhe.

Goreng o re

dirile jaana?

O ntse a na le rona

malatsi a mabedi.

O na le morwa yo o

sa tlwaelegang.

Goreng lo ne lo batla

gotlhe? A ga lo itse fa

ke tshwanetse go dira

tiro ya ga Rara?

Ga ke ise ke bone

mosimane yo o itseng

makwalo jaana.

O raya eng fa a re,

“O tshwanetse go dira

tiro ya ga Rara?” A

yole a neng a mmatla

ga se rre wa gagwe?

Jesu a khutla le batsadi

ba gagwe, mme a ba

ikokobeletsa. A tswelela

go dira jaaka mmetli,

mme a gola mo

botlhaleng le mo kemong.

O ne a tsamaya ka gale mo

tshiamong, mme a ratwa ke

botlhe, gonne a batla

molemo wa batho bangwe.

Fa makolwane a ne a wela

sebeng, Jesu o ne a

obamela ditaolo tsa

Modimo go tswa pelong.

O ntse o tshepagala ka gale,

mme ga go mmetli yo o botoka

jaaka wena mo Nasaretha. Ke

tla tsaya tse dingwe tse

tsheletseng jaaka tse.

169

Page 14: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Fela go na le mongwe

yo o tlang morago ga me, yo o

botoka go na le nna, gonne o ne

a le teng pele ga me. O tla lo

kolobetsa, eseng ka metsi, fela

ka Mowa o o Galalelang wa

Modimo. Sokologang maleong

a lona pele go nna thari.

Gopola gore Elisabethe o ne a tsala morwa kgwedi tse tsheletseng pele

ga Maria. Moengele a laela Sagaria go mmitsa Johane, le gore a

baakanyetse dipelo tsa batho go tla ga Mesia. Sena se ne sa porofetwa

dinyaga di le kgolo-a-matlhano tse fetileng ke baporofeta ba le bantsi.

Sokologang ditseleng tsa

lona tse bosula mme

lo obamele Modimo,

gonne bogosi ba legodimo

bo atametse. Fa lo ka

baakanya dipelo tsa lona go

amogela Mesia, ke tla lo

kolobetsa ka metsi.Re direng, Johane?

Modimo o batla eng

gore re nne basiami?

Fa o na le dikobo tse pedi,

mme o bone mongwe yo o

tlhokang, mo neele nngwe ya

tsone. Fa o na le dijo mme

mongwe a tsherwe ke tlala,

mo neele gore a je.Batlang toka ya

batho botlhe.

Johane, rona ba

direlang puso re dire eng

go itumedisa Modimo?

Ke mokhetisi, mme

Nabale ke motshodi wa

madi a badirisi.

Se tsayeng madi a tsietso.

Se diriseng matla a lona go

tseela bangwe madi. Lo

tshepagale mo tirong ya lona.

Se buse ka bogale bao o ba

okameng, mme o seke wa utswa,

kgotsa wa dirisa kemo ya gago go

tsaya madi kgotsa masimo a yo

mongwe. Lo kgotsofalele go

tshela ka meputso ya lona.

Yo o tlang morago ga me o

maatla go feta nna, mme ga ke

a tshwanela go funolola dikgole

tsa ditlhakko tsa gagwe. Fa lo

ka sokologa, mme la dumela,

o tla lo kolobetsa ka

Mowa oo Boitshepo.Fa lo ka mo gana, la

tswelelela maleong a lona.

O tla lo latlhela molelong o o

sa khutleng. Khutlang go

leofa jaanong.

Ga ke wa lotso la gaeno kgotsa

bodumedi ba gaeno, fela le nna

nka thabela go itumedisa

Modimo. Ke dire eng?

170

Page 15: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Sokologang sebeng sa lona sa boikgantso.

Selepe se beilwe moding wa setlhare, mme lo

tla rengwa lo latlhelwe mo molelong fa lo sa

fetole dipelo tsa lona.

O tla dira eng?

O tla simolola

jwang? A o tla ya

kwa tempeleng?

Wena o mang,

yo o buang ka Mesia?

Wa re eng ka ga gago?

Ga ke

Mesia. A o moporofeta yo

Moshe a neng a bua ka

ga gagwe, yo o tla

tlang mme a busetse

batho go Modimo?

Nyaa, Jaaka moporofeta

Jesaya a boletse, “Ke lentswe

la mongwe yo o kuang fa

sekakeng, baakanyetsang

Mesia tsela.” Jaanong o fumana kae

matla a bodumedi le tokelo

ya go kolobetsa batho ba?

Ke morongwa, yo o baakanyetsang Mesia

tsela, fela lona lo barwa ba dinoga. Lo akanya

gore fa lo le BaJuta lo le bana ba Aborahame

seo se lo dira bana ba Modimo.

Johane, wa re Mesia

o tla akofa a bonale.

O tla mo tseba

jwang fa a fitlha?

Moengele wa Modimo o

mpoleletse gore yo ke bonang

Mowa wa Modimo o fologela go

ene jaaka lephoi, ke ene Mesia wa

Iseraele, mopholosi wa lefatshe.

Johane o ne a rera dikgwedi

tse tsheletseng, mme Jesu o ne

a le dinyaga tse some-a-mararo.

Ke itsile gore nako e e tla fitlha.

Moengele Gabariele o mpoleletse gore

ke tla utlwa botlhoko thata. Ke lakatsa

ekete rre wa gago, ke raya Josefa, a ka

bo a ntse a tshela go bona se.

Ga ke itse. Rara wa me o tla ntshenolela.

Ke tshwanetse go bona Johane gore ke

kolobediwe ke ene. O baakanyeditse ba

le bantsi letsatsi la tshokologo.

A o tla boa

go re bona?

Ee, Mme, Ga nkitla ke go tlogela, fela o

tshwanetse go matlafala. Ke tla diragalelwa

ke dilo tse se kitlang di nna bonolo go wena.

171

Page 16: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Ipaakanyetseng go bonala ga Mesia. Borre

retolelang dipelo tsa lona go bana ba lona. Lo neele

nako le maatla a lona go ba ruta melao ya Modimo.

Fa bana ba lona ba sa utlweng ba bona botshepegi

jwa lona, dipelo tsa bona di tla retologela go lona,

mme malapa a lona a fodisiwe.

Fa se ele pelo tsa lona, mme lo

ikaeletse go latela Mesia fa a bonala,

Etlang metsing mme ke tla lo

kolobetsa ka kolobetso ya tshokologo,

mme e tlare fa Mesia a bonala a lo

itshwarele dibe tsa lona.

Johane, A o ka

nkolobetsa?

Go molemo fa nka

kolobediwa ke

wena. Wena o

mosiami ka nnete.

Johane, Ke tshwanetse

go obamela melao yotlhe

ya Modimo. Ke tla dira

jaaka Rara a laetse

batho botlhe.

Leeba!

Ke bona

leeba!

172

Page 17: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

O Mesia!

Nka bo ke itsile.

Yo ke Morwaame

yo o rategang, yo

ke mo itumelelang.

Ke ene, Kwana ya

Modimo e e tlosang

dibe tsa lefatshe!

Keresete!

O tsile!

Yo o

Boitshepo

wa Modimo!

O tsile go

tlhoma puso!

173

Page 18: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

O ya kae? A ga a tla

go golola morafe?

Nako e etla, fela

o tshwanetse go

falola teko.

Teko efe?

E paletseng Adamo le lotso

la gagwe. O tshwanetse go

kopana le kgosi ya lefifi.

Rara o boleletse Morwaagwe Jesu go

itima dijo malatsi a some-a-mane. A seke a

ja dijo dipe. Mme mmele wa gagwe wa

nna bokoa, Satane a leka go mo raela gore

a se obamele Rara, ka go dira gore a je.

Monna wa pele, Adamo, o ile a latlhegelwa

ke kemo ya gagwe ka go se obamele

Modimo. Jesu o ne a tshela jaaka Modimo

go tloga bosenang-tshimologo, mme jaanong

ke motho wa senama. A o tla falola teko ya

tsietso e e paletseng ba bangwe?

Fa malatsi a go itima dijo a khutla, Jesu o ne a

tshwere ke tlala ebile a le bokoa. Jaanong o a

tlhaloganya gore bosokodi ke eng, go tshwara ke tlala

go filthelela mmele wa gago o ikeja. O tlhaloganya go

ba o le mong, o tlogetswe, o lwala, mme o le bokoa.

Satane a tlhasela Jesu malatsi a le mantis

ka dikakanyo tsa pelaelo le poifo. Ka a itse

fa diteko di le gaufi le go fela, le gore Jesu

o bokoa, Satane a dira se se sa tlwaelegang;

a iponagatsa fa pele ga Jesu.

Fa o le ngwana

wa Modimo, o na

le tokelo ya go ja.

174

Page 19: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Satane o ne a tsietsa motho wa

pele Adamo, go ja leungo le a le

iletsweng. Jaanong o leka teko e

mo go Morwa motho yo o bokoa,

ebile a tshwerwe ke tlala.

Ena ke teko e e thata go motho yo

o dutseng malatsi a le 40 a sa je.

Bona, retolola majwe

a senkgwe, mme o je.

Nyaa, ga nkitla ke dira jalo,

gonne makwalo a re, motho ga a

kitla a tshela ka senkgwe fela,

fela ka lentswe lengwe le lengwe

le bolelwang ke Modimo.

E tla le nna, Ke tla go isa

tulong e o ka obamelang

Modimo teng.

Fa o ka itatlhela fatshe, mme

baengele ba go tshole mabogong a bone,

batho botlhe ba tla bona mme ba go

amogele jaaka Mesia, mme ke a itse gore

ke lone lebaka le o tsileng ka lone.

O buile ka makwalo, makwalo ga

a re baengele ba tla go tshola ka

diatla tsa bone gore dinao tsa gago

di se kgope lejwe. Jaanong ke nako

go ba bontsha matla a gago.Makwalo a re:

“O se tsietse Morena

Modimo wa gago”

Ke a tseba gore o rata

lefatshe mme o tsile go le pholosa,

jaanong ke tla go bontsha sengwe

se o tsileng go se rata.

175

Page 20: kgololosego ya bodumedi, fela ba khethisiwa thata. Tempele ... · PDF fileKe dinyaga di le 4,000 fa esale Modimo a tshepisitse Efa gore peo ya gagwe e tla nyeletsa mesebetsi ya yo

Fano o kgona go bona mebuso e megolo

ya lefatshe lena. A ga e metle? Fa e sale

Adamo a gana go go obamela, ke ntse ke

laola lefatshe lena. Batho ba le nneela

ganwe le gape. Ke la me lotlhe. Ke

modimo wa lefatshe lena;eseng wena,

fela ke tla le go neela…fa

fela o ka nkhubamela wa

nkobamela, Ke tla go neela

taolelo ya lefatshe, botlhe

bal eng go lone. O a reng?

Makwalo a re,

“ O tshwanetse go

direla Jehofa Modimo

wag ago e ne a le esi

fela.” O paletswe.

Jaanong tloga fano.

Satane a balega bolengteng jwa Modimo. E le la ntlha

a kopana le motho yo a neng a palelwa ke go mo tsietsa.

Jesu o falotse teko. Lefatshe jaanong le na le mongwe

yo o ikokobeditseng gotlhelele go Modimo.

Teko ya malatsi a

some-a-mane e fedile,

fela Jesu o bokoa

thata go tswelela.

Baengele ba tlisa dijo le

metsi mme ba mo direla.

Ya re fa a sena go

kokotlela mmeleng a

boela moo Johane a

neng a rera teng.

176