buka ya ga momone

679
BUKA YA GA MOMONE BOSUPI JO BONGWE KA GA JESU KERESETE

Upload: phungthuy

Post on 31-Dec-2016

1.054 views

Category:

Documents


13 download

TRANSCRIPT

  • BUKA YA GA

    MOMONE BOSUPI JO BONGWE

    KA GA JESU KERESETE

  • Bukaya ga

    MomoneBOSUPI JO

    BONGWE

    KA GA

    JESU KERESETE

  • Tetla ya go kopolola 2003 Intellectual Reserve, Inc.

    Ditetla tsotlhe di beilwe E gatisitswemo United States of America

    19962003

    Translation of the Book of MormonTswana

    ISBN 978-1-59297-584-6 Softcover (35607 763)

    3/2010

  • Buka ya ga MomonePEGO E E KWADILWENG KA

    SEATLA SA GA MOMONE

    MO DIPAPETLANENG

    E TSERWE MO DIPAPETLANENG TSA GA NIFAE

    Ka jalo he, ke khutshwafatso ya pego e e kwadilweng ya bathoba ga Nifae, ga mmogo le ya BaleimeneE kwaletswe Baleimene,ba e leng masalela a ntlo ya Iseraele; ga mmogo le Bajuta leBadithabaE kwadilwe ka mokgwa wa taelo, le gape ka mowawa seporofiti le wa tshenoloE kwadilwe e bile e kannwe, mmeya fitlhwa go Morena, gore e sere kgotsa tsa senngwaGo tla etswa ka mpho le thata ya Modimo go thanolo ya yoneE kannweka seatla sa ga Moronae, mme ya fitlhwa go Morena, go tla pelemo nakong e e tlang, ka tsela ya ModithabaThanolo ya yone kampho ya Modimo.

    Khutshwafatso e tserwe mo Bukeng ya ga Ethere gape, e e lengpego e e kwadilweng ya batho ba ga Jarete, ba ba neng ba phatlala-diwa ka nako e Morena o neng a tlhakatlhakanya puo ya batho, faba ne ba aga kago e e godileng go ya kwa legodimongE le gobontsha go masalela a ntlo ya Iseraele dilo tse dikgolo tse Morenao di diretseng borraabo; le gore ba tle ba itse dikgolagano tsaMorena, gore ga ba a latlhelwa ruriLe gape go sokolola Bajutale Badithaba gore Jesu ke Keresete, Modimo wa Bosakhutleng,a itshupa go dithaba tsotlheMme jaanong, fa go le diphoso kediphoso tsa batho; ka jalo he, se kgaleng dilo tsa Modimo, gore lofitlhelwe lo sena selabe kwa setilong sa katlholo sa ga Keresete.

    Thanolelo ya ntlha mo Sekgoeng go tswa dipapetlanengka Joseph Smith, Jun.

    Seemo le palo yotlhe ya dibuka tsa ntlha go gatisiwa le goanamisiwa ka Sekgoa ko Palmyra, New York, USA ka 1830

    Kgatiso le kanamiso kaKereke ya ga Jesu Keresete ya Baitshephi

    ba Malatsi a BofeloSalt Lake City, Utah, USA

  • v

    KETAPELE

    Buka ya ga Momone ke buka ya lefoko la Modimo le le boitshe-pho go tshwana le Baebele. Ke pego e e kwadilweng ya ditiri-sanyo tsa Modimo le banni ba bogologolo ba Amerika mme e na lebotlalo jwa efangele e e senang bokhutlo.

    Buka e kwadilwe ke baporofiti ba le bantsi ba bogologolo kamowa wa seporofiti le tshenolo. Mafoko a bone, a a kwadilwengmo dipapetlaneng tsa gauta, a tsewa jaaka a ntse a ba a khutshwa-fadiwa ke moporofiti le moitse-wa-ditso a bidiwa Momone. Pego ee kwadilweng e fa pego ka ga ditlhabologo tse dikgolo tse pedi.Nngwe e dule kwa Jerusalema ka ngwaga wa makgolo a marataropele ga ga Keresete (600 b.c.), mme morago ya kgaogana ka ditha-ba tse pedi, tse di itseweng e le Banifae le Baleimene. E nngwe etlile pele thata fa Morena a tlhakatlhakanya diteme kwa Kagong ee Godileng ya Beibele. Setlhopha se, se itsewe e le Bajarete. Mora-go ga dikete tsa dingwaga, botlhe ba ne ba nyelediwa, kwa ntle gaBaleimene, mme ke borraagwemogologolwane ba Baindia baAmerika.

    Tiragalo ya konokono e e kwadilweng mo Bukeng ya ga Momo-ne ke tirelo ya Morena Jesu Keresete ka sebele gareng ga Banifaemorago fela ga tsogo ya gagwe. E baya pele dithuto tsa efangele, etlhalosa thulaganyo ya poloko, mme e bolelela batho se ba tshwa-netseng ba se dira go bona kagiso mo botshelong jono le poloko yabosakhutleng mo botshelong jo bo tlang.

    Morago ga Momone a sena go fetsa mekwalo ya gagwe, o ne anaya pego go morwawe Moronae, yo a neng a latlhela mafoko a sekae a gagwe, mme, a fitlha dipapetlana kwa lentsweng la Khamora.Ka Lwetse a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe, kangwaga wa 1823, Moronae ene yoo, jaanong e le motshedi yo ogalaleditsweng yo o tsositsweng, a bonala kwa go Moporofiti JosephSmith mme a mo laela ka ga pego e e kwadilweng ya bogologolotala le maikaelelo a go e ranolela mo puong ya Sekgowa.

    Mo nakong e e tshwanetseng, dipapetlana di ne tsa tlisiwa kwago Joseph Smith, yo o neng a di ranola ka mpho le thata yaModimo. Pego e e kwadilweng jaanong e gatisitswe le go anamisi-wa ka dipuo di le dintsi, e le bosupi jo bosha jo bo tlaletsang goreJesu Keresete ke Morwa Modimo o o tshelang le gore botlhe ba batlaa tlang kwa go ene mme ba obamela melao le ditlhomo tsaefangele ya gagwe ba ka bolokwa.

    Mabapi le pego e e kwadilweng e, Moporofiti Joseph Smith o nea re: Ke boleletse bakaulengwe gore Buka ya ga Momone e ne e leya nnete thata mo go epe buka mo lefatsheng, mme ke pinagare ya

  • vi

    tumelo ya rona, mme motho o ka atamela go Modimo ka go saladithuto tsa yone morago, go na le ka epe buka e nngwe.

    Mo godimo ga ga Joseph Smith, Morena o ne a dira gore babangwe ba le lesome le motso ba iponele dipapetlana tsa gauta legore ba tle ba nne basupi ba ba kgethegileng ba boammaaruri lebomodimo jwa Buka ya ga Momone. Bopaki jwa bone jo bo kwadi-lweng bo akareditswe mo e le Bopaki jwa Basupi ba Bararo leBopaki jwa Basupi ba ba Borobabobedi.

    Re laletsa batho botlhe gongwe le gongwe go bala Buka ya gaMomone le go akanya ka boteng molaetsa o o mo go yone modipelong tsa bone, mme jaanong foo go botsa Modimo, Rara waBosakhutleng, mo leineng la ga Keresete, fa buka e e le boammaa-ruri. Bao ba ba salang tsela e morago, mme ba botsa ka tumelo batlaa amogela bopaki jwa boammaaruri le bomodimo jwa yone, kathata ya Mowa o o Boitshepho. (Bona Moronae 10:35.)

    Bao ba ba amogelang bosupi jo, jwa semodimo go tswa go Mowa oo Boitshepho ba tlaa tla go itse gape ka thata ya Mowa o o Boitshe-pho gore Jesu Keresete ke Mmoloki wa lefatshe, le gore JosephSmith ke mosenodi le moporofiti wa gagwe mo malatsing a abofelo, le gore Kereke ya ga Jesu Keresete ya Baitshephi ba Malatsia Bofelo ke motse wa bogosi jwa Morena gangwe gape o tlhomi-lwe mo lefatsheng, go baakanyetsa go tla ga bobedi ga ga Mesia.

  • vii

    BOPAKI JWA BASUPI BA BA BARARO

    A go itsewe go dithaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho ba go bonetiro e e tlaa tlang: Gore rona, ka matlhogonolo a Modimo Rara, leMorena wa rona Jesu Keresete, re bone dipapetlana tse di nang lepego e e kwadilweng e, e e leng pego e e kwadilweng ya batho baga Nifae, ga mmogo le ya Baleimene, bakaulengwe ba bone, gammogo le ya batho ba ga Jarete, ba ba duleng kwa kagong e egodileng e ka ga yone go builweng. Gape re itse gore di ranotsweka mpho le thata ya Modimo, gonne lentswe la gagwe le e begilego rona; ka jalo he, re itse ka tlhomamiso gore tiro e ke boammaa-ruri. Mme gape re paka gore re bone megabo e e mo dipapetla-neng; mme re di bontshitswe ka thata ya Modimo, mme e seng yamotho. Mme re bega ka mafoko a tlhoafalo, gore moengele waModimo o fologile go tswa kwa legodimong, mme a tlisa mme abaya fa pele ga matlho a rona, gore re ne ra leba mme ra bonadipapetlana, le megabo e e mo go tsone; mme re itse gore ke kamatlhogonolo a Modimo Rara, le Morena wa rona Jesu Keresete,re neng ra bona e bile re naya bosupi gore dilo tse, ke boammaaru-ri. Mme go a gakgamatsa mo matlhong a rona. Le fa go ntse jalo,lentswe la Morena le re laetse gore re tshwanetse re nee bosupi jayone; ka jalo he, go obamela ditaelo tsa Modimo, re naya bopakijwa dilo tse. Mme re itse gore fa re na le tumelo mo go Keresete, retlaa tlosa diaparo tsa rona madi a batho botlhe, mme re tlaa fitlhe-lwa re sena selabe fa pele ga setilo sa katlholo sa ga Keresete, mmere tlaa nna le ene ka bosakhutleng mo magodimong. Mme tlotlo enne go Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepho, e leng Modimo ole mongwe. Amene.

    Oliver CowderyDavid WhitmerMartin Harris

  • viii

    BOPAKI JWA BASUPI BA BA BOROBABOBEDI

    A go itsewe go dithaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho, ba go bonetiro e e tlaa tlang: Gore Joseph Smith yo Mmotlana, moranodi watiro e, o re bontshitse dipapetlana tse ka tsone go builweng, tse dinang le tebego ya gauta; mme bontsi jotlhe fela jwa matlhare jaakaSmith yo o bolelwang a ne a a ranola re ne ra a tshwara ka diatlatsa rona; mme gape ra bona megabo mo go one, yotlhe e e nang letebego ya tiro ya bogologolo tala, le modiro wa matsetseleko.Mme se re naya bosupi ka mafoko a tlhoafalo, gore Smith yo obolelwang o re bontshitse, gonne re bone le go tsholetsa, e bile reitse ka tlhomamiso gore Smith yo o bolelwang o tshotse dipapetla-na tse re buileng ka ga tsone. Mme re fa maina a rona go lefatshego supa go lefatshe seo se re se bonyeng. Mme ga re ake, Modimoa naya bosupi jwa sone.

    Christian Whitmer Hiram PageJacob Whitmer Joseph Smith, Sen.Peter Whitmer, Jun. Hyrum SmithJohn Whitmer Samuel H. Smith

  • ix

    BOPAKI JWA GA MOPOROFITI JOSEPH SMITH

    Mafoko a ga Moporofiti Joseph Smith ka sebele ka ga go tla pele gaBuka ya ga Momone ke:

    Ka letlatlana la . . .Lwetse a tlhola masome a mabedi le motso[1823] . . .Ke ne ka ipaya ka thapelo le topo fa pele ga ModimoMothatayotlhe. . . .

    Fa ke ntse ke le mo tirong ya go bitsa Modimo, ke ne ka bonalesedi le tlhagelela mo phaposing ya me, le le neng la tswelela gooketsega go fitlhelela phaposi e le lesedi go gaisa ka setlhoboloko, faka bonako go bonala motho fa tlhakoreng la bolao jwa me, a eme mophefong, gonne maoto a gagwe a ne a sa kgoma bodilo.

    O ne a apere purapura e e bosweu jo bontle jo bogolo. E ne e lebosweu go feta sepe sa lefatshe se ke kileng ka se bona; le e seng gore kedumela gore selo sepe sa lefatshe se ka dirwa go lebege se le bosweujo bo feteletseng jaana le kgalalelo. Diatla tsa gagwe di ne di sa apara,le matsogo a gagwe gape, go tswa go se kae fa godimo ga ditokololotsa diatla; jalo, gape, dinao tsa gagwe di ne di sa apeswa sepe, felajaaka maoto a gagwe, go tloga go se kae fa godimo ga manyenana.Tlhogo le molala wa gagwe le tsone di ne di sa apeswa sepe. Ke ne kalemoga fa a ne a sa apara seaparo sepe gape fa e se purapura e, ka e nee bulegile, mo ke neng ke kgona go bona sehuba sa gagwe.

    E ne e se purapura ya gagwe fela e e neng e le bosweu jo bofeteletseng, mme mmele wa gagwe otlhe one o galalela mo go fetangbokao, le tebego ya sefatlhogo sa gagwe ruri e ne e kete legadima.Phaposi e ne e le lesedi le le feteletseng, mme e seng tshedimogo etona jaaka mo bogaufing jwa tikologo ya mmele wa gagwe. Fa ke moleba lwa ntlha, ke ne ka boifa; mme ka bofefo poifo e ne ya ntlogela.

    O ne a mpitsa ka leina, mme a re go nna gore e ne e le morongwa yoo rometsweng go tswa kwa bonnong jwa Modimo go tla kwa go nna, legore leina la gagwe ke Moronae; gore Modimo o na le tiro e ke tshwane-tseng go e dira; le gore leina la me le tshwanetse go itsewe ka ntlha yamolemo le bosula mo dithabeng tsotlhe, lotso, le diteme, kgotsa gore letshwanetse molemo le bosula di buiwe ka lone gareng ga merafe yotlhe.

    O ne a re go na le buka e e epetsweng, e e kwadilweng mo dipapetla-neng tsa gauta, e e fang pego ka ga banni ba lefatshe leno ba pele, lekwa ba tswang teng. O bile gape a re botlalo jwa Efangele e e senangbokhutlo bo ne bo le mo go yone, jaaka e neilwe ke Mmoloki go banniba bogologolo tala;

    Gape, gore go ne go na le matlapa a mabedi mo mareng a selefe-ramme matlapa a, a bofeletswe mo seiphemelo-sehubeng, a dira sese bidiwang Urime le Thumimetse di beilweng le dipapetlana;mme go nna nao le tiriso ya matlapa a, e ne e le tsone tse di dirangBalebi ka dinako tsa bogologolo tala kgotsa tsa pele; le gore Modimo odi baakanyeditse maikaelelo a go ranola buka.

    * * * * * * *

  • x

    Gape, o mpoleletse, gore fa ke tsaya dipapetlana tseo tse a neng abuile ka tsonegonne nako e di tshwanetseng gore di ka tsewa e nee ise e diragadiweke seka ka di bontsha motho ope; le fa e leseiphemelo-sehubeng se se nang le Urime le Thumime; fa e se ba ketlaa laolelwang go ba bontsha; fa ke ka dira, ke tlaa nyelediwa. Fa antse a bua le nna ka ga dipapetlana, pono e ne ya bulelwa mogopolowa me mo ke neng ka kgona go bona lefelo fa dipapetlana di neng diepetswe teng, mme seo ka tlhatswego le pharologanyo mo ke neng kaitse lefelo leo gape fa ke le etela.

    Morago ga puisanyo e, ke ne ka bona lesedi le le neng le le mophaposing le simolola go kgobokana mo tikologong ya motho yo oneng a sa tswa go bua le nna, mme le ne la tswelela go dira jalo, gofitlhelela phaposi e setse e le lefifi gape, fa e se fela mo tikologong yagagwe, fa ka bofefo jo bogolo ka bona, jaaka go ne go ntse, phaephe ebulegela ka tlhamalalo mo legodimong, mme a tlhatloga go fitlha anyelela gotlhelele, mme phaposi ya sala e ntse jaaka e ne e ntse pelega lesedi le la magodimo le iponatsa.

    Ke ne ka rapama, ke akantse ka ga boesi jwa pono e, mme kegakgamaletse se ke neng ke se boleletswe ke morongwa yo o fetangtlwaelesego yo; fa, mo gareng ga dikakanyo tsa me, ka tshogana kelemoga gore phaposi ya me gape e simolola go nna lesedi, mme kabofefo jo bogolo, jaaka gone go ntse, morongwa ene yole wa magodi-mo a bo gape a le fa letlhakoreng lwa bolao jwa me.

    A simolola, mme gape a boelela tota dilo tse o neng a di dira kaloeto lwa ntlha, go sena le fa e le pharologanyo e nnye; se e rileng a sedirile, a nkitsise ka ga dikatlholo tse dikgolo tse di neng di tla molefatsheng, ka dikakabalo tse di kgolo tsa tlala, thaka, le leroborobo;le gore dikatlholo tse di botlhoko tse di tlaa tla mo lefatsheng mometlheng ya gompieno. Fa a fetsa go bolela dilo tse, o ne a tlhatlogagape jaaka a ne a dira go le pele.

    Ka nako e, maitlhomo a a neng a dirilwe mo mogopolong wa me ane a le magolo, mo e leng gore boroko bone bo phatlaletse momatlhong a me, mme ka koama foo, ke fekeeditswe ke kgakgamaloya se ke se bonyeng ka ba ka se utlwa. Mme se e neng e le kgakgamaloya me fa gape ke bona morongwa ene yole fa tlhakoreng lwa bolaojwa me, mme ka mo utlwa a etsa kgotsa a boelela godimo gape go nnadilo tse di tshwanang le tsa pele; mme a oketsa ka tlhagiso mo go nna,a mpolelela gore Satane o tlaa leka go nthaela (ka ntlha ya khumane-go ya lelwapa la ga ntate), go tsaya dipapetlana ka maikaelelo a gohuma. Se a se nkiletsa, a bua gore ke seka ka nna le maikaelelo amangwe mo go tseyeng dipapetlana fa e se go galaletsa Modimo, ebile ke seka ka tlhotlhelediwa ke maikaelelo ape a mangwe fa e se goaga motse wa bogosi jwa Gagwe; go seng jalo ga ke kake ka di tsaya.

    Morago ga loeto lo lwa boraro, o ne gape a tlhatlogela kwalegodimong jaaka pele, mme ka tlogelwa gape go akanya ka keleleloka ga go sa tlwaelesega ga se ke sa tswang go se bona; fa ka bofefo

  • xi

    morago ga morongwa wa legodimo a sena go tlhatloga go tswa fa gonna la boraro, mokoko wa lela, mme ka bona gore bosa bo ne boatamela, ka jalo dipuisanyo tsa rona di tshwanetse tsa bo di tserebosigo joo jotlhe.

    Ke ne moragonyana ka ema go tswa mo bolaong jwa me, mme,jaaka gale, ka ya le ditiro tse di tlhokafalang tsa letsatsi; mme, mo golekeng go dira jaaka ka dinako tse dingwe, ke ne ka fitlhela nonofo yame e fedile mo go ntirang gore ke se kgone gotlhelele. Ntate, yo oneng a dira le nna, o ne a lemoga gore go sengwe se se phoso ka nna,mme a nthaya a re ke ye gae. Ke ne ka simolola ka maikaelelo a go yakwa ntlong; mme, mo go lekeng go tlola legora la tshimo e re neng rele teng, nonofo ya me e ne ya ntatha gotlhelele, mme ka wela fa fatsheke feletswe ke tshepho, mme ka sebaka ka bo ke le mo maibing asengwe le sengwe.

    Selo sa ntlha se ke se gakologelwang e ne e le lentswe le le nengla bua le nna, le mpitsa ka leina. Ka leba kwa godimo, mme ka bonamorongwa ene yole gape a eme fa godimo ga tlhogo ya me, a dikolo-gilwe ke lesedi jaaka pele. O ne gape a mpolelela se a neng a sempoleletse bosigo jo bo fetileng, mme a ntaolela gore ke ye kwago ntate le go mmolelela ka ga pono le ditaelo tse ke di amogetseng.

    Ka obamela, ka boela kwa go ntate mo tshimong, ka mo tlhatlolo-ganyetsa tiragalo yotlhe. O ne a mphetola ka gore e ne e le ya Modimo,mme a mpolelela gore ke ye mme ke dire jaaka ke laetswe ke moro-ngwa. Ke ne ka tlogela tshimo, mme ka ya kwa lefelong le morongwaa neng a mpoleletse gore dipapetlana di epetswe teng; mme ka ntlhaya go tlhatswega ga pono e ke neng ke nnile nayo ka lone, ke ne kaitse lefelo leo fela fa ke goroga kwa go lone.

    Gaufi le motse wa Manchester, kgaolo ya Ontario, New York, goeme lentswe la selekanyo se se bonalang, le le tlhatlogileng go feta lepemo tikologong. Ka fa bophirima jwa lentswe le, gaufi le setlhowa, ka fatlase ga letlapa la selekanyo se se bonalang, go ne go le dipapetlana tse,di beilwe mo teng ga kesi ya letlapa. Letlapa le ne le le lekima le bilele le kgolokwe fa gare mo ntlheng e e fa godimo, le ne le le lesesane goya mo dithoko, mo goreng bogare jwa lone bo ne bo bonala fa godimoga lefatshe, mme losi lotlhe lo ne lo bipilwe ke mmu.

    Fa ke sena go tlosa mmu, ka tsaya thobane, e ke neng ka e tshwarisaka fa tlase ga losi lwa letlapa, mme ka go panyeletsanyana ka letsholetsa. Ka leba mo teng, mme moo ka nnete ka bona dipapetlana,Urime le Thumime, le seiphemelo-sehubeng, jaaka morongwa a tlhalo-sitse. Kesi e di neng di le mo teng ga yone, e ne e dirilwe ka matlapa a abopagantsweng ka mofuta mongwe wa semente. Kwa tlase ga kesi e, gone go beilwe matlapa a le mabedi a a neng a kgabaganya kesi; mme momatlapeng a, go ne go le dipapetlana le dilo tse dingwe di na le tsone.

    Ka dira maiteko go di ntsha, mme ka idiwa ke morongwa, mmegape ka itsisiwa gore nako ya go ntshiwa ga tsone ga e ise e fitlhe,mme e bile ga e kitla, go fitlhelela ngwaga tse nne go tloga mo nakong

  • xii

    eo; mme o ne a mpolelela gore ke tle fa lefelong leo morago ga ngwagae le nngwe go tloga nakong eo, le gore koo o tlaa kopana le nna, legore go dira jalo go fitlhelela nako e tla ya go ka tsaya dipapetlana.

    Go ya ka jalo, jaaka ke ne ke laotswe, ke ne ka ya koo mafelo angwaga nngwe le nngwe, mme ka nako nngwe le nngwe, ke ne kafitlhela morongwa yoo teng, mme ka amogela thuto le botlhale gotswa mo go ene mo go nngwe le nngwe ya dipuisanyo tsa rona, ka gase Morena a neng a tlile go se dira, le gore jang le ka mokgwa o motsewa bogosi jwa Gagwe o neng o tshwanetse go tsamaisiwa mo mala-tsing a bofelo.

    * * * * * * *Mme mo sebakeng nako ya goroga ya go tsaya dipapetlana, Uri-

    me le Thumime, le seiphemelo-sehubeng. Ka Lwetse a tlhola malatsia le masome a mabedi le metso e mebedi, ka ngwaga wa seketemakgolo a le borobabobedi le masome a mabedi le metso e supa, keile jaaka gale kwa bofelong jwa ngwaga e nngwe kwa lefelong le dineng di epetswe teng, ene morongwa yole wa magodimo a di nneelaka taelo e: Gore ke di tlhokomele; gore fa ke ka di latlha ka bosutlha,kgotsa ka tatlhelelo nngwe ya me, ke tlaa kgaolwa; mme gore fa ke kadirisa maiteko a me otlhe go di tlamela, go fitlhelela ene, morongwa,a di batla, di tlaa sirelediwa.

    Ka bonako, ke ne ka lemoga lebaka la gore ke eng ke ne kaamogela ditaelwana tse di gagametseng jaana go di babalela, le goreke eng morongwa a ne a rile fa ke dirile se se batliwang mo seatlengsa me, o tlaa di batla. Gonne go ne go se bofefo go itsege gore ke ne kedi tshotse, go gaisa go lekwa ka dikgoka tsotlhe go di tsaya mo gonna. Maano otlhe a a neng a ka diriwa a ne a dirisiwa ka maikaeleloao. Dipogiso di ne tsa nna botlhoko le go loelela go gaisa pele, mmematshwititshwiti a ne a thantse ka nako yotlhe go di tsaya mo go nnafa go kgonega. Mme ka tlhalefo ya Modimo, di ne tsa nna ka poloke-sego mo diatleng tsa me, go fitlhelela ke wetsa ka tsone se se neng sebatlilwe mo seatleng sa me. Fa, go ya ka fa dithulaganyong, moro-ngwa a bitsa gore di tle, ka di isa kwa go ene; mme o na le tsone motaolong ya gagwe go fitllhelela mo letsatsing leno, e le letsatsi labobedi la Motsheganong ka ngwaga wa sekete, makgolo a fera bobe-di, masome a mararo le metso e fera bobedi.

    Ka pego e e kwadilweng ka botlalo, bona Joseph SmithHistory(Joseph SmithDitso), mo Perela ya Tlhwatlhwa e Kgolo le History ofThe Church of Jesus Christ of Latter-day Saints (Ditso tsa Kereke ya ga JesuKeresete ya Baitshephi ba Malatsi a Bofelo), buka 1, kgaolo 1 go ya go 6.

    Pego e e kwadilweng ya bogologolo tala jalo e tsisitswe pele gotswa mo lefatsheng e le lentswe la batho ba ba buang go tswa moleroleng, mme la ranolelwa mo puong ya segompieno ka mpho lethata ya Modimo jaaka e tladitswe ka Sekano sa seModimo, e gatisi-tswe le go anamisiwa go lefatshe la ntlha mo Sekgoeng ka ngwagawa 1830 e le The Book of Mormon.

  • xiii

    TLHALOSO E KHUTSWHANE KA GA

    Buka ya ga MomoneBuka ya ga Momone ke pego e e kwadilweng e e boitshepho ka gabatho ba Amerika wa bogologolo tala, mme e ne e gabilwe modikapetlaneng tsa tshipi. Go buiwa ka mefuta e mene ya dipape-tlana tsa tshipi mo bukeng ka boyone:1. Dipapetlana tsa ga Nifae, tse di neng di le mefuta e mebedi:

    Dipapetlana tse di Potlana le Dipapetlana tse di Kgolwane. Tsapele di ne di lebagane thata le dilo tsa semoa le tirelo le dithutotsa baporofiti, fa tsa morago go ne go le mo go tsone bogoloditso tsa lefatshe tsa batho ba go buiwang ka bone (1 Nifae 9:24). Go tloga ka nako ya ga Mosaeya, legale, dipapetlana tsedikgolwane le tsone di ne tsa akaretsa dintlha tsa botlhokwa jobogolo jwa semowa.

    2. Dipapetlana tsa ga Momone, tse di tshotseng khutshwafatso kaMomone go tswa mo Dipapetlaneng tse di Kgolwane tsa gaNifae, go na le dikakgelo tse dintsi. Dipapetlana tse gape di nedi tshotse tswelelo ya ditso ka Momone le ditlaleletso kamorwawe Moronae.

    3. Dipapetlana tsa ga Ethere, tse di nayang ditso tsa Bajarete. Pegoe e kwadilweng e e ne ya khutshwafadiwa ke Moronae, yo oneng a tsenya dikakgelo tsa gagwe, a ba a kopanya pego e ekwadilweng le ditso ka kakaretso mo leineng la Buka ya gaEthere.

    4. Dipapetlana tsa Borase tse di neng tsa tlisiwa ke batho ba ga Lihaego tswa kwa Jerusalema ka ngwaga wa makgolo a marataropele ga ga Keresete (600 b.c.). Tse di ne di na le dibuka tsetlhano tsa ga Moe, . . . Ga mmogo le pego e e kwadilweng kaBajuta go tswa kwa tshimologong, . . .go tla mo tshimologongya puso ya ga Setekia, kgosi ya Juta; ga mmogo le diporofito tsabaporofiti ba ba boitshepho (1 Nifae 5: 1113). Mafoko a man-tsi a a inotsweng mo dipapetlaneng tse, a etsa Isaia le baporofitiba bangwe ba baebele le ba e seng ba baebele, a bonala moBukeng ya ga Momone.Buka ya ga Momone e akaretsa dikarolo kgotsa dikgaogano di

    le lesome le metso e metlhano, di itsege, kwa ntle ga e le nngwe, ele dibuka, nngwe le nngwe e kgethetswe leina la mokwadi yomogolo wa yone. Karolo ya ntlha (dibuka tsa ntlha tse thataro, gofelela ka Omonae) ke thanolo e e tswang mo Dipapetlaneng tse dipotlana tsa ga Nifae. Fa gare ga dibuka tsa ga Omonae le Mosaeyago tsenelela e e bidiwang Mafoko a ga Momone. Tsenelela e e

  • xiv

    golaganya pego e e gabilweng mo Dipapetlaneng tse di Potlana lekhutshwafatso ya ga Momone ya Dipapetlana tse di Kgolwane.

    Karolo e telele, go tloga go Mosaeya go ya go Momone, kgaolo 7,e le mo teng, ke thanolo ya khutshwafatso ya ga Momone yaDipapetlana tse di Kgolwane tsa ga Nifae. Karolo ya bokhutlo, gotloga go Momone, kgaolo 8, go ya kwa bofelelong jwa buka, egabilwe ke morwa Momone Moronae, yo, e neng ya re a sena gofetsa pego e e kwadilweng ka ga botshelo jwa ga rraagwe, a dirakhutshwafatso ya tiragalo ka Bajarete (e le Buka ya ga Ethere)mme morago a oketsa ka dikarolo tse di itsegeng e le Buka ya gaMoronae.

    Mo kgotsa e ka nna ngwaga wa makgolo a mane, masome amabedi le motso morago ga ga Keresete (421 a.d.), Moronae, wabofelo wa baporofiti le baitse-ditso ba Banifae, o ne a kana pego e ekwadilweng e e boitshepho, mme a e fitlha go Morena, go tla gotlisiwa pele mo malatsing a bofelo, jaaka go boletswe pele kelentswe la Modimo ka baporofiti ba gagwe ba bogologolo tala. Ka1823 a.d., ene Moronae yo, jaanong e le motho yo o tsositsweng,o ne a etela moporofiti Joseph Smith, mme morago a mo nayadipapetlana tse di gabilweng.

  • xv

    MAINA LE THULAGANYO YA DIBUKA TSE DI MO

    Bukeng ya ga MomoneLeina Tsebe

    Buka ya Ntlha ya ga Nifae . . . . . . . . . . . . 1

    Buka ya Bobedi ya ga Nifae . . . . . . . . . . . . 59

    Buka ya ga Jakobe . . . . . . . . . . . . . . . 130

    Buka ya ga Enose . . . . . . . . . . . . . . . 152

    Buka ya ga Jeromo . . . . . . . . . . . . . . . 155

    Buka ya ga Omonae . . . . . . . . . . . . . . 157

    Mafoko a ga Momone . . . . . . . . . . . . . . 160

    Buka ya ga Mosaeya . . . . . . . . . . . . . . 163

    Buka ya ga Alema . . . . . . . . . . . . . . . 238

    Buka ya ga Hilamene . . . . . . . . . . . . . . 443

    Nifae wa Boraro . . . . . . . . . . . . . . . . 493

    Nifae wa Bone . . . . . . . . . . . . . . . . 562

    Buka ya ga Momone . . . . . . . . . . . . . . 567

    Buka ya ga Ethere . . . . . . . . . . . . . . . 590

    Buka ya ga Moronae . . . . . . . . . . . . . . 630

  • DITSHWANTSHO

    1. Morena Jesu KereseteSetshwantsho ka Heinrich Hofmann

    2. Moporofiti Joseph SmithSetshwantsho ka Alvin GittinsBona Bopaki jwa ga Moporofiti Joseph Smith, tsebe ixxii

    3. Lihae o bona LeahonaSetshwantsho ka Arnold FribergBona Nifae wa Ntlha kgaolo 16, tsebe 3740

    4. Lihae le batho ba gagwe ba goroga mo lefatsheng latsholofetso Setshwantsho ka Arnold FribergBona Nifae wa Ntlha kgaolo 18, tsebe 4649

    5. Alema o kolobetsa mo metsing a MomoneSetshwantsho ka Arnold FribergBona Mosaeya kgaolo 18, tsebe 204207

    6. Samuele wa Moleimene o a porofitaSetshwantsho ka Arnold FribergBona Hilamene kgaolo 16, tsebe 490493

    7. Jesu Keresete o etela AmerikaseSetshwantsho ka John ScottBona Nifae wa boraro kgaolo 11, tsebe 520523

    8. Moronae o fitlha pego e e kwadilweng ya BanifaeSetshwantsho ka Tom LovellBona Momone kgaolo 8, tsebe 582586

  • Buka ya Ntlha ya ga Nifae

    PUSO LE TIRELO YA GAGWE

    Pego ka ga Lihae le mosadi wa gagwe Saraeya, le barwawe babane, ba bidiwa, (go simolola ka yo mogolo) Leimene, Lemuele,Seme, le Nifae. Morena o tlhagisa Lihae go tswa mo lefatsheng laJerusalema, ka gore o ne a porofita go batho ka ga boleofi jwabone, mme jalo ba batla go senya botshelo jwa gagwe. O tsayamalatsi a le mararo a loeto go tsena mo nageng le balelwapa lagagwe. Nifae o tsaya bakaulengwe ba gagwe, mme ba boela kwalefatsheng la Jerusalema go latela pego e e kwadilweng ka gaBajuta. Pego ka ga ditshotlego tsa bone. Ba tsaya barwadia Iemaelego ba dira basadi. Ba tsaya bamalwapa a bone go tsena mo nageng.Ditshotlego le dipogisego tsa bone mo nageng. Tsela ya mesepeleya bone. Ba tla fa boidiiding jwa metsi. Bakaulengwe ba ga Nifaeba ingaola kgatlhanong le ene. O a ba didimatsa, mme o agasekepe. Ba bitsa leina la lefelo Letlepu. Ba kgabaganya boidiidijwa metsi go tsena mo lefatsheng la tsholofetso, le jalo jalo. Se keka fa pegong ya ga Nifae; kgotsa ka mafoko a mangwe, nna, Nifae,ke kwadile pego e.

    KGAOLO 1

    Nifae o simolola pego e e kwadi-lweng ya batho ba gagweLihaeo bona mo ponong mosipuri wamolelo mme o bala mo bukeng yaseporofitiO baka Modimo, o bo-lelela-pele ka go tla ga ga Mesia,mme o porofita ka tshenyego yaJerusalemaO bogisiwa ke Bajuta.E ka nna dingwaga di le 600 pelega ga Keresete.

    NNA, Nifae, ke tsetswe kebatsadi ba ba molemo,jalo he ke ne ka rutwa ka sele-kanyo sengwe dithuto tsotlhetsa ga ntate; mme ke bonyedipogisego tse dintsi mo mala-tsing a me, mme le fa go ntsejalo, ke ne ke ratilwe thata keMorena mo malatsing otlhe ame; ee, ke ne ke na le kitso e

    kgolo ya molemo le masaitse-weng a Modimo, jalo he, kedira pego e e kwadilweng kaditiragalo tsa me mo malatsinga me.

    2 Ee, ke dira pego e e kwadi-lweng ka puo ya ga ntate, e eakaretsang go ithuta ga Bajutale puo ya Baegepeto.

    3 Mme ke itse gore pego e ke edirang ka mokwalo ke boamma-aruri; mme ke e dira ka seatla same; mme ke e dira ka fa kitsongya me.

    4 Gonne go ne ga diragala motshimologong ya ngwaga wantlha wa puso ya ga Setekia,kgosi ya Juta, (ntate, Lihae, antse kwa Jerusalema mo mala-tsing otlhe a gagwe); mme gonemo ngwageng oo, go ne ga tlabaporofiti ba le bantsi, ba poro-fita go batho gore ba ikotlhaye,

  • 1 Nifae 1:516 2

    e seng jalo motse mogolo Jeru-salema o tlaa senngwa.5 Ka jalo he go ne ga diragala

    gore ntate, Lihae, jaaka a nea tsamaya pele a rapela go Mo-rena, ee, le ka pelo ya gagweyotlhe, mo boemong jwa bathoba gagwe.

    6 Mme go ne ga diragala gorefa a ntse a rapela go Morena, gatla mosipuri wa molelo wa nnafa godimo ga lefika fa pele gagagwe; mme a bona a ba a utlwago le gontsi; mme ka ntlha yadilo tse a neng a di bona a baa di utlwa o ne a roroma a ba atetesela mo go feteletseng.

    7 Mme go ne ga diragala gorea boele kwa ntlong ya gagwekwa Jerusalema; mme a itatlhelamo godimo ga bolao jwa gagwe,a gateletswe ke Mowa le dilotse a neng a di bonye.

    8 Mme jalo a gateletswe keMowa, o ne a tsewa mo ponong,le ka moo a bona magodimoa bulega, mme a ithaya a re one a bona Modimo a ntse mosetilong sa gagwe sa bogosi, adikaganyeditswe ke masomo-somo a a senang palo a baengelemo seemong sa go opelela le gobaka Modimo wa bone.

    9 Mme go ne ga diragala gorea bone Mongwe a fologela gotswa gareng ga legodimo, mmea bona gore kgalalelo ya gagwee ne e feta ya letsatsi ka setlho-boloko.

    10 Mme o ne gape a bona ba lelesome le bobedi ba bangweba mo latela, mme kgalalelo yabone e gaisa ya dinaledi tsaloapi.

    11 Mme ba tla tlase mme ba

    ya pele mo sefatlhogong sa le-fatshe; mme wa ntlha a tla mmea ema fa pele ga ga ntate, mmea mo neela buka, mme a molaletsa gore a bale.

    12 Mme go ne ga diragala gorefa a bala, o ne a tladiwa kaMowa wa Morena.

    13 Mme a bala, a re: Khutsafalo,khutsafalo, go Jerusalema, go-nne ke bone bodiabole ja gago!Ee, mme dilo di le dintsi ntate one a di bala ka ga Jerusalemagore o tlaa senngwa, le banniba one; bontsi bo tlaa nyelelaka thaka, mme bontsi bo tlaatsewa ditshwarwa go tsena moBabilone.

    14 Mme go ne ga diragala gorefa ntate a sena go bala a ba abona dilo tse dintsi tse dikgolotse di gakgamatsang, o ne a bu-ela kwa godimo dilo di le dintsigo Morena, jaaka: Bogolo lekgakgamatso ke ditiro tsa gago,O Morena Modimo Mothatayo-tlhe! Setilo sa bogosi jwa gagose godimo mo magodimong,mme thata ya gago, le molemo,le kutlwelobotlhoko di godimoga banni botlhe ba lefatshe;mme, ka o le kutlwelobotlhoko,ga o kitla o letla ba ba tlang kwago wena gore ba ka nyelela!

    15 Mme morago ga mokgwa oe ne e le puo ya ga ntate mo gobakeng Modimo wa gagwe; go-nne botho jwa gagwe bone jwaipela, le pelo ya gagwe yotlhe ene e tletse, ka ntlha ya dilo tse aneng a di bonye, ee, tse Morenaa neng a di supile go ene.

    16 Mme jaanong nna, Nifae,ga ke dire pego e e tletseng yadilo tsotlhe tse ntate o neng a di

  • 3 1 Nifae 1:172:3

    kwala, ka gonne o ne a kwadiledilo di le dintsi tse a di bonyengmo diponong le mo ditorong;mme gape o ne a kwadile dilodi le dintsi tse a neng a di poro-fita a ba a di bua go bana bagagwe, tse ke sa tleng go dirapego e e tletseng ya tsone.17 Mme fela ke tlaa dira pego

    ya ditiragalo tsa me mo mala-tsing a me. Bonang, ke dirakhutshwafatso ya pego e ekwadilweng ya ga ntate, modipapetlaneng tse ke di dirilengka diatla tsa me; ka jalo he, fake sena go khutshwafatsa pegoe e kwadilweng ya ga ntate,ke gone ke tlaa dirang pego kabotshelo jwa me.

    18 Jalo he, ke eletsa gore loitse, gore morago ga Morena asena go bontsha dilo tse dintsitse di gakgamatsang go ntate,Lihae, ee, ka ga tshenyego yaJerusalema, bonang, o ne a yagareng ga batho, mme a simo-lola go porofita le go bega gobone ka dilo tse a di bonyeng aba a di utlwa.

    19 Mme go ne ga diragala goreBajuta ba mo sotle ka ntlha yadilo tse a neng a di paka ka gabone; gonne ka boammaaruri one a paka ka ga boleo le bodia-bole jwa bone; mme o ne a pakagore dilo tse a di bonyeng a baa di utlwa, ga mmogo le dilo tsea di badileng mo bukeng, disupa ka tlhamalalo ka go tla gaga Mesia, ga mmogo le theko-lolo ya lefatshe.

    20 Mme e rile fa Bajuta bautlwa dilo tse ba ne ba mo tene-gela; ee, le jaaka baporofiti babogologolo, ba ba neng ba ba

    koba, ba ba kgobotletsa ka ma-jwe, ba ba bolaya; mme gape babatla botshelo jwa gagwe, goreba tle ba bo tseye. Mme bonang,nna, Nifae, ke tlaa supegetsa golona gore mautlwelobotlhoko aa bonolo a Morena a godimo gabotlhe bao ba a ba tlhophileng,ka ntlha ya tumelo ya bone, goba dira dinatla le go thata yakgololo tota.

    KGAOLO 2

    Lihae o tseela balelwapa la gagwemo nageng go bapa le Lewatle leLehibiduBa tlogela dithoto tsaboneLihae o abela Morena se-tlhabelo, mme o ruta barwawe gotshegetsa ditaeloLeimene le Le-muele ba ngunanguna kgatlhanongle rraaboNifae o a obamela, mmeo rapela mo tumelong; Morena obua le ene, mme o tlhophiwa gobusa bakaulengwe ba gagwe. E kanna dingwaga di le 600 pele ga gaKeresete.

    Gonne bonang, go ne ga dira-gala gore Morena a bue le ntate,ee, le mo torong, mme a re goene: Go segofaditswe wenaLihae, ka ntlha ya dilo tse wenao di dirileng; le ka ntlha ya goreo ntse o ikanyega mme wa begago batho ba dilo tse ke di lae-tseng wena, bona, ba batla gotsaya botshelo jwa gago.

    2 Mme go ne ga diragala goreMorena a laele ntate, le motorong tota, gore a tseye bale-lwapa la gagwe mme a emelelego tsena mo nageng.

    3 Mme go ne ga diragalagore o ne a obamela lefoko la

  • 1 Nifae 2:414 4

    Morena, ka jalo he o ne a dirajaaka Morena a mo laetse.4 Mme go ne ga diragala gore

    a emelelele mo nageng. Mmeo ne a tlogela ntlo ya gagwe,le lefatshe la boswa jwa gagwe,le gauta ya gagwe, le seleferaya gagwe, le dilo tsa gagwe tsabotlhokwa, mme a seka a tsayasepe le ene, fela fa e se balelwapala gagwe, le mefago, le ditante,mme a emelelela mo nageng.

    5 Mme a tla tlase go bapa lemelelwane gaufi le letshitshila Lewatle le Lehibidu; mmea tsamaya mo nageng mo me-lelwaneng e e gautshwane leLewatle le Lehibidu; mme a tsa-maya mo nageng le balelwapala gagwe, le le neng le akaretsaMme Saraeya, le bomorwarre babatona, ba eneng e le Leimene,Lemuele, le Seme.

    6 Mme go ne ga diragala gorefa a sena go tsamaya malatsi ale mararo mo nageng, o ne atlhoma tante ya gagwe mo mo-kgatsheng fa thoko ga noka yametsi.

    7 Mme go ne ga diragala gorea age aletara ka matlapa mmea dira kabelo go Morena, mme afa malebogo go Morena Modi-mo wa rona.

    8 Mme go ne ga diragala gorea bitse leina la noka, Leimene,mme e ne e tshololela mo Lewa-tleng le Lehibidu; mme mokga-tha o ne o le mo melelwanenge e gaufi le molomo wa yone.

    9 Mme fa ntate a tla go bonagore metsi a noka a ne a tsholo-gela mo motsweding wa Lewa-tle le Lehibidu, o ne a bua leLeimene a re: O fa e kare o ka

    bo o tshwana le noka e, o tsho-logela ka nako tsotlhe mo mo-tsweding wa tshiamo yotlhe!

    10 Mme o ne a bua gape leLemuele a re: O fa e kare o kabo o tshwana le mokgatha o, otlhomame mme o nitame, mmeo sa tshikhinyege mo go tshe-getseng ditaelo tsa Morena!

    11 Jaanong se, o ne a se bua kantlha ya go gagamala melala gaga Leimene le Lemuele; gonnebonang, ba ne ba ngunangunamo dilong di le dintsi kgatlha-nong le rraabo, gonne e ne e lemonna wa dipontsho, mme a nea ba etelela pele go tswa mo lefa-tsheng la Jerusalema, go tlogelalefatshe la boswa jwa bone, legauta ya bone, le selefera yabone, le dilo tsa botlhokwa tsabone, go nyelela mo nageng.Mme se, ba ne ba re o se dirileka ntlha ya dikakanyo tse dibomatla tsa pelo ya gagwe.

    12 Mme jalo Leimene le Le-muele, e le ba bagolwane, ba neba ngunanguna kgatlhanong lerraabo. Mme ba ne ba ngu-nanguna ka gonne ba ne ba saitse ditirisanyo tsa Modimo o oba bopileng.

    13 Le e seng gore ba ne badumela gore Jerusalema, motseo mogolo oo, o ka senngwago ya ka mafoko a baporofiti.Mme ba ne ba le jaaka Bajuta baba neng ba le kwa Jerusalema,ba ba neng ba batla go tsayabotshelo jwa ga ntate.

    14 Mme go ne ga diragala gorentate a bue le bone mo mokga-tsheng wa Lemuele ka thata, atletse Mowa, go fitlhelela dipo-pego tsa bone di roroma fa pele

  • 5 1 Nifae 2:153:1

    ga gagwe. Mme o ne a ba didi-matsa, gore ba seka ba akgelakgatlhanong le ene; ka jalo he,ba ne ba dira jaaka a ne a balaela.15 Mme ntate o ne a nna mo

    tanteng.16 Mme go ne ga diragala gore

    nna, Nifae, ke ne ke le mmotlanamo go feteletseng, le fa go ntsejalo ke le mogolo ka seemo,mme gape ke na le dikeletso tsedikgolo go itse ka masaitsewenga Modimo, ka jalo he, ke ne kalelela go Morena; mme bonango ne a nketela, mme a nolofatsapelo ya me mo ke neng ka du-mela mafoko otlhe a a neng abuilwe ke ntate; ka jalo he, kene ka seka ka ingaola kgatlha-nong le ene jaaka barwarre.

    17 Mme ke ne ka bua le Seme,ke mo itsise dilo tse Morena aneng a di ntshupegeditse kaMowa wa gagwe o o Boitshe-pho. Mme go ne ga diragalagore a dumele mo mafokong ame.

    18 Mme, bonang, Leimene leLemuele ba ne ba seka ba oba-mela go mafoko a me; mme kantlha ya gore ke ne ke hutsafa-ditswe ke bothata jwa dipelotsa bone, ke ne ka lelela goMorena ka ntlha ya bone.

    19 Mme go ne ga diragala goreMorena a bue le nna a re: Osegofaditswe wena, Nifae, kantlha ya tumelo ya gago, gonneo mpatlile ka tlhoafalo, ka boi-kokobetso jwa pelo.

    20 Mme go lekana le jaaka lotlaa tshegetsa ditaelo tsa me, lotlaa tswelela, mme lo tlaa etele-lwa pele go ya kwa lefatsheng

    la tsholofetso; ee, le tota lefatshele ke le lo baakanyeditseng;ee, lefatshe le le kgethegilenggodimo ga mafatshe a mangweotlhe.

    21 Mme fela go lekana le jaakabakaulengwe ba gago ba tlaaingaola kgatlhanong le wena,ba tlaa kgaolwa go tswa fa bo-nnong jwa Morena.

    22 Mme go lekana jaaka wenao tlaa tshegetsa ditaelo tsa me,wena o tlaa dirwa mmusi lemoruti godimo ga bakaulengweba gago.

    23 Gonne bona, mo letsatsingleo le ba tlaa ingaolang kgatlha-nong le nna, ke tlaa ba hutsa,le ka khutso e e botlhoko tota,mme ga ba kitla ba nna le thatagodimo ga peo ya gago fa e sefela gore le bone ba ingaolekgatlhanong le nna.

    24 Mme fa go ka nna gore baingaole kgatlhanong le nna, batlaa nna titeo mo peong ya gago,go ba fudua mo ditseleng tsakgakololo.

    KGAOLO 3

    Barwa Lihae ba boela kwa Jeru-salema go tsaya dipapetlana tsaboraseLabane o gana go lesa di-papetlanaNifae o rotloetsa a baa kgothatsa bakaulengwe ba gagweLabane o utswa dithoto tsa bonea ba a leka go ba bolayaLeimenele Lemuele ba itaya Nifae le Sememme ba kgalemelwa ke moengele.E ka nna dingwaga di le 600 go yago dile 592 pele ga ga Keresete.

    Mme go ne ga diragala gorenna, Nifae, ke boe go tswa kwa

  • 1 Nifae 3:216 6

    go bueng le Morena, go tla motanteng ya ga ntate.2 Mme go ne ga diragala gore

    a bue le nna, a re: Bona ke loriletoro, e mo go yone Morena antaetseng gore wena le bakau-lengwe ba gago lo tla boelakwa Jerusalema.

    3 Gonne bona, Labane o na lepego e e kwadilweng ya Bajutaga mmogo le losika lwa borre-mogolo, mme di gabilwe modipapetlaneng tsa borase.

    4 Ka jalo he, Morena o ntaetsegore wena le barwarrago lotshwanetse go ya kwa ntlong yaga Labane, mme lo batle dipegotse di kwadilweng, le bo le ditsisa tlase kwano mo nageng.

    5 Mme jaanong, bona barwa-rrago ba a ngunanguna, ba reke selo se se thata se ke se batli-leng mo go bone; mme bona, gake a se batla mo go bone, mmeke taelo ya Morena.

    6 Jalo he, tsamaya morwaaka,mme o tlaa ratiwa ke Morena,gonne ga o aka wa ngunanguna.

    7 Mme go ne ga diragala gorenna, Nifae, ke reye ntate ke re:Ke tlaa tsamaya mme ke diredilo tse Morena a di laetseng,gonne ke itse gore Morena ga aneye ditaelo dipe go bana babatho, fa e se gore o tlaa ba baa-kanyetsa tsela gore ba tle bakgone dilo tse a di ba laetseng.

    8 Mme go ne ga diragala gorefa ntate a sena go utlwa mafokoa o ne a itumetse mo go fetele-tseng, gonne o ne a itse gore kene ke segofaditswe ke Morena.

    9 Mme nna, Nifae, le bakaule-ngwe ba me, re ne ra tsaya loetolwa rona go tsena mo nageng,

    ka ditante tsa rona, go tlhatloge-la kwa lefatsheng la Jerusalema.

    10 Mme go ne ga diragala gorefa re sena go tlhatlogela kwalefatsheng la Jerusalema, nna lebakaulengwe ba me re ne ra ga-kololana mongwe le yo mongwe.

    11 Mme ra latlhela bolakemang wa rona yo o tshwane-tseng go ya go tsena kwa ntlongya ga Labane. Mme go ne gadiragala gore bola bo wele mogo Leimene; mme Leimene a yago tsena mo ntlong ya ga Laba-ne, mme a bua nae jaaka a ne antse mo ntlong ya gagwe.

    12 Mme a eletsa go tswa goLabane dipego tse di kwadi-lweng tse di neng di gabilwe modipapetlaneng tsa borase, tse dineng di na le losika la ga ntate.

    13 Mme bonang, go ne gadiragala gore Labane o ne aakgetse, mme a mo latlhelakwa ntle go tswa fa bonnong jagagwe; mme a gana gore o katsaya dipego tse di kwadilweng.Ka jalo he, o ne a mo raya a re:Bona o serukutlhi, mme ke tlaago bolaya.

    14 Mme Leimene o ne a sia gotswa fa go ene, mme a boleladilo tse Labane a di dirileng,go rona. Mme ra simolola gohutsafala mo go feteletseng,mme bakaulengwe ba me ba neba le gaufi le go boela kwa gontate mo nageng.

    15 Mme bonang, ke ne ka baraya ka re: Jaaka Morena atshela, le jaaka le rona re tshela,ga re kitla re ya kwa go ntate monageng go fitlhelela re kgonneselo se Morena a se re laetseng.

    16 Ka jalo he, a re ikanyegeng

  • 7 1 Nifae 3:1729

    mo go tshegetseng ditaelo tsaMorena; jalo he a re yeng re folo-gele kwa tlase kwa lefatsheng laboswa jwa ga rraetsho, gonnebonang o tlogetse gauta le sele-fera, le mefuta yotlhe ya dikhu-mo. Mme tsotlhe tse, o di dirileka ntlha ya ditaelo tsa Morena.17 Gonne o ne a itse gore

    Jerusalema o tshwanetse gosenngwa, ka ntlha ya boleo jwabatho.

    18 Gonne bonang, ba gannemafoko a baporofiti. Ka jalo he,fa ntate a ka nna mo lefatshenga sena go laelwa go tshaba molefatsheng, bonang, le ene o tlanyelela. Ka jalo he, go tshwane-tse go tlhokega gore a tshabego tswa mo lefatsheng.

    19 Mme bonang, ke tlhalefo moModimong gore re tshwanetsere tseye dipego tse di kwadi-lweng tse, gore re ka somarelelabana ba rona puo ya borraarona;

    20 Mme gape gore re ka basomarelela mafoko a a builwengka molomo wa baporofiti botlheba ba boitshepho, a a tlisitswenggo bone ka Mowa le thata yaModimo, fa e sale lefatshe lesimologa, le go fitlhelela monakong e ya gompieno.

    21 Mme go ne ga diragala goreka fa mokgweng o wa puo ke neka kgona bakaulengwe ba me,gore ba ikanyege mo go tshege-tseng ditaelo tsa Modimo.

    22 Mme go ne ga diragala gorere ne ra ya kwa lefatsheng laboswa jwa rona, mme ra kgobo-kanya mmogo gauta ya rona, leselefera ya rona, le dilo tsa ronatsa botlhokwa.

    23 Mme morago ga re sena go

    kgobokanya dilo tse mmogo, rene ra ya kwa godimo gape kwantlong ya ga Labane.

    24 Mme go ne ga diragala gorere tsene kwa go Labane, mmera eletsa gore o ka re fa dipegotse di kwadilweng tse di nengdi gabilwe mo dipapetlanengtsa borase, ka re ne re tlaa moneela gauta ya rona, le seleferaya rona, le dilo tsotlhe tsa ronatsa botlhokwa.

    25 Mme go ne ga diragala gorefa Labane a bona dithoto tsarona, le gore di ne di le dikgolomo go feteletseng, o ne a ditswela pelo, mo e leng gore one a re kgoromeletsa kwa ntle,mme a romela batlhanka bagagwe go re bolaya, gore a tle atsee dithoto tsa rona.

    26 Mme go ne ga diragala gorere sie fa pele ga batlhanka ba gaLabane, mme re ne re tlamegago tlogela kwa morago dithototsa rona, mme di ne tsa welamo diatleng tsa ga Labane.

    27 Mme ga diragala gore retshabele mo nageng, mme ba-tlhanka ba ga Labane ba ne baseka ba re tshwara, mme raiphitlha mo teng ga legaga laletlapa.

    28 Mme go ne ga diragala goreLeimene o ne a ntenegetse, gapele ntate; ga mmogo le Lemuele,gonne o ne a obamela go mafo-ko a ga Leimene. Ka jalo he,Leimene le Lemuele ba ne babua mafoko a le mantsi a a bo-gale go rona, barwarrabo ba babotlana, mme ba ne ba re itayale ka thobane tota.

    29 Mme go ne ga diragala gorefa ba ntse ba re itaya ka thobane,

  • 1 Nifae 3:304:7 8

    bonang, moengele wa Morenaa tla a ema fa pele ga bone,mme a bua, le bone, a re: Ke engfa lo itaya morwarralona wammotlana ka thobane? A ga loitse gore Morena o mo tlhophilego nna mmusi godimo ga lona,mme se, ka ntlha ya boikepijwa lona? Bonang lo tlaa yagodimo kwa Jerusalema gape,mme Morena o tlaa tlisa Labanemo diatleng tsa lona.30 Mme morago ga moengele

    a sena go bua le rona, a tsamaya.31 Mme morago ga moengele

    a sena go tsamaya, Leimene leLemuele gape ba simolola gongunanguna, ba re: Go ka kgo-nega jang gore Morena o ka tlisaLabane mo diatleng tsa rona?Bonang, ke monna wa mogaka,mme o ka laola masome amatlhano, ee, mme e bile o kabolaya masome a matlhano;jaanong foo ka goreng e sengrona?

    KGAOLO 4

    Nifae o bolaya Labane ka taolo yaMorena mme o ba a tsaya dipape-tlana tsa borase ka leanonyanaSoramo o tlhopha go ikopanya leba lelwapa la ga Lihae mo nageng.E ka nna dingwaga di le 600 go yago dile 592 pele ga ga Keresete.

    Mme go ne ga diragala gore kebue go bakaulengwe ba me kere: A re yeng godimo gape kwaJerusalema, mme a re ikanye-geng mo go tshegetseng ditaelotsa Morena; gonne o mogologo feta lefatshe lotlhe, jaanongka goreng a se mogolo go feta

    Labane le masome a matlhanoa gagwe, ee, kgotsa le go fetamasome a a dikete a gagwe?

    2 Jalo he, a re yeng kwa godi-mo; a re nonofeng jaaka Moe;gonne ka boammaaruri o ne abua le metsi a Lewatle le Lehi-bidu mme a kgaoganela kafale kakwa, mme borraarona bakgabaganya go tswa mo bo-tshwarweng, mo lefatsheng lele omeletseng, mme batlhabaniba ga Farwe ba latela mmeba betwa ke metsi a Lewatle leLehibidu.

    3 Jaanong bonang lo itse gorese ke boammaaruri, mme lo itsegape gore moengele o buile lelona; ka jalo he, a lo ka belaela?A re yeng kwa godimo; More-na o kgona go re golola le jaakaborraarona tota, le go senyaLabane le jaaka Baegepeto tota.

    4 Jaanong fa ke sena go buamafoko a, ba ne ba ntse ba ga-ketse, mme ba nna ba tswelelaka go ngunanguna; le fa go ntsejalo ba ne ba ntshala morago gofitlhelela re tsena kwa ntle gadipota tsa Jerusalema.

    5 Mme e ne e le bosigo; mmeka dira gore ba iphitlhe kwantle ga dipota. Mme morago gaba sena go iphitlha, nna, Nifae,ka nanabelela mo teng ga motse,mme ka ya pele go ela kwantlong ya ga Labane.

    6 Mme ke ne ka etelelwa peleke Mowa, ke sa itse pele ga nakodilo tse ke neng ke tshwanetsego di dira.

    7 Le fa go ntse jalo, ka ya pele,mme fa ke tla gaufi le ntlo ya gaLabane ka bona monna, mme one a wetse fa fatshe fa pele ga

  • 9 1 Nifae 4:821

    me, gonne o ne a tagilwe kemofine.8 Mme fa ke tla kwa go ene ka

    bona gore e ne e le Labane.9 Mme ka bona thaka ya

    gagwe, mme ka e somola mokgwatlheng ya yone; mme ma-tshwaro a yone e ne e le a gautae e phepa, mme modiro wa yoneo ne o le montle mo go fetele-tseng, mme ka bona gore bogalejwa yone e ne e le jwa tshipi yabotlhokwatlhokwa.

    10 Mme go ne ga diragala goreke patikwe ke Mowa gore kebolaye Labane; mme ka re mopelong ya me: Le ka nako epega ke ise ke tsholole madi a mo-tho. Ka gonyela mme ke batlagore ke seka ka mmolaya.

    11 Mme Mowa wa re go nnagape: Bona, Morena o mo tsisi-tse mo diatleng tsa gago. Ee,mme gape ke ne ke itse gore one a kile a batla go tsaya bo-tshelo jwa me; ee, le gore o ne asa obamele ditaelo tsa Morena;mme e bile o ne a tsere dithototsa rona.

    12 Mme go ne ga diragala goreMowa wa re go nna gape:Mmolaye, gonne Morena o motsisitse mo diatleng tsa gago;

    13 Bonang, Morena o bolayabaleofi go tlisa pele maikaeleloa gagwe a tshiamo. Go botokagore motho a le mongwe a nye-lele go na le gore thaba yotlhee nyenyafale le go nyelela motlhoka tumelong.

    14 Mme jaanong, fa nna, Nifae,ke sena go utlwa mafoko a, kagakologelwa mafoko a Morenaa a buileng go nna mo nageng,a re: Go lekana le jaaka peo

    ya gago e tlaa tshegetsa ditaelotsa me, e tlaa tswelela mo lefa-tsheng la tsholofetso.

    15 Ee, ke ne gape ka akanyagore ga ba kake ba tshegetsaditaelo tsa Morena ka fa mola-ong wa ga Moe, fa e se ba kanna le molao.

    16 Mme ke ne gape ke itse goremolao o ne o gabilwe mo dipa-petlaneng tsa borase.

    17 Mme gape, ke ne ke itse goreMorena o tsisitse Labane modiatleng tsa me ka lebaka legore ke ka tla ka tsaya pego e ekwadilweng go ya ka fa ditae-long tsa gagwe.

    18 Jalo he ke ne ka obamelalentswe la Mowa, ka tsaya La-bane ka moriri wa tlhogo, mmeka kgaola tlhogo ya gagwe kathaka ya gagwe.

    19 Ya re morago ga ke kgaolatlhogo ya gagwe ka thaka yagagwe, ka tsaya diaparo tsa gaLabane mme ka di apara mommeleng wa me; ee, le karolwa-na nngwe le nngwe tota, mmeka itlama ka seaparo sa gagwesa ntwa mo dinokeng tsa me.

    20 Mme morago ga ke sena godira se, ka ya pele kwa letlolengla ga Labane. Mme jaaka ke yapele go ya kwa letloleng la gaLabane, bonang, ka bona mo-tlhanka wa ga Labane yo o nenga tshotse dilotlele tsa letlole.Mme ka mo laela ka lentswe laga Labane, gore a tsamaye lenna kwa letloleng.

    21 Mme a gopola gore nna kemong wa gagwe, Labane, gonneo ne a bona diaparo ga mmogole thaka e tlametswe mo no-keng ya me.

  • 1 Nifae 4:2236 10

    22 Mme a bua le nna ka gabagolwane ba Bajuta, ene a itsegore mong wa gagwe, Labane,o ne a dule bosigo a le garengga bone.

    23 Mme ka bua go ene jaaka ekete e ne e le Labane.

    24 Mme ka bua go ene gapegore ke tshwanetse go tsayamegabo, e e neng e le mo dipa-petlaneng tsa borase, go e isakwa go bakaulengwe ba me babatona, ba ba neng ba le kwantlega dipota.

    25 Mme gape ka mo laela gorea ntshale morago.

    26 Mme ene, a gopola goreke bua ka ga bakaulengwe bakereke, le gore ka boammaarurike ene Labane yoo yo ke mmo-laileng, ka jalo he o ne a ntshalamorago.

    27 Mme a bua le nna gantsi kaga bagolwane ba Bajuta, jaakake ya pele go bakaulengwe bame, ba ba neng ba le ka kwantlega dipota.

    28 Mme go ne ga diragala gorefa Leimene a mpona o ne atshogile mo go feteletseng, gammogo le Lemuele le Seme.Mme ba tshaba go tswa fa pelega me; gonne ba ne ba gopolagore e ne e le Labane, le gore ompolaile mme a batla go tsayamatshelo a bone le bone.

    29 Mme go ne ga diragala goreke bitse morago ga bone, mmeba nkutlwa; ka jalo he ba emisago tshaba go tswa fa pele ga me.

    30 Mme go ne ga diragala gorefa motlhanka wa ga Labane abona bakaulengwe ba me a si-molola go roroma, mme o ne ale gaufi le go tshaba fa pele ga

    me le go boele kwa motseng waJerusalema.

    31 Mme jaanong nna, Nifae, kele monna yo motona ka seemo,mme gape ke amogetse nonofoe kgolo ya Morena, jalo he kakapa motlhanka wa ga Labane,ka mo tshwara, gore a seka atshaba.

    32 Mme go ne ga diragala goreke bue le ene, gore fa a ka oba-mela mafoko a me, fela jaakaMorena a tshela, le jaaka nna ketshela, le tota jalo gore fa a kaobamela mafoko a rona, re tlaababalela botshelo jwa gagwe.

    33 Mme ka bua le ene, le kamaikano tota, gore o tlhoka gosa boifa; gore o tlaa nna mothoyo o gololesegileng jaaka rona,fa a ka tsamaya kwa tlase monageng le rona.

    34 Mme ke ne gape ka bua leene, ke re: Ka nnete, Morena ore laetse go dira selo se; mme are tshwanetse re se tlhoafalemo go tshegetseng ditaelo tsaMorena? Jalo he, fa o rata go yatlase mo nageng kwa go ntate,o tla a nna le bonno le rona.

    35 Mme go ne ga diragala goreSoramo o ne a tsaya kgothatsomo mafokong a ke neng ke abua. Jaanong Soramo e ne e leleina la motlhanka; mme o ne asolofetsa gore o tlaa ya kwa tlasemo nageng kwa go rraarona.Ee, mme o ne gape a dira mai-kano go rona gore o tlaa leta lerona go tswa nakong eo go yakwa pele.

    36 Jaanong re ne re eletsa goreo tla letela le rona ka lebaka le,gore Bajuta ba tle ba seka baitse ka go tshabela ga rona mo

  • 11 1 Nifae 4:375:9

    nageng, e sere kgotsa ba re latelemme ba re nyeletse.37 Mme go ne ga diragala gore

    fa Soramo a sena go dira mai-kano go rona, dipoifo tsa ronatsa fela ka ga gagwe.

    38 Mme go ne ga diragala gorere tseye dipapetlana tsa borasele motlhanka wa ga Labane,mme ra emelelela mo nageng,mme ra etela kwa tanteng ya garraarona.

    KGAOLO 5

    Saraya o ngongorega kgatlhanongle LihaeBoobabedi ba itumetseka go boa ga barwa ba boneBantsha ditlhabeloDipapetlana tsaborase di na le mekwalo ya ga Moele baporofitiDipapetlana di supaLihae e le kokomana ya ga JosefeLihae o porofita ka ga peo ya gagwele tshomarelo ya dipapetlana. E kanna dingwaga di le 600 go ya go dile 592 pele ga ga Keresete.

    Mme go ne ga diragala gorefa re sena go tla kwa tlase monageng go rraarona, bonang, one a tlala boitumelo, ga mmogole mme, Saraeya, o ne a itume-tse mo go feteletseng, gonne kaboammarauri o ne a hutsafetseka ntlha ya rona.

    2 Ka gonne o ne a gopotsegore re nyeletse mo nageng;mme o ne gape a setse a ngo-ngoregile kgatlhanong le ntate,a mmolelela gore ke monna wadipontsho; a re: Bona wena o rentshitse kwa lefatsheng la bo-swa jwa rona, mme barwaakaga ba sa tlhole ba le teng, mmere nyelela mo nageng.

    3 Mme morago ga puo e entseng jaana, mme o ne a ngo-ngoregile kgatlhanong le ntate.

    4 Mme go ne go diragetse gorentate a bue go ene, a re: Ke itsegore ke monna wa dipontsho;gonne fa ke ne ke sa bona dilotsa Modimo mo ponong ke kabo ke seka ka itse bomolemojwa Modimo, mme ka leta kwaJerusalema, mme ka nyelela lebakaulengwe ba me.

    5 Mme bona, ke amogetse le-fatshe la tsholofetso, mo dilongtse ke ipelang; ee, mme ke itsegore Morena o tlaa golola ba-rwaaka go tswa diatleng tsa gaLabane, le go ba tlisa tlase gapego rona mo nageng.

    6 Mme go ya ka puo e e ntsengjaana, ntate, Lihae, a gomotsamme, Saraeya, mabapi le rona,fa re ne re tsere loeto mo nagenggo ya godimo kwa lefatshengla Jerusalema, go tsaya pego e ekwadilweng ya Bajuta.

    7 Mme fa re sena go boela kwatanteng ya ga ntate, bonangboitumelo jwa bone bo ne botletse, e bile mme o ne a gomo-tsega.

    8 Mme a bua, a re: Jaanongke itse ka nnete gore Morena olaetse monna wa me go tshabelamo nageng; ee, mme gape keitse ka nnete gore Morena o si-releditse barwaaka, mme a bagolola go tswa mo diatleng tsaga Labane, mme a ba fa thata eka yone ba ka kgonang selo seMorena a neng a se ba laetse.Mme Morago ga puo e e ntsengjaana e o ne a bua.

    9 Mme go ne ga diragala goreba itumele mo go feteletseng,

  • 1 Nifae 5:1022 12

    mme ba ntsha setlhabelo ledikabelo tse di fisitsweng goMorena; mme ba naya ditebogogo Modimo wa Iseraele.10 Mme morago ga ba sena

    go fa ditebogo go Modimo waIseraele, ntate, Lihae, a tsayadipego tse di kwadilweng tsedi neng di gabilwe mo dipape-tlaneng tsa borase, mme a disekaseka go tswa kwa tshimo-logong.

    11 Mme o ne a bona gore di nedi na le dibuka tse tlhano tsa gaMoe, tse di neng di naya pegoka ga tlholego ya lefatshe, gammogo le ya ga Atame le Efa,ba e neng e le batsadi ba ronaba ntlha;

    12 Ga mmogo le pego e e kwa-dilweng ya Bajuta go tswa kwatshimologong, le go ya tlase totakwa tshimologong ya puso yaga Setekia, kgosi ya Juta;

    13 Ga mmogo le diporofito tsabaporofiti ba ba boitshepho, gotswa kwa tshimologong, le goya tlase tota kwa tshimologongya puso ya ga Setekia; ga mmo-go le diporofito di le dintsi tsedi builweng ka molomo wa gaJeremia.

    14 Mme go ne ga diragala gorentate, Lihae, gape a fitlhela modipapetlaneng tsa borase losikalwa borraagwe; ka jalo he a itsegore ke kokomana ya ga Josefe;ee, le ene tota Josefe, yo e nenge le morwa Jakobe yo o neng arekisiwa mo Egepeto, a ba ababalelwa ka seatla sa Morena,gore o ka tla a babalela rraa-gwe, Jakobe, le botlhe ba ntloya gagwe mo go nyeleleng katlala.

    15 Mme ba ne gape ba etelelwago tswa mo botshwarong le gotswa mo lefatsheng la Egepeto,ke ene Modimo yoo yo o neng aba babalela.

    16 Mme jalo ntate, Lihae, o nea lemoga losika lwa borraagwe.Le Labane gape e ne e le koko-mana ya ga Josefe, ka jalo he enele borraagwe ba ne ba tshegetsadipego tse di kwadilweng.

    17 Mme jaanong fa ntate abona dilo tse tsotlhe, o ne atladiwa ka Mowa, mme a simo-lola go porofita ka ga peo yagagwe

    18 Gore dipapetlana tse tsaborase di tlaa tsamaya pele godithaba tsotlhe, lotso, diteme,le batho ba e neng e le ba peo yagagwe.

    19 Ka jalo he, one a re dipape-tlana tse tsa borase di seka tsanyelela ka gope; le e seng goredi ka fifadiwa gape ke nako.Mme o ne a porofita dilo di ledintsi mabapi le peo ya gagwe.

    20 Mme go ne ga diragala gorego fitlha fa, nna le ntate re ne retshegeditse ditaelo tse ka tsoneMorena a neng a re laetse.

    21 Mme re ne re tsere dipegotse di kwadilweng tse Morenaa neng a di re laetse, mme ra disekaseka mme ra fitlhela gore dine di eletsega; ee, le tota tsa bo-tlhokwa jo bogolo mo go rona,ka jaana re ne re ka somareladitaelo tsa Morena go bana barona.

    22 Ka jalo he, e ne e le tlhalefomo Moreneng gore re di tsholele rona, fa re ne re tsamaya monageng go ya kwa lefatsheng latsholofetso.

  • 13 1 Nifae 6:17:3

    KGAOLO 6

    Nifae o kwala ka ga dilo tsa Modi-moMaikaelelo a ga Nifae ke godira batho go dumela go tla go Mo-dimo wa ga Aberahame, mme babolokwe. E ka nna dingwaga di le600 go ya go di le 592 pele ga gaKeresete.

    Mme jaanong, nna Nifae, ga keneye losika lwa borraarona mokarolong eno ya pego e e kwa-dilweng ya me; le fa e le kanako epe ga ke kitla ke e neelamorago ga dipapetlana tse kedi kwalang tse; gonne e neilwemo pegong e e kwadilweng e eneng e tshegeditswe ke ntate;ka jalo he, ga ke e kwale motirong e.

    2 Gonne go ntekane gore kebue gore re dikokomana tsa gaJosefe.

    3 Mme ga gore sepe mo go nnagore ke nne kelotlhoko go nayapego e e tletseng ka dilo tsotlhetsa ga ntate gonne di ka sekatsa kwalwa mo dipapetlanengtse, gonne ke eletsa phatlha yagore ke ka kwala ka ga dilo tsaModimo.

    4 Gonne botlalo jwa maikaeleloke gore ke ka tla ka dira bathogo dumela go tla go Modimowa ga Aberahame, le Modimowa ga Isake, le Modimo wa gaJakobe, mme ba bolokwe.

    5 Ka jalo he, dilo tse di itume-disang lefatshe ga ke di kwale,mme dilo tse di itumedisang goModimo le go bao ba e seng balefatshe.

    6 Ka jalo he, ke tlaa neela taelogo peo ya me, gore ba tle ba

    seka ba baya mo dipapetlanengtse dilo tse di senang mosola gobana ba batho.

    KGAOLO 7

    Barwa Lihae ba boela kwa Jerusa-lema mme ba laletsa Iemaele le bantlo ya gagwe go kopana le bonemo loetong lwa boneLeimene leba bangwe baa ingaolaNifae orotloetsa bakaulengwe ba gagwego nna le tumelo mo MorenengBa mo bofa ka dikgole, mme barulaganya tshenyo ya gagwe O gololwa ka thata ya tumeloBakaulengwe ba gagwe ba kopamaitshwareloLihae le lekoko lagagwe ba ntsha setlhabelo le dika-belo tse di fisitsweng. E ka nnadingwaga di le 600 go ya go dile592 pele ga ga Keresete.

    Mme jaanong ke kare lo ka itse,gore morago ga ntate, Lihae, asena go dira bokhutlo jwa goporofita ka ga peo ya gagwe,gone ga diragala gore Morena abue le ene gape, a re gone gosa tshwanela gore ene, Lihae, atseye lelwapa la gagwe go tsenamo nageng ba le nosi; mmegore barwawe ba tshwanetse gotsaya barwadi go nna basadi,gore ba ka tla ba emeletsa peogo Morena mo lefatsheng latsholofetso.

    2 Mme gone ga diragala goreMorena a mo laele gore nna,Nifae, le bakaulengwe ba me,re tshwanetse gape re boelekwa lefatsheng la Jerusalema,mme re tsise tlase Iemaele le balelwapa la gagwe mo nageng.

    3 Mme go ne ga diragala gore

  • 1 Nifae 7:415 14

    nna, Nifae, ke ne gape, le ba-kaulengwe ba me, ra ya pelemo nageng go ya godimo kwaJerusalema.4 Mme go ne ga diragala gore

    re ye godimo kwa ntlong ya gaIemaele, mme re ne ra bonathatlego mo matlhong a ga Ie-maele, mo re neng ra bua le enemafoko a Morena.

    5 Mme go ne ga diragala goreMorena a nolofatse pelo ya gaIemaele, ga mmogo le ba ntloya gagwe, mo e leng gore ba neba tsaya loeto lwa bone le ronago ya tlase mo nageng kwa tan-teng ya ga ntate.

    6 Mme go ne ga diragala gorefa re ntse re tsamaya mo nageng,bonang, Leimene le Lemuele lebarwadia Iemaele ba le babedile barwa Iemaele ba le bababedi le malwapa a bone, baingaola kgatlhanong le rona;ee, kgatlhanong le nna, Nifae,le Seme, le rraabo Iemaele, lemosadi wa gagwe, le barwadieba bangwe ba bararo.

    7 Mme go ne ga diragala mogo yone ingaolo eo, ba ne baeletsa go boela kwa lefatshengla Jerusalema.

    8 Mme jaanong nna, Nifae, keutlwisitswe botlhoko ke bothatajwa dipelo tsa bone, jalo heka bua le bone, ka re, ee, le goLeimene le go Lemuele tota:Bonang le bakaulengwe ba meba batona, mme go tla jang gorelo nne thata jaana mo dipelongtsa lona, le bofofu jaana momegopolong ya lona, gore letlhoka gore nna, morwarraalonayo mmotlana, ke bue le lona,ee, mme ke tswe sekai go lona?

    9 Go tla jang gore lo bo lo sekalwa obamela lefoko la Morena?

    10 Go tla jang gore lo bo lolebetse gore lo bonye moengelewa Morena?

    11 Ee, mme go tla jang gorelo bo lo lebetse dilo tse dikgolotse Morena a di re diretseng,mo go re gololeng go tswa modiatleng tsa ga Labane, le gore re kgone go tsaya pego e ekwadilweng?

    12 Ee, mme go tla jang gorelo bo lo lebetse gore Morena okgona go dira dilo tsotlhe ka fathatong ya gagwe, go bana babatho, fa e le gore ba dirisatumelo mo go ene? Ka jalo he, are ikanyegeng go ene.

    13 Mme fa go ka nna gore reikanyege mo go ene, re tlaa tsa-ya lefatshe la tsholofetso; mmelo tlaa itse mo sebakeng sengwese se tlang gore lefoko la More-na le tlaa diragatswa mabapi letshenyego ya Jerusalema; go-nne dilo tsotlhe tse Morena a dibuileng mabapi le tshenyegoya Jerusalema di tshwanetse godiragatswa.

    14 Mme bonang, Mowa waMorena o emisa ka bonako godira le bone; gonne bonang, baitatotse baporofiti, mme Jeremiaba mo latlhetse mo kgolegelong.Mme ba lekile go tsaya botshelojwa ga ntate, mo e leng goreba mo kgweeditse go tswa molefatsheng.

    15 Jaanong bonang, ka re golona gore fa le ka boela kwaJerusalema le lona lo tlaa nyelelale bone. Mme jaanong, fa le nale go itlhophela, yang kwa le-fatsheng, mme lo gakologelwe

  • 15 1 Nifae 7:168:1

    mafoko a ke a buang go lona,gore fa le tsamaya le lona lotlaa nyelela; gonne jalo Mowawa Morena o mpatelela gore kebue.16 Mme go ne ga diragala gore

    fa nna, Nifae, ke sena go buamafoko a go bakaulengwe bame, ba ne ba ntenegela. Mmego ne ga diragala gore ba beyediatla tsa bone mo go nna, go-nne bonang, ba ne ba gaketsego feta, mme ba ne ba mpofa kadikgole, gonne ba ne ba batlago tsaya botshelo jwa me, goreba tle ba ntlogele mo nageng gogaburwa ke dibatana.

    17 Mme go ne ga diragala goreka rapela go Morena, ke re: OMorena, go ya ka fa tumelongya me e e mo go wena, a o tlankgolola go tswa diatleng tsabakaulengwe ba me; ee, le gompha nonofo gore ke kgakga-molole dikgole tse ka tsone kebofilweng.

    18 Mme go ne ga diragala gorefa ke sena go bua mafoko a,bonang, dikgole di ne tsa bofo-loga go tswa mo diatleng tsame le dinao, mme ka ema fapele ga bakaulengwe ba me,mme ka bua le bone gape.

    19 Mme go ne ga diragala goreba ne ba nthakgaletse gape,mme ba leka go baya diatla mogo nna; mme bonang, mongwewa barwadia Iemaele, ee, gammogo le mmaagwe, le mo-ngwe wa barwa Iemaele, babua le bakaulengwe ba me, moba neng ba nolofatsa dipelo tsabone; mme ba emisa go leka gotsaya botshelo jwa me.

    20 Mme go ne ga diragala gore

    ba ne ba hutsafetse, ka ntlha yaboleo jwa bone, mo ba neng baobama fa pele ga me, mme bankopa gore ke ba itswharelemo selong se ba neng ba se dirilekgatlhanong le nna.

    21 Mme go ne ga diragala goreke ba itshwarele ka nnete tsotlhetse ba di dirileng, mme ke neka ba rotloetsa gore ba rapelego Morena Modimo wa bone gokopa maitshwarelo. Mme go nega diragala gore ba dire jalo.Mme morago ga ba sena godira go rapela go Morena re negape ra tsamaya mo loetong larona go ya ntlheng ya tante yaga ntate.

    22 Mme go ne ga diragala gorere tle tlase kwa tanteng ya gantate. Mme morago ga nna lebakaulengwe ba me le ba ntloya ga Iemaele botlhe re senago tla tlase fa tanteng ya gantate, ba ne ba naya ditebogogo Morena Modimo wa bone;mme ba mo ntshetsa ditlhabelole dikabelo tse di fisitsweng.

    KGAOLO 8

    Lihae o bona pono ya setlhare sabotshelo O ja leungo la sone,mme o eletsa ba lelwapa la gagwego ka dira jaloO bona thobaneya tshipi, tselana e e pitlaganeng etshesane, le mouwane wa lefifi o osirang bathoSaraeya, Nifae, leSeme ba ja leungo, mme Leimenele Lemuele ba a gana. E ka nnadingwaga di le 600 go ya go dile592 pele ga ga Keresete.

    Mme go ne ga diragala gorere ne re kgobokantse mmogo

  • 1 Nifae 8:215 16

    mekgwa yotlhe ya dipeo tsa me-futa yotlhe, mmogo tsa mabelea mefuta yotlhe, gape le dipeotsa maungo a mefuta yotlhe.2 Mme go ne ga diragala gore

    fa ntate a ntse a letile mo nagengo ne a bua le rona, a re: Bonang,ke lorile toro; kgotsa, ka mafokoa mangwe, ke bone pono.

    3 Mme bonang, ka ntlha ya selose ke se bonyeng, ke na le lebakala go itumela mo Moreneng kantlha ya ga Nifae ga mmogole ka ga Seme; gonne ke na lelebaka la go akanya gore bone,ga mmogo le bontsi jwa peo yabone, ba tlaa bolokwa.

    4 Mme bonang, Leimene leLemuele, ke boifa mo go fetele-tseng ka ntlha ya lona; gonnebonang, nna ka akanya gore kebonye mo torong ya me, naga ee lefifi e e boitshegang.

    5 Mme go ne ga diragala goreka bona monna, mme o ne aapere purapura e tshweu; mmeo ne a tla go ema fa pele ga me.

    6 Mme go ne ga diragala gorea bue le nna, mme a ntaletsagore ke mo sale morago.

    7 Mme go ne ga diragala gorejaaka fa ke ne ke mo setse mo-rago ke ne ka ipona gore ke neke le mo tatlhegong e e lefifi e eboitshegang.

    8 Mme morago ga ke sena gotsamaya sebaka sa dioura tsedintsi mo lefifing, ka simololago rapela go Morena gore a nnekutlwelobotlhoko mo go nna,go ya ka matshwititshwiti ma-utlwelobotlhoko a a bonolo agagwe.

    9 Mme go ne ga diragala mo-rago ga ke sena go rapela go

    Morena ka bona lebala le legolole le bophara.

    10 Mme go ne ga diragala goreke bone setlhare, se leungo lasone le neng le eletsega go diramongwe go itumela.

    11 Mme go ne ga diragala goreke ne ka ya pele mme ka ja leu-ngo la sone; mme ka bona gorele ne le le monate thata, godimoga otlhe a ke kileng ka a utlwa.Ee, ke ne ka bona gore leungola sone le ne le le lesweu, gofeta bosweu jotlhe jo ke kilengka bo bona.

    12 Mme fa ke e ja leungo lasone, le ne la tlatsa botho jwame ka boitumelo jo bogolo jo bofeteletseng; ka jalo he, ka simo-lola go eletsa gore ba lelwapa lame ba le je le bone; gonne ke neke itse gore le eletsega godimoga maungo a mangwe otlhe.

    13 Mme fa ke latlhela matlho ame mo tikologong, gore gongweke ka bona ba lelwapa la me lebone, ka bona noka ya metsi;mme e elela, mme e ne e legaufi le setlhare se ke neng ke eja leungo la sone.

    14 Mme ka leba go bona kwa eneng e tswa teng; mme ka bonatlhogo ya yone, sekgelenyanase se kae; mme kwa tlhogongya yone ka bona mmaalonaSaraeya, le Seme, le Nifae; mmeba eme jaaka e kete ba ne ba saitse gore ba ye kae.

    15 Mme go ne ga diragala goreke ba bitse ka letsogo; mme gapeka ba raya ka lentswe le le kwagodimo gore ba tle kwa go nna,mme ba je leungo, le le neng leeletsega godimo ga maungo amangwe otlhe.

  • 17 1 Nifae 8:1629

    16 Mme go ne ga diragala goreba ne ba tla go nna, mme ba a jaleungo le bone.

    17 Mme go ne ga diragala goreke ne ka eletsa gore Leimene leLemuele ba tle go ja leungo lebone; ka jalo he, ka latlhela ma-tlho a me go ya kwa tlhogongya noka gore gongwe ke ka babona.

    18 Mme go ne ga diragala goreke ba bone, mme ba ne ba sekaba tla kwa go nna go tla go jaleungo.

    19 Mme ka bona thobane yatshipi, mme e ne e tsamaya ebapisitse le letshitshi la noka,mme e isa kwa setlhareng se kasone ke neng ke eme.

    20 Mme ke ne gape ka bonatselana e e pitlaganeng e tshe-sane, e e neng e tla e bapile lethobane ya tshipi, le go ya kwasetlhareng se ka sone ke nengke eme; mme gape e ne e isakwa tlhogong ya motswedi, goya kwa lebaleng le legolo le lebophara, jaaka e kete e ne e lelefatshe.

    21 Mme ke ne ka bona ma-somosomo a a senang palo abatho, ba bontsi jwa bone baneng ba gatela pele, gore ba tleba bone tselana e e neng e isakwa setlhareng se ka sone keneng ke eme.

    22 Mme go ne ga diragala goreba ne ba tla pele, mme ba simo-lola mo tselaneng e e neng e isakwa setlhareng.

    23 Mme go ne ga diragala gorego tsoge mouwane wa lefifi;ee, le tota mouwane wa lefifi omogolo mo go feteletseng, moe leng gore ba ba neng ba simo-

    lotse mo tselaneng ba ne balatlhegelwa ke tsela ya bone,mo ba neng ba kailakaila, mmeba latlhega.

    24 Mme go ne ga diragala goreka bona ba bangwe ba gatelapele, mme ba tla pele le gotshwara phelelo ya thobane yatshipi; mme ba ne ba gatela pelego ralala mouwane wa lefifi,ba ngaparetse thobane ya tshipi,le go fitlhelela ba tla pele, ba boba a ja leungo la setlhare.

    25 Mme morago ga ba sena goja leungo la setlhare ba ne balatlhela matlho a bone mo tiko-logong jaaka e kete ba ne batlhabiwa ke ditlhong.

    26 Mme le nna ka latlhela ma-tlho a me mo tikologong, mmeka bona, kwa letlhakoreng lelengwe la noka ya metsi, kagoe kgolo e e bulegileng; mme ene e eme jaaka e kete e mo phe-fong, kwa godimo godimo galefatshe.

    27 Mme e ne e tletse ka batho,mmogo bagolo le bana, mmogobanna le basadi; mme mokgwawa bone wa go apara o ne ole montle mo go feteletseng;mme ba ne ba le mo maitsho-long a go sotla le go supamenwana ya bone kwa go ba baneng ba tsile kwa mme ba ne baa ja leungo.

    28 Mme morago ga ba sena goutlwa leungo ba ne ba tlhajwake ditlhong, ka ntlha ya bao baba neng ba ba sotla; mme bawela go sele mo tselaneng tse diileditsweng mme ba latlhega.

    29 Mme jaanong nna, Nifae,ga ke bue mafoko otlhe a gantate.

  • 1 Nifae 8:309:2 18

    30 Mme, go nna mokhutshwa-ne mo go kwaleng, bonang, abona boidiidi jo bongwe bogatela pele; mme ba ne ba tlamme ba tshwara phelelo yathobane ya tshipi; mme ba ne bagatela tsela ya bone kwa pele,ba tsweletse ba itshwareletse kathobane ya tshipi, go fitlhelelaba tla pele, le go wela fatshe,mme ba a ja leungo la setlhare.

    31 Mme o ne gape a bonamatshwititshwiti a mangwe alekela tsela ya bone go ya kwakagong eo e kgolo e e sephara.

    32 Mme go ne ga diragala gorebontsi bo ne jwa betwe ke metsimo boteng jwa motswedi; mmebontsi bone jwa timela mo po-nong ya gagwe, jwa kaila moditseleng tse di sa itsiweng.

    33 Mme bogolo e ne e le ma-tshwititshwiti a a neng a tsenamo kagong eo e e sa tlwaelese-gang. Mme fa ba sena go tsenamo kagong eo, ba ne ba supamonwana wa tshotlo kwa gonna le bao ba ba neng ba aja leungo; mme ra seka ra batlhokomela.

    34 A ke mafoko a ga ntate:Gonne bontsi jotlhe jo bo nengjwa ba reetsa, ba ne ba wela kwathoko.

    35 Mme Leimene le Lemueleba ne ba seka ba ja leungo, gabua ntate.

    36 Mme go ne ga diragala goremorago ga ntate a sena go buamafoko otlhe a toro ya gagwekgotsa pono, a a neng a le man-tsi, a re go rona, ka ntlha ya dilotse tse a di bonyeng mo ponong,o boifela mo go feteletseng Lei-mene le Lemuele; ee, o ne a boifa

    e sere kgotsa ba latlhwe go tswafa bonnong jwa Morena.

    37 Mme o ne a ba rotloetsa jaa-nong foo ka maikutlo otlhe amotsadi yo o bonolo, gore baobamele mafoko a gagwe, goregongwe Morena o ka ba utlwe-la botlhoko, mme a seke a balatlhe; ee, ntate o ne a ba rerela.

    38 Mme morago ga a sena goba rerela, ga mmogo le go poro-fita go bone dilo di le dintsi, o nea ba laletsa go tshegetse ditaelotsa Morena; mme a emisa gobua le bone.

    KGAOLO 9

    Nifae o dira ditlhopha tse pedi tsadipego tse di kwadilwengNngwele nngwe e bidiwa dipapetlana tsaga NifaeDipapetlana tse dikgo-lwane di na le ditso tsa lefatshe;tse dipotlana di dira bogolo jang ledilo tse di boitshepho. E ka nnadingwaga di le 600 go ya go dile592 pele ga ga Keresete.

    Mme dilo tse tsotlhe ntate o ne adi bona, le go di utlwa, le go dibua, fa a ne a nna mo tanteng,mo mokgatsheng wa Lemuele,ga mmogo le dilo tse dintsi mogogolo go feta, tse di ka sekengtsa kwalwa mo dipapetlanengtse.

    2 Mme jaanong, jaaka fa kebuile mabapi le dipapetlana tse,bonang ga se dipapetlana tsemo go tsone ke dirang pego e etletseng ka ga ditso tsa bathoba gaetsho; gonne dipapetlanatse mo go tsone ke dirang pegoe e tletseng ya batho ba gaetshoke di file leina la ga Nifae; ka

  • 19 1 Nifae 9:310:4

    jalo he, di bidiwa dipapetlanatsa ga Nifae, morago ga leinala me; mme dipapetlana tse letsone di bidiwa dipapetlana tsaga Nifae.3 Le fa go ntse jalo, ke amoge-

    tse taelo ya Morena gore ke diredipapetlana tse, ka maikaeleloa a kgethegileng gore di tle dinne pego e e gabilweng ya tireloya batho ba gaetsho.

    4 Mo dipapetlaneng tse di-ngwe go tshwanetse go gabiwapego ya puso ya dikgosi, ledintwa le dikomano tsa bathoba gaetsho; ka jalo he tse dipa-petlana ke tsa karolo e tonaya tirelo; mme dipapetlana tsedingwe ke tsa karolo e tona yapuso ya dikgosi le dintwa ledikomano tsa batho ba gaetsho.

    5 Ka jalo he, Morena o ntaetsego dira dipapetlana tse ka mai-kaelelo a tlhalefo mo go ene,maikaelelo a ke sa a itseng.

    6 Mme Morena o itse dilo tso-tlhe go tswa kwa tshimologong;ka jalo he, o baakanya tsela gokgona ditiro tsotlhe tsa gagwegareng ga bana ba batho; gonnebonang, o na le thata yotlhemo go diragatseng mafoko otlhea gagwe. Mme go ntse jalo.Amene.

    KGAOLO 10

    Lihae o bolelela-pele gore Bajutaba tlaa tsewa botshwarwa ke baBabiloneO bolela ka ga go tlagareng ga Bajuta ga ga Mesia,Mmoloki, Morekolodi Lihae obolela gape ka ga go tla ga yo o tlaakolobetsang Kwanyana ya Modimo

    Lihae o bua ka loso le tsogo yaMesiaO tshwantsha phatlalalole kgobokanyo ya Iseraele le setlha-re sa motlhwareNifae o bua kaga Morwa Modimo, ka ga mpho yaMowa o o Boitshepho, le ka gabotlhokwa jwa tshiamo. E ka nnadingwaga di le 600 go ya go dile592 pele ga ga Keresete.

    Mme jaanong nna, Nifae, ketswelela ka go fa pego mo dipa-petlaneng tse ka ditiragalo tsame, le puso ya me le tirelo; kajalo he, go tswelela ka pegoya me, ke tshwanetse go bua kaselekanyo sengwe ka ga dilo tsaga ntate, gape le ka tsa bakaule-ngwe ba me.

    2 Mme bonang, go ne ga dira-gala gore morago ga ntate a senago dira bokhutlo jwa go buamafoko a toro ya gagwe, gapele go ba rotloetsa go tlhoafaloyotlhe, o ne a bua le bone ma-bapi le Bajuta

    3 Gore morago ga ba sena gosenngwa, le tota motse oo omogolo Jerusalema, mme bon-tsi bo tseelwe botshwarwa kwaBabilone, go ya ka fa nakonge e beilweng ke Morena, batshwanetse go boa gape, ee, lego busetswa morago go tswamo botshwarweng; mme faba sena go busetswa morago gotswa mo botshwarweng batshwanetse go tsaya gape lefa-tshe la boswa jwa bone.

    4 Ee, le tota dingwaga di lemakgolo a le marataro go tswaka nako e ntate a neng a tswakwa Jerusalema, moporofiti Mo-rena Modimo o tlaa mo emeletsagareng ga Bajutale tota Mesia,

  • 1 Nifae 10:515 20

    kgotsa, ka mafoko a mangwe,Mmoloki wa lefatshe.5 Mme o ne gape a bua ka ga

    baporofiti, ke palo e kgolo jange e pakileng ka dilo tse, ka gaMesia yo, yo ka ga ene a neng abuile, kgotsa Morekolodi yowa lefatshe.

    6 Ka jalo he, losika lwa motholotlhe ba ne ba le mo seemongsa tatlhego le sa go wa, mme goka nna jalo, fa e se go ikanyaMorekolodi yo.

    7 Mme gape o ne a bua ka gamoporofiti yo o neng a tshwane-tse go tla pele ga ga Mesia, gobaakanya tsela ya Morena

    8 Ee, le tota o tlaa ya pele, le gokua mo nageng: Baakanyangtsela ya Morena, mme lo tlha-malatse ditselana tsa gagwe;gonne go eme mongwe garengga lona yo lo sa mo itseng; mmeo mogolo go feta nna, yo kgoleya setlhako sa gagwe ke sa le-kanang go e bofolola. Mme gole go ntsi go buile ntate ka gaselo se.

    9 Mme ntate o ne a re o tshwa-netse go kolobetsa mo Befeba-ra, go feta Joretane; mme o negape a re o tshwanetse go kolo-betsa ka metsi; le tota gore otshwanetse a kolobetse Mesiaka metsi.

    10 Mme morago ga a sena gokolobetsa Mesia ka metsi, o tlaabona mme a nee bopaki goreo kolobeditse Kwanyana yaModimo, yo o tlaa tsayang dibetsa lefatshe.

    11 Mme go ne ga diragala goremorago ga ntate a sena go buamafoko a a bua le bakaulengweba me ka ga efangele e e neng e

    tshwanetse go rerwa mo garega Bajuta, gape le mabapi le gonyenyafala ga Bajuta mo tlhokatumelong. Mme morago ga basena go bolaya Mesia, yo o tlaatlang, mme morago ga a sena gobolawa o tlaa tsoga mo baswing,mme a itshupe, ka Mowa o oBoitshepho, go Badithaba.

    12 Ee, le tota ntate o ne a buathata ka ga Badithaba, le ka gantlo ya Iseraele, gore ba tshwa-netse ba tshwantshiwe le setlha-re sa motlhware, se dikala tsasone di tshwanetseng go robiwale go phatlaladiwa mo sefa-tlhogong sotlhe sa lefatshe.

    13 Ka jalo he, o ne a re gotlhokega gore re tshwanetse reetelelwe pele ka maikaelelo a lemangwe go tsena mo lefatshengla tsholofetso, mo go diraga-tseng lefoko la Morena, gore reaname mo sefatlhong sotlhe salefatshe.

    14 Mme morago ga ntlo yaIseraele e sena go phatlaladiwaba tshwanetse go phuthiwagape; kgotsa, mo tshobolokong,morago ga Badithaba ba senago amogela botlalo jwa Efangele,dikala tsa tlholego tsa setlharesa motlhware, kgotsa masalelaa ntlo ya Iseraele, ba tshwane-tse go lomelelwa, kgotsa go tlamo kitsong ya Mesia wa boa-mmaaruri, Morena wa bone leMorekolodi wa bone.

    15 Mme morago ga mokgwa owa puo ntate a porofita a ba abua le bakaulengwe ba me, gapele ka dilo di le dintsi go feta tseke sa di kwaleng mo bukeng e;gonne ke kwadile bontsi jwatsone jaaka gone go tlhokega

  • 21 1 Nifae 10:1611:1

    mo go nna mo bukeng e nngweya me.16 Mme dilo tse tsotlhe, tse

    ka tsone ke buileng, di dirilwefa ntate a nna mo tanteng, momokgatsheng wa Lemuele.

    17 Mme go ne ga diragala mo-rago ga nna, Nifae, ke utlwilemafoko otlhe a ga ntate, mabapile dilo tse a neng a di bona moponong, ga mmogo le dilo tse aneng a di bua ka thata ya Mowao o Boitshepho, thata e a eamogetseng ka tumelo mo goMorwa Modimomme MorwaModimo e ne e le Mesia yo otlaa tlangnna, Nifae, ke ne kaeletsa gape gore ke ka bona, lego utlwa, le go itse ka dilo tse,ka thata ya Mowa o o Boitshe-pho, o e leng mpho ya Modimogo botlhe ba ba mmatlang katlhoafalo, le jaaka mo dinakongtsa kgale le jaaka mo nakong eoe a tshwanetseng go itshupamo baneng ba batho.

    18 Gonne o a tshwana maaba-ne, tsatsi leno, le ka metlha; mmetsela e baakanyeditswe bathobotlhe go tswa kwa motheongwa lefatshe, fa e le gore ba kaikotlhaya mme ba tla go ene.

    19 Gonne yo ka tlhoafalo abatlang o tlaa bona; mme ma-saitseweng a Modimo a tlaararabololwa go bone, ka thataya Mowa o o Boitshepho, felajalo mo dinakong tseno jaakamo dinakong tsa kgale, le felajaaka mo dinakong tsa kgalejaaka mo dinakong tse di tlang;ka jalo he, tsela ya Morena ketikologo e le ngwe ya bosakhu-tleng.

    20 Jalo he gakologelwa, O

    motho, gonne ka ditiro tsotlhetsa gago, o tlaa tlisiwa mokatlholong.

    21 Ka jalo he, fa e le gore obatlile go dira boleo mo mala-tsing a tekeletso ya gago, mmeo fitlhelwa o se phepa fa pelega setilo sa katlholo sa Modimo;mme ga go selo sepe se se sengphepa se se ka nnang le Modi-mo; ka jalo he, o tlaa tshwane-lwa ke go latlhiwa ka metlha.

    22 Mme Mowa o o Boitshephoo naya taolo gore ke bue dilotse, mme ke se di lobe.

    KGAOLO 11

    Nifae o bona Mowa wa Morenamme o bontshiwa mo ponong se-tlhare sa botsheloO bona mmaa-gwe Morwa Modimo mme o ithutaka ga boingotlo jwa ModimoObona kolobetso, tirelo, le papolo yaKwanyana ya ModimoO bonagape pitso le tirelo ya baaposetoleba ba lesome le metso e mebedi baKwanyana. E ka nna dingwaga dile 600 go ya go di le 592 pele ga gaKeresete.

    Gonne go ne ga diragala mora-go ga ke sena go eletsa go itsedilo tse ntate a neng a di bonye,mme ke dumela gore Morena one a ka kgona go di dira gore diitsege go nna, fa ke ntse fatsheke akanya ka kelelelo mo pe-long ya me, ke ne ka tseelwake Mowa wa Morena, ee, kwathabeng e e kwa godimo mo gofeteletseng, e ke neng ke ise kee bone pele, mme e mo go yoneke neng ke ise pele ke beyelenao la me.

  • 1 Nifae 11:218 22

    2 Mme Mowa wa re go nna:Bona, o eletsa eng?

    3 Mme ka re: Ke eletsa go bonadilo tse ntate a di bonyeng.

    4 Mme Mowa wa re go nna: Ao dumela gore rrago o bonyesetlhare se a buileng ka ga sone?

    5 Mme ka re: Ee, o itse goreke dumela mafoko otlhe a gantate.

    6 Mme fa ke sena go bua ma-foko a, Mowa o ne wa goa kalentswe le le kwa godimo, wa re:Hosana go Morena, Modimo oo kwa godimodimo; gonne keModimo godimo ga lefatshelotlhe, ee, le godimo ga tsotlhe.Mme go segofaditswe wena,Nifae, gonne o dumela mo goMorwa Modimo yo o kwa go-dimodimo; ka jalo he, o tlaabona dilo tse o di eleditseng.

    7 Mme bona selo se se tlaanewa go wena go nna sesupo,gore morago ga o bona setlharese se ungwileng leungo le rragoa le utlwileng, o tlaa bona gapemonna a fologa a tswa mo lego-dimong, mme ene o tlaa mmo-na; mme morago ga o sena gommona o tlaa naya bosupi goreke Morwa Modimo.

    8 Mme go ne ga diragala goreMowa wa re go nna: Leba! Mmeka leba mme ka bona setlhare;mme se ne se tshwana le setlha-re se ntate a neng a se bone;mme bontle jwa sone bo ne bogaisa, ee, bo feta bontle jotlhe;mme bosweu jwa sone bo nebo feta bosweu jwa kapoko e egopilweng.

    9 Mme go ne ga diragala goremorago ga ke sena go bona se-tlhare, ka re go Mowa: Ke bona

    gore o mpontshitse setlhare sese botlhokwa godimo ga tsotlhe.

    10 Mme a re go nna: O eletsaeng?

    11 Mme ka re go ene: Go itsetlhaloso ya sonegonne ke neka bua nae jaaka monna a bua;gonne ke ne ke bona gore o ne ale mo setshwanong sa monna;mme le fa go ntse jalo, ke neke itse gore e ne e le Mowawa Morena; mme o ne a bua lenna jaaka monna a bua le yomongwe.

    12 Mme go ne ga diragala goreo ne a re go nna: Leba! Mme kaleba jaaka e kete ke leba mo goene, mme ka seka ka mmona;gonne o ne a tsamaile go tswafa pele ga me.

    13 Mme go ne ga diragala goreke lebe, mme ka bona motseo mogolo wa Jerusalema, gammogo le metse e mengwe.Mme ka bona motse wa Nasa-retha; mme mo motseng waNasaretha, ke ne ka bona kga-rejwana; mme a le montle e bilea tlhatswegile mo go feteletseng.

    14 Mme go ne ga diragala goreke bone magodimo a bulega;mme moengele a fologa a tla goema fa pele ga me; mme a re gonna: Nifae, o bonang?

    15 Mme ka re go ene: Lekgare-jwana, le lentle thata le boswa-ana godimo go makgarejwanea mangwe otlhe.

    16 Mme a re go nna: A o itseboingotlo jwa Modimo?

    17 Mme ka re go ene: Ke itsegore o rata bana ba gagwe; le fago ntse jalo, ga ke itse tlhalosoya dilo tsotlhe.

    18 Mme a re go nna: Bona,

  • 23 1 Nifae 11:1931

    lekgarejwana le o le bonangke mmaagwe Morwa Modimo,morago ga mokgwa wa nama.19 Mme go ne ga diragala gore

    ke bone gore o ne a tserwe moMoweng; mme morago ga asena go tsewa mo Moweng se-baka sa nako, moengele a buale nna, a re: Leba!

    20 Mme ka leba mme ka bonalekgarejwana gape, le tshotsengwana mo matsogong a lone.

    21 Mme moengele a re go nna:Bona Kwanyana ya Modimo,ee, le tota Morwa Rara waBosakhutleng! A o itse tlhalosoya setlhare se rrago a neng a sebona?

    22 Mme ka mo araba, ka re:Ee, ke lorato la Modimo, lo loitshololelang kwa ntle mo dipe-long tsa bana ba batho; ka jalohe, ke lo lo eletsegang godimoga dilo tsotlhe.

    23 Mme o ne a bua le nna, a re:Ee, mme lo lo itumedisang thatamo bothong.

    24 Mme morago ga a sena gobua mafoko a, o ne a re go nna:Leba! Mme ka leba, mme kabona Morwa Modimo a tsamayagareng ga bana ba batho; mmeka bona bontsi bo wela fa dina-ong tsa gagwe bo mo obamela.

    25 Mme go ne ga diragala goreke bone gore thobane ya tshipi,e ntate a neng a e bonye, e ne ele lefoko la Modimo, le le isangkwa motsweding wa metsi a atshelang, kgotsa kwa setlharengsa botshelo; metsi a a nenga emetse lorato lwa Modimo;mme ke ne ka bona gape goresetlhare sa botshelo se ne seemetse lorato lwa Modimo.

    26 Mme moengele a re go nnagape: Leba mme o bone boi-ngotlo jwa Modimo!

    27 Mme ka leba mme ka bonaMorekolodi wa lefatshe, yontate a neng a buile ka ga ga-gwe; mme ke ne gape ka bonamoporofiti yo o tlaa baakanyangtsela fa pele ga gagwe. MmeKwanyana ya Modimo ya yapele mme ya kolobediwa ke ene;mme fa a sena go kolobediwa,ke ne ka bona magodimo a bu-lega, mme Mowa o o Boitshephoo fologa go tswa mo legodi-mong mme o nna mo go ene mosebopegong sa lephoi.

    28 Mme ke ne ka bona gore one a ya pele a direla go batho,ka thata le kgalalelo e kgolo;mme matshwititshwiti a ne aphuthegile mmogo go mo utlwa;mme ke ne ka bona gore ba neba mo ntshetsa kwa ntle go tswagareng ga bone.

    29 Mme ke ne ka bona gapeba le lesome le metso e mebediba bangwe ba mo setse morago.Mme go ne ga diragala gore batsewe mo Moweng go tswa fapele ga sefatlhogo sa me, mmeka seka ka ba bona.

    30 Mme go ne ga diragala goremoengele a bue le nna gape, are: Leba! Mme ka leba, mme kabona magodimo a bulega gape,mme ka bona baengele ba folo-gela mo baneng ba batho; mmeba ne ba direla go bone.

    31 Mme o ne a bua le nna gape,a re: Leba! Mme ka leba, mmeka bona Kwanyana ya Modimoe tsamaya gareng ga bana babatho. Mme ke ne ka bonamatshwititshwiti a batho ba ba

  • 1 Nifae 11:3212:2 24

    neng ba lwala, le ba ba neng babogisiwa ke malwetse a mefutae e farologanyeng, le ba ba nangle bodiabole le mewa e e maswe;mme moengele o ne a bua mmea mpontsha dilo tse tsotlhe.Mme ba ne ba fodisiwa ka thataya Kwanyana ya Modimo; mmebodiabole le mewa e e maswedi ne tsa kgophelwa kwa ntle.32 Mme go ne ga diragala gore

    moengele a bue le nna gape, are: Leba! Mme ka leba mme kabona Kwanyana ya Modimo,gore o ne a tsewa ke batho; ee,Morwa Modimo o o senangbokhutlo o ne a atlholwa ke le-fatshe; mme ka bona e bile kenaya bosupi.

    33 Mme nna, Nifae, ka bonagore o ne a tsholelediwa mosefapaanong mme a bolaelwadibe tsa lefatshe.

    34 Mme morago ga a senago bolaiwa ka bona matshwiti-tshwiti a lefatshe, gore ba neba kgobokane mmogo go lwakgatlhonong le baaposetole baKwanyana; gonne jalo ba ba le-some le bobedi ba ne ba bidiwake moengele wa Morena.

    35 Mme matshwititshwiti alefatshe a ne a kgobokanyemmogo; mme ka bona gapegore ba ne ba le mo kagong ekgolo e e bulegileng, e e tshwa-nang le kago e ntate a nenga e bona. Mme moengele waMorena a bua le nna gape, a re:Bona lefatshe le tlhalefo ya lone;ee, bona ntlo ya Iseraele e kgo-bokane mmogo go tla go lwakgatlhanong le baaposetole baba lesome le metso e mebediba Kwanyana.

    36 Mme go ne ga diragala goreka bona le go naya bosupi, gorekago e kgolo e e bulegileng e nee le boikgogomoso jwa lefatshe;mme e ne ya wa, mme go wa gayone e ne e le mo gogolo mo gofeteletseng. Mme moengele waMorena a bua le nna, gape, a re:Jalo e tlaa nna tshenyego yadithaba tsotlhe, lotso, diteme,le batho, ba ba tlaa lwang kga-tlhanong le baaposetole ba balesome le metso e mebedi baKwanyana.

    KGAOLO 12

    Nifae o bona mo ponong lefatshela tsholofetso; tshiamo, boikepi,le go wa ga banni ba lone; go tlaga Kwanyana ya Modimo garengga bone; ka fa Barutwana ba baLesome le Metso e Mebedi le Baa-posetole ba ba Lesome le Metso eMebedi ba tlaa atlholang Iseraele;seemo se se ilwang se se leswe sabao ba ba nyenyafalang mo tlhokatumelong. E ka nna dingwaga di le600 go ya go di le 592 pele ga gaKeresete.

    Mme go ne ga diragala goremoengele a re go nna: Leba,mme o bone peo ya gago, gammogo le peo ya bakaulengweba gago. Mme ka leba mme kabona lefatshe la tsholofetso;mme ka bona matshwititshwitia batho, ee, le jaaka gone gontse ka palo bontsi jo bo jaakamotlhaba wa lewatle.

    2 Mme go ne ga diragalagore ke bone matshwititshwitia kgobokane mmogo go lwa,mongwe kgatlhanong le yo

  • 25 1 Nifae 12:314

    mongwe; mme ka bona dintwa,le menahune ya dintwa, le dipo-lao tse di kgolo ka thaka garengga batho ba me.3 Mme go ne ga diragala gore

    ke bone ditshika tse dintsi difeta, ka mokgwa wa dintwa ledikomano mo lefatsheng; mmeka bona metse e mentsi, ee, lemo ke neng ka seka ka e bala.

    4 Mme go ne ga diragala goreke bone mouwane wa lefifimo sefatlhogong sa lefatshe latsholofetso; mme ka bona di-kgadima, mme ka utlwa ditladi,le thoromo tsa lefatshe, lemefuta yotlhe ya medumo yadipheretlhego; mme ka bonalefatshe le mafika, gore di athubagane; mme ka bona di-thaba di phatlogana ditokitoki;mme ka bona maboa a lefatshe,gore a ne a phatlogile; mme kabona metse e le mentsi gore e nee nwetse; mme ka bona bontsigore bo ne bo fisitswe ka molelo;mme ka bona bontsi jo bo nengjwa wela mo lefatsheng, ka ntlhaya thoromo ya lone.

    5 Mme go ne ga diragala mora-go ga ke bona dilo tse, ka bonalooto la lefifi, gore le ne le fetago tswa mo sefatlhogong sa le-fatshe; mme bonang, ka bonamatshwititswiti a a neng a sawa ka ntlha ya dikatlholo tsedikgolo tse di boitshegang tsaMorena.

    6 Mme ka bona magodimo abulega, le Kwanyana ya Modi-mo e fologa go tswa legodi-mong; mme a tla tlase mme aitshupa go bone.

    7 Mme gape ke bone e bileke fa bosupi gore Mowa o o

    Boitshepho o ne wa fologela mogo ba bangwe ba ba lesome lemetso e mebedi; mme ba ne batlhomilwe ke Modimo, le gotlhophiwa.

    8 Mme moengele a bua le nna,a re: Bona barutwana ba ba leso-me le bobedi ba Kwanyana, baba tlhophilweng go direla gopeo ya gago.

    9 Mme a re go nna: O gakolo-gelwa baaposetole ba ba lesomele bobedi ba Kwanyana? Bonake bone ba ba tlaa atlholangmerafe e e lesome le bobedi yaIseraele; ka jalo he, badiredi baba lesome le bobedi ba peo yagago ba tlaa atlholwa ke bone;gonne o wa ntlo ya Iseraele.

    10 Mme badiredi ba ba lesomele bobedi ba ba o ba bonang batlaa atlhola peo ya gago. Mme,bona, ba siame ka metlha yotlhe;gonne ka ntlha ya tumelo yabone mo Kwanyaneng ya Modi-mo, diaparo tsa bone di dirilweditshweu mo mading a gagwe.

    11 Mme moengele a re go nna:Leba! Mme ka leba, mme kabona tshika tse tharo di feta katshiamo; mme diaparo tsa bonedi ne di le ditshweu le jaakaKwanyana ya Modimo. Mmemoengele a re go nna: Ba badirilwe bosweu mo mading aKwanyana, ka ntlha ya tumeloya bone mo go ene.

    12 Mme nna, Nifae, gape kabona bontsi jwa ba tshika yabone ba ba neng ba feta ka tshi-amo.

    13 Mme go ne ga diragala goreke bone matshwititswiti a lefa-tshe a kgobokanye mmogo.

    14 Mme moengele a re go nna:

  • 1 Nifae 12:1513:1 26

    Bona peo ya gago, ga mmogo lepeo ya bakaulengwe ba gago.15 Mme go ne ga diragala gore

    ka leba mme ka bone batho bapeo ya me ba kgobokanye mmo-go ka matshwititshwiti kgatlha-nong le peo ya bakaulengwe bame; mme ba ne ba kgobokanetsemmogo go lwa.